Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
04 / 12Dithero tsa 1897

Saense ya Poloko. – No. 1

Alonzo Trevier Jones

TAM1897 D 46.2Thero e e neetsweng ka Labotlhano maitseboa, Tlhakole 12, 1897 E gatisitswe mo General Conference Daily Bulletins tsa Tlhakole 16, 1897, Bol. 1, Nom. 3, ditsebe 46-47 le tsa Tlhakole 17, 1897, Bol. 1, Nom. 4, ditsebe 49-53.

TAM1897 D 46.3MONGWE LE MONGWE o a itse gore eno ke motlha wa saense tota, bonnye ka leina, mo boipolelong, le mo dikeletlhong. Modimo o batla gore batho ba gagwe ba nne ba tsamaelana le motlha ka dinako tsotlhe. Go feta moo: o batla gore batho ba gagwe ba nne ba eteletse motlha pele ka dinako tsotlhe. Bogolo jang o batla gore batho ba gagwe ba nne batlhabolodi ka dinako tsotlhe, mme gore motho a nne motlhabolodi, o tshwanetse go etelela motlha pele. Ka jalo, jaaka eno e le motlha o o itebagantseng le saense, ka se batho ba ipolelang gore ke sone le ka ditsela tse dingwe, tiro ya Modimo, batho ba gagwe, ba tshwanetse go nna ba saense go kgona go fitlhelela ditlhokego tsa motlha ono. Eo ke polelo ya mogopolo o ke lo laletsang go o ithuta bosigong jono. Morena o batla gore nna le lona re amogele mogopolo oo, re o ithute, le go aga mo go one, go fitlhelela o supjwa mo go rona fa pele ga lefatshe gore mogopolo oo o nepile go ya ka saense. Fa nna le lona, fa botlhe ba ba ipolelang leina la ga Keresete, re dira jalo, foo selo seo se tla dirwa ke Morena. Lefatshe le tla se bona, mme lefatshe le tla se bona go sa kgathalesege gore a nna le lona re na le seabe mo go sone kgotsa nnyaa. Ka gonne fa nna le lona re se na seabe mo go sone, ba bangwe ba tla nna le seabe mo go sone, e bong ba ba tla letlang Morena go dira pontsho eo ka bone; mme fa nna le lona re sa mo letle go go dira, re a se fosa.

TAM1897 D 46.4Mme lona lo a re, Poloko ke tiro ya batho ba Modimo. Poloko ke yone tiro e le nosi ya Morena. Se ke se bakaulengwe ba bangwe ba ntse ba se bua. Se ke se re neng re na le sone mo thutong ya thapama eno, le se re ntseng re na le sone mo dithutong tsotlhe tsa Bahebera. Ke thuto e re e boneng mo mafelong a mangwe mo Mokwalong. Mme Mokwalo o bua gore ga re a tshwanela go itse sepe fa e se Jesu Keresete le ene a bapolotswe. Lo bua jalo; ee, le nna ke bua jalo. Ke bua gore tiro ya batho ba Modimo — tiro yotlhe ya Modimo mo lefatsheng ke tiro ya poloko. Mme seno se tsamaelana sentle le se re setseng re se boletse. Ka jalo poloko ke saense.

TAM1897 D 46.5Go feta moo: Poloko ga se saense fela, ga se saense fela; ke yone e e kwa godimo, selotlolo, le bogare jwa disaense tsotlhe. Ke sone selo se se nang le saense go gaisa dilo tsotlhe tse di sekasekwang ke ditlhaloganyo tsa batho mo lefatsheng leno. Jalo he, fa batho ba Modimo ba tsaya poloko ya Modimo jaaka e ntse mo Modimong; fa tiro ya gagwe ya poloko mo lefatsheng e tla ema e emetse tota megopolo ya gagwe ya poloko, foo go tla senolelwa lefatshe saense e e kwa godimo ga disaense tsotlhe tse dingwe. Foo batho ba Modimo ba ka ema fa pele ga dikgosi tsa saense ka botsone, mme ba sa tlhajwa ke ditlhong, mo motlheng wa saense.

TAM1897 D 47.1Jaanong, ke ineetse gotlhelele mo boammaaruring joo. Mme ke batla gore lo bone kafa e leng boammaaruri ka botlalo ka teng. Nna le lona re ineetse mo polokong ya Modimo. Mme ke batla gore lo bone ka Baebele — buka ya boammaaruri jotlhe — gore poloko ke saense. Foo lo tla ineela, mmogo le nna, mo boammaaruring joo.

TAM1897 D 47.2Sa ntlha he, ke batla gore lo akanye ka kelotlhoko, mme lo iponele e seng fela gore poloko ke saense; mme gape gore ke yone saense e e kwa godimodimo go di feta tsotlhe.

TAM1897 D 47.3Lereo “saense” le raya, ka tlhamalalo, kitso. Saense ya dimela ke kitso ya dimela. Saense ya dinaledi ke kitso ya dinaledi. Ka jalo, moitseanape mongwe o tlhalositse saense jaaka “maduo a go akanya.” Kitso yotlhe — saense — e lefatshe le nang le yone ka ga dinaledi, ke maduo a go akanya ga lefatshe ka ga dinaledi.

TAM1897 D 47.4Jaanong poloko ke kitso ya Modimo: “Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng!” Ka jalo ke saense. Mme kitso e ga se maduo a kakanyo ya motho: ke maduo a kakanyo ya Modimo. Gonne “ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena. Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo.” Ka jalo poloko, ka e le maduo a kakanyo ya Modimo, ga se saense fela, mme ke yone saense e e kwa godimodimo go di feta tsotlhe.

TAM1897 D 47.5Gape: Se se amogelwang ke lefatshe jaaka saense — disaense tsa tlholego — ke maduo a dikakanyo tsa batho. Ke ka mogopolo batho ba akanyang ka one. Ka jalo, ke ka mogopolo batho ba dirisanang le disaense tse tsotlhe. Mme poloko yone e ama mogopolo ka boone. Jaanong, ke efe e e kwa godimo? Ke efe e e kwa godimo — e e amang dilo tsotlhe tse dingwe, kgotsa e e amang se se amang dilo tsotlhe tse dingwe? — Ke ya bofelo, tota. Jaanong, ka jaana ka tlhaloganyo batho ba dira ka disaense tse dingwe tsotlhe, mme poloko e dira ka tlhaloganyo ka boyone, go a bonala sentle, e seng fela gore poloko ke saense ka nnete jaaka saense epe fela e nngwe, mme gape ke saense e e kwa godimo go feta disaense tse dingwe tsotlhe. Ke saense e e kwa godimodimo e e ka itsiweng ke tlhaloganyo ya motho.

TAM1897 D 47.6Gape: Poloko e amana le mogopolo. Mme ke mang yo mo polokong le ka poloko a amanang le mogopolo? — Ke Modimo ka sebele. Jalo he, ka jaana e le Modimo ka sebele yo o dirang, yo o senolang, saense eno; mme ka jaana saense eno e le maduo a go akanya ga Modimo; go a latela gore saense ya poloko ke saense e e kwa godimodimo, e e boteng go di feta tsotlhe, e e atlhameng go di feta tsotlhe, e e itsiweng, e seng fela mo mogopolong wa motho, mme mo lobopong lotlhe.

TAM1897 D 47.7A re buise Ditemana di sekae tsa Dikwalo. “Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang.” Baroma 12:2. “Jalo he, ka mogopolo ke direla molao wa Modimo.” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV) Baroma 7:25. “re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya.” “re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete.” Tsela e le nosi e Morena a ka re fitlhelelang ka yone ke ka tlhaloganyo. O dira le rona fela ka tlhaloganyo. O re laola fela ka ditlhaloganyo tsa rona. Bonang: “Ka tlhaloganyo ke direla molao wa Modimo,” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV) “mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa.” Mme taolo ya ntlha ya tsotlhe ke e: “Utlwa wena Iseraele! Morena Modimo wa rona ke ene Modimo a le nosi. Mme o tshwanetse go mo rata ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa le ka tlhaloganyo.” “Mogopolo wa nama ke bobaba kgatlhanong le Modimo: gonne ga o ikobele molao wa Modimo, le gone ga o kgone go o ikobela.” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV) Mogopolo wa nama o o sa kgoneng go ikobela molao wa Modimo — ga go kgonege — o tshwanetse go fetolwa, o tshwanetse go ananyediwa ka mogopolo o mongwe o o direlang molao wa Modimo ka dinako tsotlhe. Phetogo eo ya mogopolo ke poloko. Tsosoloso eo ya mogopolo e dirwa ke Modimo mo tirong ya poloko ya gagwe, mme ga e kake ya dirwa ke ope o sele. Ka jalo ke saense e e kwa godimodimo go di feta tsotlhe — e e kwa godimodimo e e itsiweng ke tlhaloganyo ya motho, e e kwa godimodimo e e itsiweng ke lobopo lotlhe.

TAM1897 D 47.8A ga o simolole go bona gore ke eng fa Dipako di bua ka “saense ya poloko”?

TAM1897 D 49.1Jaanong ke batla gore lo bone gore le ba bangwe ba akanya jalo. Ke batla gore lo bone gore ga ke nosi mo kgannyeng eno. Ke batla gore lo bone gore mo ntlheng eno re na le tshegetso ya baitseanape — baitseanape ba saense — ke go re, batho ba ba tlhaloganyang saense.

TAM1897 D 49.2Fa nka go tlisetsa bosupi bosigong jono gore ba ba tlhaloganyang disaense tsotlhe tse dingwe go feta ope fela mo lefatsheng leno, ba supa gore ba kgatlhegela saense eno go feta disaense tsotlhe tse dingwe fa di kopantswe, gore ba bona mo go yone go le gontsi mo go tshwanetseng go sekasekwa go feta mo disaense tsotlhe tse dingwe fa di kopantswe, a ga o ne o ka re ke babalesegile fa ke bua jaaka ke bua — go ya ka pono ya saense? Ee mme, ke na le setlhopha se se ntseng jalo — setlhopha se se tlhaloganyang disaense tsotlhe tse dingwe, mme ke na le bosupi jo bo tlhalositsweng sentle jwa gore ba kgatlhegela se go feta tsotlhe tse dingwe fa di kopantswe.

TAM1897 D 49.3Mo go 1 Petere 1:10-12, moaposetoloi o bua ka poloko, mme koo ke bala jaana:—

TAM1897 D 49.4Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng? Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang. Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.

TAM1897 D 49.5Ke dilo dife tse baengele ba eletsang go di sekaseka? — Ke poloko ya Modimo fa e reriwa ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng go tswa kwa legodimong. Lefoko la Segerika la “eletsa,” fano le raya “go beela pelo ya gago mo go sengwe.” Mme lefoko la Segerika la “go leba ka kelotlhoko” le raya, “go inamela selo gore o se lebe; go se leba o sekametse pele ka tlhogo; go se leba o obame ka mmele; go se leba ka kelotlhoko, go se tlhatlhoba ka kgatlhego — ga mongwe yo o batlang go itse sengwe.” Ke maikutlo a a ntseng jalo a baengele ka ga kgang ya poloko.

TAM1897 D 49.6Jaanong, a baengele ba tlhaloganya disaense tse dingwe — saense ya ditshedi, saense ya popego ya lefatshe, saense ya ditlhapi, saense ya dinaledi — disaense tsotlhe tse dingwe? Lo a itse gore ba a di tlhaloganya. Mongwe le mongwe o a itse gore baengele ba tlhaloganya disaense tsotlhe tse dingwe ka botlalo. Mongwe le mongwe o a itse gore go babalesegile go ka bolela gore baengele botlhe ba tlhaloganya disaense tsotlhe tse dingwe ka botlalo jo bo sa feleng go feta jaaka motho ope a ka tlhaloganya, kgotsa a kile a tlhaloganya, saense e le nngwe fela. Mme baengele ba kgatlhegela kgang ya poloko go feta disaense tsotlhe tse dingwe. Ba ba itseng go gaisa botlhe, ke bone ba ba kgatlhegelang yone e le nngwe go gaisa. Ee, tota, lo dumalane le nna nakwana e e fetileng gore fa nka ka ntsha motswedi wa maemo a a ntseng jalo, lo ne lo ka re re babalesegile mo go tsayeng pono e. Tla pele he, re babalesegile. Re mo setlhopheng se se gaisang — ee, setlhopha se se gaisang sa borasaense. Go na le motswedi o o feletseng mo kgang e, motswedi wa borasaense.

TAM1897 D 49.7Jaanong, ga ke tshameke ka lefoko ‘saense’ fano bosigong jono. Ke dirisa mafoko “saense” le “sa saense” go supa poloko jaaka lefoko le le boammaaruri gotlhelele. Poloko ya Modimo ke selo sa saense tota, ga se go bidiwa fela jalo ka maaka, mme tota ke saense ya maemo a a kwa godimo-dimo. Ka jalo, se akanye gotlhelele gore ke a tshamekela lefoko “saense” kgotsa “sa saense.” Ke le dirisa ka boammaaruri, ka gonne go siame mo kgannyeng e.

TAM1897 D 49.8Mme ga se fela seo: ga se fela gore baengele ba eletsa go lebelela mo go seno, jaaka ba ba batlang go itse sengwe; mme tota ba a itse sengwe. Ba a ithuta ka go lebelela mo go seno le go se ithuta. Bula mo go Baefesia 3:8-11, mme o tla bona mogopolo o o tlhalositswe:—

TAM1897 D 50.1A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete; le go tlhalosetsa mongwe le mongwe [Ke tlogela lefoko batho, ka gonne le tsenyeditswe] gore kabalano ya sephiri ke eng, se go tswa kwa tshimologong ya lefatshe se neng se fitlhilwe mo Modimong, yo o bopileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete: ka maikaelelo [Leba jaanong, ke tshwanetse go rera dikhumo tse di sa tlhotlhomisegeng tsa ga Keresete gore botlhe ba bone kafa go leng ka teng ka botsalano jwa sephiri se se ntseng se fitlhegile mo Modimong, mme seo ke ka maikaelelo, ka boikaelelo] a gore jaanong babusi le dithata mo mafelong a selegodimo ba itsisiwe botlhale jo bo farologaneng jwa Modimo ka phuthego, go ya ka maikaelelo a bosakhutleng a o a ikaeletseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona. (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)

TAM1897 D 50.2Maikaelelo a go dira gore batho ba bone seno ke afe? — Gore go itsisiwe kwa dipusong le maatla “kwa mafelong a selegodimo” (diphetolelo tse dingwe di re “kwa legodimong”; seo se siame) botlhale jo bo farologaneng jwa Modimo. Baengele, dipuso, le maatla, ba eletsa thata go lebelela mo efangeleng eno ya poloko fa e rutiwa ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng go tswa legodimong. Ruri ba a lebelela ba bo ba ithuta. Mme jaaka ba ntse ba ithuta, ba ithuta ditshenolo tse disha tsa botlhale jwa Modimo — botlhale jo bo farologaneng jwa Modimo — go ya ka maikaelelo a gagwe a bosakhutleng a a neng a ikaeletse mo go Keresete Jesu Morena wa rona. O itse ka dikwalo tse dingwe gore sephiri se sa Modimo, maikaelelo a a sa khutleng a, se senolwa mo efangeleng. O a itse gore dipuso le maatla kwa legodimong ga di a nna tsa bosakhutleng ka tsela e le nngwe — ga di tswe mo bosakhutleng go ya go bosakhutleng. Di tswa mo ntlheng nngwe go ya go bosakhutleng, fela jaaka wena le nna re ntse. Gabariele o ya go bosakhutleng fela go tloga mo ntlheng e a bopilweng ka yone. Ga a tswe mo bosakhutleng go ya go bosakhutleng.

TAM1897 D 50.3Mme Modimo ke wa bosakhutleng go ya go bosakhutleng. Jaanong, go tswa go bosakhutleng go ya go bosakhutleng go ne go na le maikaelelo, go na le one — maikaelelo a gagwe a bosakhutleng a a ikaeletsweng mo go Keresete Jesu Morena wa rona. Go tla tsaya baengele nako e e kae go fitlha kwa boteng, go fetsa go ithuta, ka ga maikaelelo ao a bosakhutleng? — Go ya go bosakhutleng. Seo se mo pepeneneng. Jaanong jaaka maikaelelo ao a senolwa mo efangeleng, a itsisiwe ka sephiri sa Modimo, se e leng, “Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo”, go a bonala sentle gore baengele ba a se ithuta. Mme jaaka ba se tlhatlhoba, ba bona botlhale jo bo farologaneng jwa Modimo bo senolwa mo go sone, go ya ka maikaelelo a gagwe a bosakhutleng. Ba eletsa go se tlhatlhoba. Ba dira jalo, mme ka jalo ba a ithuta.

TAM1897 D 50.4Jaanong he, ka jaana ba tlhaloganya disaense tsotlhe tse dingwe go feta jaaka motho ope a ka tlhaloganya e le nngwe, fa ba kgatlhegela eno go feta tsotlhe, mme ba ithuta mo go yone; a ga se ntlha e nna le wena re ka ikanyang mo go yone ka pabalesego? Jaanong a ga se le yone eno, kgang e e tshwanetseng go gaisa tsotlhe go akanyediwa ke rona, go akanyediwa ka tlhaloganyo ya rona e e kwa godimo, go feta tsotlhe tse dingwe fa di kopantswe? A ga re ka ke ra baya dipelo tsa rona mo go seno, le go ineela ka meya ya rona yotlhe mo go sone re sa nne ba se nang saense? Ee, re ka kgona, re ka kgona! A re go dire.

TAM1897 D 50.5Jaanong, se ntlhaloganyse phoso. Ga ke tlhasela disaense tse dingwe. Ga ke ree gore disaense tse dingwe tsotlhe di tshwanetse go itlhokomolosiwa, di tsewe jaaka dipono tsa maipono, e bile di sa tshwanela go elwa tlhoko gotlhelele. Nnyaa; ke bua gore eno e kgolo go di feta tsotlhe; le gore sengwe le sengwe se re se ithutang mo go tsone se tshwanetse go ithutiwa ka go laolwa ke yone, e e leng kgolo go di feta. Ke bua fela gore tse dingwe tsotlhe di tshwanetse go tsaya maemo a bobedi, bobotlana, morago ga yone eno, fa re batla go nna ba saense.

TAM1897 D 50.6Akanya fela! Tsaa megopolo ya rona ya tlholego e re dirisang go ithuta disaense tse dingwe. A nna, kgotsa motho ope, re ka nna ba saense tota fa a ka baya kakanyo ya gagwe e e kwa godimo le e e gaisang mo saenseng nngwe, mme a na le bosupi jo bo tswang kwa motsweding o o ikanyegang go gaisa yotlhe jwa gore go na le saense e e kwa godimo go feta yone e a ka e ithutang? A seo e ka nna sa saense? — Nnyaa. Jaanong he, re bona go fitlha jaanong gore seno ke saense; le gore ke saense e e kwa godimo go di feta tsotlhe. Jalo he, motho ope yo o sa bayeng kakanyo ya gagwe e e kwa godimodimo, kakanyo ya gagwe e e gaisang, le maatla a gagwe otlhe, mo saenseng eno pele ga tsotlhe, mme a e letlelele go etelela disaense tse dingwe tsotlhe pele, ka tlhago ga a na le mowa wa saense.

TAM1897 D 50.7Mme gape ga a botlhale. Gonne saense e ke eng? — Poloko. Go siame thata. Mme ke botshelo jo bo sa khutleng. A re re fa ke beile botshelo jwa me jotlhe, maatla a me otlhe, mo disaenseng dingwe, ke itlhokomolosa eno, kgotsa ke tsaya eno e le kwa tlase, a ke tla e bona? — Nnyaa. Ke tla nna le lobaka lo lo kae he, go ithuta disaense tse dingwe? — Dingwaga di sekae fela, e seng go feta moo. Foo tiro ya me mo disaenseng tseno e tla bo e fedile go ya go ile, mme ga nkitla ke tlhola ke nna le sebaka sa go di ithuta gape.

TAM1897 D 50.8Mme fa ke tsaya yone e pele ga tsotlhe, mme ke letla tse dingwe go tsaya maemo a a kwa tlase go fitlhelela ke sireletse yone e, a ke tla nna le sebaka sa go ithuta tse dingwe? — Ee. Go fitlha leng? — Go ya go ile. A, a ga se yone tsela e e botlhale he? A ga se yone fela tsela e e botlhale? Mme a ga se yone fela tsela ya saense le e e utlwalang? — Ruri go ntse jalo. Tla he, a re nne ba saense, ka go felela, le ka botlalo jo bo kwa godimo.

TAM1897 D 50.9Jaanong a re lebelele go sekae kwa pele. Mo temeng ele ya ntlha e re e lebeletseng ka ga baengele, e simolotse ka baporofeti, jaana: “Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng?” fa ba ne ba supa pele ka ga dipogisego tsa ga Keresete, le kgalalelo e e neng e tla latela.

TAM1897 D 51.1Jaanong, ka baporofeti go ne ga tlhagisiwa ka mokwalo, jaaka re na le gone fano, saense eno ya poloko, e leng maduo a kakanyo ya Modimo ka ga kgang ya poloko. Buka eno ya saense, saense eno ya poloko, e tlile ka baporofeti. A ba ne ba itse sengwe ka ga disaense tse dingwe? — Ee.

TAM1897 D 51.2Re ka bona seno mo mafelong a le mantsi — go feta a re ka nnang le nako ya go a leba bosigong jono. Mme re tla leba dintlha di le pedi kgotsa di le tharo, gore re tle re bone sentle gore tota ba ne ba na le kitso ka tsone.

TAM1897 D 51.3Mo kgaolong ya bo lesome le botlhano ya 1 Bakorintha go na le polelo ya saense e e dirilweng dingwaga di ka nna sekete le makgolo a supa pele ga e ribololwa ke saense. E ne e le teng mo dingwageng tseno tsotlhe, mme borasaense ba polelo eo e neng e le mo lephateng la bone ba ne ba sa e itse ka tsela e ba neng ba akanya ka yone. Ke polelo ya boammaaruri mo go tsa dinaledi. Mongwe le mongwe yo o neng a dumela polelo e e mo Baebeleng o ne a itse seo ka dinako tsotlhe, tota, le fa a ise a ko a utlwe lefoko ‘astronomi’; mme saense ya batho e ne e sa se itse, mme ya se ribolola fela morago ga nako e telele jaana.

TAM1897 D 51.4Mogopolo o mongwe: Fa mokwadi yoo wa Baebele a ne a dira polelo eo ya saense e borasaense ba neng ba e fitlhela morago ga dingwaga di le sekete le makgolo a supa e le e e nepagetseng go ya ka saense, a e ne e se polelo ya saense ya nnete ka dinako tsotlhe fela jaaka e ne e ntse morago ga go ribololwa ga yone? — Ruri. Jaanong a go ne go se jalo fa mokwadi a ne a e kwala? — Gone mme. Temana ke 1 Bakorintha 15:41:—

TAM1897 D 51.5Letsatsi le na le kgalalelo e le nngwe fa ngwedi le dinaledi di na le mofuta o mongwe. Mme dinaledi le tsone di farologanye le tse dingwe ka bontle jwa tsone le phatsimo.

TAM1897 D 51.6Seo se ne se sa itsege dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, ka gonne mo e ka nnang lobaka loo, monna mongwe yo o neng a ipona e le moitseanape wa dinaledi, mme a lejwa jalo ke balekane ba gagwe, o ne a kgala polelo eo a re ga e a nepafala, e bile ke sesupo sa go tlhoka kitso ga bakwadi ba Baebele; ka gonne o ne a akanya (ke gore, mokwadi wa Baebele o ne a akanya) gore naledi nngwe e farologana le e nngwe mo kgalalelong, mo phatsimong, go na le mo sekgaleng. Eo ke polelo ya motshwayadiphoso yono ka ga yone. Mogopolo wa gagwe e ne e le gore, mme a buela saense ya dinaledi, gore lebaka le le nosi le le dirang gore naledi nngwe e re phatsime e bile e le ntle go feta e nngwe, ke gore e nngwe e gaufi le rona go feta e nngwe, ka jalo re amogela lesedi la yone le le ntsi. Mme gompieno mo mafapheng otlhe a saense go itsege e le boammaaruri gore go na le pharologano e e lekanang mo dinaleding, mo bogolong jwa tsone le bontleng jwa tsone le mebaleng ya tsone, jaaka e le mo dithunyeng tsa lefatshe. Ka jalo, fa re ne re ka kgona go bona dithunya tsotlhe tsa lefatshe di beilwe fa pele ga rona mo tshimong e kgolo, ka kgalalelo ya tsone yotlhe, le mefutafuta ya mebala ya tsone, mme morago re ka bona dinaledi tsa legodimo ka go phepafala fela jaaka re bona tse, re ne re tla bona e nngwe e mebalabala e bile e ntle fela jaaka e nngwe. Seno se a itsege jaanong, mme se ne se sa itsege fa temana eo e ne e kwalelwa Bakorintha.

TAM1897 D 51.7Jaanong, ke a botsa, a e ne e se polelo ya saense, a e ne e se polelo ya boammaaruri mo saenseng, ka letsatsi le Paulo a neng a e kwala a bo a e romela kwa Korintha, ka tlhomamo e e tshwanang le ya jaanong? Go ribolola ga borasaense gore polelo eo e ne e le boammaaruri ga go a dira gore e nne boammaaruri, le gona ga go a oketsa bokete jwa yone jaaka boammaaruri le fa e le ka karolwana e nnye. Go ribolola ga bone go supile fela gore ba ribolotse sengwe se e neng e le boammaaruri, mme se ba neng ba sa se itse pele, ka gonne ba ne ba sa dumele Baebele. Fa e le gore ba ka bo ba badile seo mo Baebeleng fela, mme ba se dumela le go se amogela, ntlha eo ya saense ba ka bo ba e itse bogologolo pele ga borasaense bape ba e ribolola.

TAM1897 D 51.8Go na le saense e nngwe: Sir Isaac Newton o kile a nna fa tlase ga setlhare sa apole. Apole e wele go tswa mo kaleng gaufi le ene. Diapole di ne di kile tsa wa go tswa mo ditlhareng makgetlho a le mantsi pele ga foo. O ne a kile a bona diapole di wa go tswa mo ditlhareng pele ga foo. Mme ka letsatsi leo o ne a le mo maikutlong a go tlhatlhanya, mme a simolola go akanya. Ke eng fa apole eo e wele? Go tshwanetse ga bo e le ka gonne lefatshe le ne le na le tlhotlheletso mo go yone go e gogela kwa go lone. Ka lefatshe le le golo go feta apole, le ne le tla e gogela kwa go lone fa e sena go tlogela setlhare. A re, Fa ke tsaya apole eo, mme ke e konopa kwa godimo ka bojotlhe jwa me, e a wela gape mo lefatsheng. Jaanong fa e le maatla a lefatshe a a e tlisitseng sekgala se sekhutshwane se, fa ke e konopa kwa godimo ka bojotlhe mme e boa gape, seo ke bosupi jwa gore maatla a lefatshe a fitlha kgakala go le kalo go tswa mo lefatsheng, mme a tshwarelela selo seo a bo a se busetsa. Fa nka kgona go e konopa go ya kwa godimo ka maele, mme e boa, go tlaa bo go le mo pepeneneng gore tlhotlheletso eo e fitlhile sekgala sa maele go busetsa selo seo. Jaanong, a re, Fa seo e le boammaaruri, tlhotlheletso eo e tshwanetse go fitlha kwa ngweding. Ke ipotsa gore a e fitlha kwa ngweding? Ke tla ya go bona. O ne a ya kwa ntlong ya gagwe mme a nna fa fatshe, a tsaya dipalo tsa dinaledi tsa tsela ya ngwedi mo lefelong la tsone, mme a bala dipalo di le dintsi tse di tlhomaganeng. Mme di ne di sa tsamaelane. O ne a leka gape le gape, mme di ne di sa tsamaelane; o ne a palelwa ke go dira gore maatla ao a fitlhe kwa ngweding.

TAM1897 D 52.1O ne a baya kgang eo kwa thoko dingwaga di ka nna lesome, fa ke gopola sentle, pele ga a e tsaya gape. Letsatsi lengwe go ne ga gatisiwa dipalo tse disha tsa tsela ya kgwedi, di baakanya diphoso dingwe mo dipalong tsa pele. Fa seo se sena go gatisiwa, Newton a re, ‘Ke ipotsa gore a seo se tla nneela se ke se batlang.’ O ne a tsaya dipalo, a simolola go dira, mme a dira dipalo tse dintsi tse go se nang pelaelo nna le wena re neng re ka gakgamadiwa ke tsone. Mme kgabagare o ne a goroga mo dipalong di le pedi kgotsa di le tharo go fitlha kwa bokhutlong, mme a bona gore di ne di tla tshwanela. O ne a kgatlhilwe thata ke ntlha e e gakgamatsang mo a neng a palelwa ke go fetsa dipalo tsa gagwe. Pene e ne ya wa mo seatleng sa gagwe, mme a patelesega go kopa tsala ya gagwe go mo di fetsa. Tsala ya dira jalo, mme Sir Isaac Newton o ne a supile ntlha ya saense, kgotsa go bua sentle, saense e ntšha. E bidiwa kgogedi. Mme go tloga ka nako eo leina la gagwe le ntse le gopolwa ka bosakhutleng.

TAM1897 D 52.2Ruri e ne e le selo se segolo. Le fa go ntse jalo, seo se ne se le mo Baebeleng dingwaga di le dikete di le pedi le makgolo a matlhano pele ga Sir Isaac Newton a se ribolola mo tlholegong. Kgogedi ke go lekalekanya lobopo fela. Ke molaomotheo oo, molao oo, jaaka borasaense ba ka bua, o ka one tekatekano ya lobopo e bolokwang. Seo se raya gore, mmele mongwe le mongwe mo lobopong o ama mmele mongwe le mongwe o mongwe, mme o lekalekanngwa le one. Ga se mmele mongwe le mongwe fela, mme karolwana nngwe le nngwe ya dilo mo lobopong, e goga e bile e ama karolwana nngwe le nngwe e nngwe ya dilo mo lobopong.

TAM1897 D 52.3Mo lefatsheng la tlholego, seo ke ntlha e e tsamaelanang fela le se re se ithutileng mo tlelaseng ya Baebele thapama eno, mabapi le botshelo. Re fitlhetse gore ga o ka ke wa ama ope kgotsa sepe kwantle ga gore seo se itsiwe go ralala lobopo lotlhe. Legonyana ga le we fa Rago a sa itse, mme legonyana leo ga le we fa go sa utlwiwe go wa ga lone go ralala lobopo lotlhe. Se ke ntlha fela e e tsamaelanang le seo.

TAM1897 D 52.4Go na le nnete ya semoya foo gape e e tsamaelanang le tse pedi tseno.

TAM1897 D 52.5Ke ka ya kae go tswa mo Moyeng wa gago? kgotsa ke ka tshabela kae go tswa fa pele ga gago? Fa ke tlhatloga kwa legodimong, o teng; fa ke itirela bolao kwa diheleng, bona, o teng. Fa ke tsaya diphuka tsa moso, mme ke nna kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa lewatle; le gone foo letsogo la gago le tla nkaela, mme letsogo la gago la moja le tla ntshwarelela. Pesalema 139:7-10.

TAM1897 D 52.6Fa nna le wena re akanya kakanyo e e siameng, a e lemogwa gope gape? Re akanya kakanyo e e phoso. Kakanyo e e phoso ke eng? — Boleo. Jaanong, boleo bo simolola kae? — Mo kakanyong. A boleo jwa me bo lemogwa gope gape mo lobopong lotlhe kwantle ga nna? Ke mang yo o bo lemogang? — Modimo, ka Mowa wa gagwe. Ao, he, a go na le nnete ya semowa mo lobopong lwa rona e e sa lemogegeng? e sa utlwiweng? kgotsa mogopolo o o siameng kgotsa o o bosula o o sa utlwiweng? A ga o bone kgogedi jaaka saense he? Sir Isaac Newton o ribolotse boammaaruri mo lobopong jo bo tsamaelanang le boammaaruri jo bongwe jwa lobopo.

TAM1897 D 52.7Molao o Newton a o ribolotseng ke, jaaka ke buile, o ka one tekatekano ya lobopo e bolokwang. Jaanong ke tla bala mokwalo o o supang gore seno se ne se itsiwe dingwaga di le dikete di le pedi le makgolo a matlhano pele ga Newton a se ribolola. Isaia 40:12:—

TAM1897 D 52.8Ke mang yo o lekantseng metsi mo khubung ya seatla sa gagwe, a ba a lekanyetsa loapi ka bogolo jwa seatla sa gagwe, a ba a akaretsa lerole la lefatshe mo selekanyong, a ba a lekanya bokete jwa dithaba ka sekale, le dithotobolo mo tekanyong?

TAM1897 D 52.9Fa dithaba le dithota di ne di tlhomiwa, di ne di lekalekane. A Modimo o ne a rulaganya dilo gore tekatekano ya tsone e bolokwe? Leina la saense la molao o tekatekano ya dilo e bolokwang ka one ke lefe? — Kgogedi. Jaanong, Isaia o ne a bua ka eng? — Ka kgogedi. Ruri o ne a bua ka yone.

TAM1897 D 52.10Moitseanape o tlhalosa ntlha eo ka sethunya se sennye se se bidiwang snowdrop. Akanya ka mefuta e mebedi ya dithunya tse di itlhagisang gape go tswa mo peong. Se sengwe ke sethunya se se emeng, se sengwe ke se se obegileng. O setse o bone mo dithunyeng dithobanyana tse di emeng di dikologile e e fa gare. Jaanong, mo sethunyeng se se emeng se se atang go tswa mo peong, thobane e e fa gare e nna khutshwane go feta tse dingwe tse di e dikologileng. Fa e le sethunya se se obegileng, thobane e e fa gare e telele go feta tse dingwe tse di e dikologileng. Lebaka la seo ke gore lerole la sethunya — polene — le le mo go tse di dikologileng le tshwanetse go wela mo go e e fa gare, kgotsa sethunya ga se ka ke sa ikatisa.

TAM1897 D 52.11Jaanong, mo sethunyeng se se emeng se se tsalwang ka peo, thobane e e fa gare e tshwanetse go nna khutshwane go feta tse dingwe, gore lerole la dithobane tse dingwe le wele mo go yone. Fa e ne e le telele, o a bona gore lerole le ne le tla wela kwa tlase, mme le e fose, mme ka jalo go ne go se kitla go nna le peo. Fa e le sethunya se se obegileng, mme thobane e e fa gare e le khutshwane go feta tse dingwe, lerole le tla wela kwa tlase le sa wele mo go yone mme gape go se kitla go nna le peo. Ka jalo, mo sethunyeng sengwe le sengwe se se emeng se se tsalwang ka peo, thobane e e fa gare e khutshwane go feta tse di e dikologileng. Mo sethunyeng sengwe le sengwe se se obegileng se se tsalwang ka peo, thobane e e fa gare e telele.

TAM1897 D 53.1Sethunya sa snowdrop se itsalela ka peo. Mme le fa e le sethunya se se emeng, le gale thobane ya bogare e telele go feta tse di e dikologileng. Seno se ka direga jang? Ke tla se boeletsa gape gore o se tlhaloganye sentle: Sethunya sa snowdrop ke sa mofuta wa tse di emeng, mme se itsalela ka peo. Thobane ya bogare, he, e tshwanetse go nna khutshwane go feta tse dingwe. Mme yone e telele. Jaanong, sethunya seno se ka ikatisa jang ka peo? Morena o rulagantse seo. O se dirile gore le fa e le sethunya se se emeng, se kgone go obama le go sekamela. Ka jalo, thobane e e fa gare e dirilwe go nna telele go feta tse dingwe mo sethunyeng seno se se emeng. Se gola se bo se ema sentle go fitlha se thunya se bo se butswa se siametse go ikatisa. Fela ka nako eo se sekametsa tlhogo ya sone, mme fa lerole la sone le wele mo lefelong la lone, sethunya se sennye se a tsoga gape se bo se ema.

TAM1897 D 53.2Jaanong, seo se ntle ka bosone; mme ke fano fa tshwantshanyo ya molao wa kgogedi e tsenang teng. Moitsesaense yo o mpolelela gore se se dirang gore sethunya se obame, se sekame tlhogo, ke kgogedi ya lefatshe. Go ntse jalo. Ke eng se se dirang gore apole e wele? — Bokete. Mme bokete ke fela kgogedi — go tswa mo lefokong la Selatine ‘gravus’, le le rayang bokete. Ke eng se se dirang gore sethunya seo se se emeng se obame tlhogo? — Bokete jwa lefatshe. Mme ke eng fa bokete jwa lefatshe bo sa dire gore sethunya seo se obame tlhogo pele ga nako? — Aah, fa Modimo a ne a dira sethunya seo se sennye, o ne a lekalekanya lefatshe, ee, o ne a lekalekanya lobopo lotlhe, go ya ka ditlhoko tsa sone. Fa Modimo a ne a dira sethunya seo se se ikokobetsang sa snowdrop, o ne a tshwere lobopo lotlhe mo tekanyong, mme a lo dira go lebagana le tlhokego ya sethunya seo se sennye! Mme fa Modimo a ne a akanyetsa sethunya seo se sennye, a ga a kitla a lo akanyetsa le go feta, lona ba lo nang le tumelo e nnye?

TAM1897 D 53.3Jaanong moitseanape yo o mpolelela gore fa lefatshe — mme tota le lobopo lotlhe — le ka bo le dirilwe le le boima ka phonto e le nngwe, kgotsa aonse e le nngwe go feta jaaka le ntse, le ka bo le dirile gore sethunya sa snowdrop se obame pele ga nako e e siameng; ka gonne, ka go bo le le boima, le ka bo le nnile le tlhotlheletso e kgolo mo go sone. Mme mo seemong seo, sethunya sa ntlha sa snowdrop se ka bo se nnile sa bofelo. Mme gore sethunya seo se sennye sa snowdrop se tshele le go itumedisa batho go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe, Modimo o ne a rulaganya lobopo lotlhe go lebagana le ditlhokego tsa sethunya seo, gore fa nako e e siameng ya tlhokego ya sone e goroga, bokete bo lekane sentle go se gogela kwa tlase. Foo fa se lepeletse, go ