Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
03 / 12Dithero tsa 1897

Mowa wa Boporofeti. – No. 2

Alonzo Trevier Jones

TAM1897 D 21.2Thero e e neetsweng ka Laboraro mo mosong, Tlhakole 10, 1897 E gatisitswe mo General Conference Daily Bulletin, Tlhakole 15, 1897, Bol. 1, No. 2, ditsebe 21-22.

TAM1897 D 21.3SE se latelang ke kakaretso fela ya mafoko a ga Moruti Jones. Ka ntlha ya gore ba le bantsi ba gorogile morago ga phuthego e e fetileng, go ne go tlhokega gore go dirisiwe nako e ntsi go boeletsa dintlha tse di neng tsa buiwa ka letsatsi le le fetileng. Mo godimo ga se, sebui se boletse gore bothata jwa rona jaaka setšhaba ga se gore ga re dumele ka leina fela gore Dipako di tswa kwa Modimong; mme se re tlhokang go se itse ke gore re ka di dumela jang. Fa e le gore tsela e le nosi e re nang le yone ya go supa tumelo ya rona mo Dipakong ke ka go bolelela batho fela gore re a di dumela, tumelo ya rona ga e reye sepe. Ka jalo re bula tsela gore batho ba belaele boammaaruri jwa tumelo ya rona. Fa tota re dumela Dipako, ga re na go tlhoka go bolelela batho jalo. Matshelo a rona a tla nna bosupi jwa tumelo e e leng mo go rona.

TAM1897 D 21.4Go na le go fapoga mo Modimong, mme tempele e tlhoka go phepafadiwa fela jaaka e ne e tlhoka mo metlheng ya bogologolo kwa Jerusalema. Re tlisitswe mo seemong se ka go tlhokomologa Dipako tsa Mowa wa Modimo. Mme bontsi jwa ba ba di tlhokomologileng ba ne ba di dumela, mme ka nako eo ba ne ba tshotse Dipako tseo mo diatleng tsa bone, mme ba ne ba sa akanye gore ba a di tlhokomologa. Ka jalo, se re batlang go se itse ke gore re ka di tsaya jang Dipako tsa Mowa.

TAM1897 D 21.5Mme ga re a tshwanela go akanya le fa e le ka motsotswana, fa bosupi bo neelwa, mme go umakwa motho, gore Modimo o tlhasela motho yoo go mo senya. Maikaelelo a Morena ke go mo kgaoganya le diphoso tse di mo gobolang le go kgoreletsa tiro ya Modimo. Ke go boloka motho le go senya phoso. Modimo ga a ka ke a senya kgotsa go atlhola motho fa e se fela gore o amane ka go sa kgaoganeng le boleo. Fa motho yo a retologa mo tseleng ya gagwe e e phoso, a amogela bosupi, mme a ipaakanya fa pele ga Modimo, ga a tlhole a le mo maemong a bosupi bo neng bo mo fitlhela a le mo go one. Bosupi joo bo ka dirisiwa jaanong go tlhagisa ba bangwe, mme ga bo a tshwanela go dirisiwa le ka motlha go atlhola motho yo o lemogileng phoso ya gagwe.

TAM1897 D 21.6Tsela ya Modimo ke go dira motho sengwe se e seng ene; go naya motho sengwe se a se nang sone. Ga re ka ke ra dirisa Dipako mo go ba bangwe. Nnyaa, le e seng mo go rona ka borona go tswa kwa ntle. Re tshwanetse go bula dipelo tsa rona go Modimo, go amogela bosupi, gore Morena a jale molaomotheo wa bomodimo, a re neye se re se nang sone, a re dire se re seng sone, mme ka jalo ene ka Mowa wa gagwe o o Boitshepo a diragatse bosupi jono tota. Foo go tla tlhagelela mo matshelong a rona, go tla diragadiwa mo ditiro tsa rona, se Modimo a se jetseng mo teng ga rona. Seo ke go amogela Bosupi. Sengwe le sengwe se se kwa tlase ga moo ga se go bo amogela.

TAM1897 D 21.7Maatla a Modimo a a jalang mo go rona, fa a amogelwa mo pelong, a tla kgonisa motho go emelana le teko, le mo gare ga bokoa jwa gagwe. A tla mo naya se a se nang sone, mme a tla mo dira se a seng sone ka tlholego.

TAM1897 D 21.8Fa motho a palelwa mo maemong a a beilweng mo go one, re na le kgonagalo ya go akanya gore Modimo o dirile phoso ka go mo letla go bewa teng; mme seo ga se reye gore Modimo o dirile phoso. Modimo ga a ka a dira phoso ka go dira Saulo kgosi ya Iseraele; mme Saulo o dirile phoso ka go se nne se Modimo a neng a batla gore a nne sone. O dirile phoso ka go latela ditsela le maano a gagwe, go na le go reetsa lentswe la Modimo. Ka jalo gape Modimo ga a ka a dira phoso ka go dira Jerobeamo kgosi ya Iseraele. Le fa maikaelelo a Modimo a go kgaoganya ditso di le lesome le Juda a sa ka a diragadiwa ka ntlha ya go fapoga ga batho, Modimo o ne a na le leano, mme Jerobeamo ga a ka a letlelela gore le diragadiwe. Modimo a ka nna a mpitsa kgotsa a go bitsa mo maemong a mangwe, mme fa re na le bokoa bongwe jo bo ka kgoreletsang mosola wa rona, mme Modimo a re romela molaetsa, molaetsa oo ke go re dira se a batlang re nna sone, gore ka bopelotlhomogi jwa gagwe re eme fa a batla re eme teng.

TAM1897 D 22.1“Letsatsi le letsatsi batho ba senola gore a bogosi jwa Modimo bo mo go bone. Fa e le gore Keresete o busa mo dipelong tsa bone, ba nonotshiwa ka melaometheo, maatla, le bokgoni jwa go ema jaaka badisa ba ba ikanyegang, batlhabolodi ba nnete; gonne ga go na tlhabololo e e ka nnang teng fa go se na tirisanommogo e e tseneletseng le Jesu Keresete. Ka tshegofatso ya ga Keresete batho ba tshwanetse go dirisa dinonofo tsa bone tse ba di filweng ke Modimo go ipaakanya [e seng go baakanya ba bangwe, mme go ipaakanya]; ka tiro eno ya go itatola, e Morena wa legodimo a e lebang ka kgatlhego, ba fenya mekgwa ya bone ya tlholego le e e godisitsweng. Foo, jaaka Daniele, ba tlogela letshwao mo dipelong tsa ba bangwe le le se kitlang le phimolwa. Tlhotlheletso eo e tla gasama go ya dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.”

TAM1897 D 22.2Tiro ya phetogo e simolola ka motho ka boene. Nka kgona go tshwaya dipelo tsa ba bangwe fela fa ke setse ke iphetotse. Modimo o fitlhelela ba bangwe ka go re fitlhelela, le go ba fitlhelela ka rona. Lebelela 2 Bakorintha 1:3, 4:—

TAM1897 D 22.3Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng.

TAM1897 D 22.4Modimo o a re kgomotsa gore le rona re kgone go kgomotsa ba bangwe; Modimo o a re thusa gore le rona re kgone go thusa ba bangwe. Re bewa mo maemong a re tlhokang kgothatso ya Modimo, gore le rona re kgone go kgothatsa ba bangwe. O akantse ka ba bangwe fa a re kgothatsa. “Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko.” Fa ke bogisiwa, ke ka ntlha ya kgomotso le poloko ya monna mongwe o sele. Nka nna ka se kopane ka dingwaga le monna yoo ke tshwanetseng go mo kgomotsa; mme nako nngwe ke tla kopana nae, mme maitemogelo a ke nnileng le one a a ntebaakanyetsa go dula fa thoko ga gagwe, kgotsa go mo tshwara ka seatla, le go nna thuso le kgomotso mo go ene. O amogela mo go nna se ke se amogetseng go tswa go Modimo, mme o se amogela gore le ene a se fetisetse go ba bangwe, mme ba bangwe ba se fetisetse gape go ba bangwe; mme ka jalo tlhotlheletso ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo re bo amogetseng e anama go fitlha lefatshe lotlhe, le fa re ka se tswe mo porofenseng e re nnang mo go yone. Bakaulengwe, ke se Modimo a batlang go se dira ka rona, mme ka jalo tlhotlheletso ya rona e tla anama go ya dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.

TAM1897 D 22.5Jaanong go potso, Re tla tsaya Dipako jang? A re buiseng ka fa di ntseng di ganwa ka teng tota fa go ne go akanngwa gore di a amogelwa. Foo re tla itse go tila phoso eo, le go itse ka fa re ka di amogelang ka teng. Fano ke buisa ka mongwe yo “sekai sa gagwe se dirileng go le gontsi go kgoreletsa tshepo mo Dipakong.” O dirile seno jang? — “O tsamaile ka boene ka tlhamalalo kgatlhanong le lesedi le Modimo a le fileng.” Mme ga a ka a akanya gore o ne a tsamaya ka tlhamalalo kgatlhanong le tsone. O ne a akanya gore o ne a dira se se siameng malebana le tsone. Jaanong, o fositse jang jaana? Karabo ke e: “Dikgalemo le ditlhagiso go tswa go Morena di ile tsa tilwa, tsa tlhalosiwa le go dirwa gore di se nne le thuso ke maano a batho.”

TAM1897 D 22.6Di ne di “tilwa” jang? Karabo ke e: “Ke eng o ne wa itirela maipato a a bokoa?” “Ao, a ba ba furaletseng kgakololo ya Modimo ba ne ba ka tlhabiwa ke ditlhong go le kana kang, mme ba leka go bipa tlhotlheletso e Modimo a neng a ka nna le yone mo dipelong tsa bone.”

TAM1897 D 22.7Di ne tsa “tlhalosiwa” jang? Karabo ke e: Ba “ne ba di tlhalosa ka fa go ba siametseng ka teng, ba re di ne di sa reye jalo.”

TAM1897 D 22.8Mme ke ka fa Dipako di neng tsa tilwa ka teng, tsa tlhalosiwa, le go dirwa gore di se ka tsa nna le mosola, ke ba ba neng ba akanya gore ba a di dumela, le ba ba neng ba akanya gore ba a di amogela. Jaanong, a o ntse o di tila ka maipato a a bokoa? A o ntse o di tlhalosa le go di dira gore di se ka tsa nna le mosola ka go di tlhalosa ka fa o ratang ka teng, o re ga di a ka tsa raya jalo le jalo? — Ee, ruri o dirile jalo; o a itse gore o dirile jalo. Jaanong a re emise seo gone jaanong.

TAM1897 D 22.9Jaanong, di ka amogelwa jang? Re ka itse jang gore di raya eng? Karabo ke e: “Di ne di raya fela jaaka go kwadilwe.” Di raya eng? — “Fela jaaka go kwadilwe.” A o ka tlhalosa se di se buang? — Ee, go motlhofo fela. Jalo, di tseye fela jaaka di bua. Bulela Modimo pelo ka bophara, gore ka Mowa wa gagwe o o molemo a jale mo go yone molaomotheo o o mo go se se buiwang fela, mme molaomotheo oo o tlaa bonala, o tlaa phatsima mo botshelong jwa gago; ke gone o tlaa bo o amogetse Dipako. Ke gone o tlaa bo o itse gore o dumela Dipako. Ke gone go se kitlang go nna le kotsi ya phoso ka ga seo. Ba bangwe ba tla itse seo, gonne o tla tlogela matshwao mo dipelong a a se kitlang a phimolwa, mme ba tla galaletsa Modimo ka letsatsi la ketelo.

TAM1897 D 22.10LEFOKO la Modimo ke selekanyo sa rona. Tiro nngwe le nngwe ya lorato, lefoko lengwe le lengwe la bopelonomi, thapelo nngwe le nngwe mo boemong jwa ba ba bogang le ba ba gateletsweng, di begwa fa pele ga sedulo sa bogosi sa bosakhutleng, mme di bewa mo lokwalong lwa Legodimo lo lo sa senyegeng. Lefoko la bomodimo le tsenya lesedi mo tlhaloganyong e e lefifitsweng thata, mme lesedi leo le dira gore le ba ba tlhabolotsweng thata ba lemoge go tlhaela ga bone le boleo jwa bone. — Test. No. 31.

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago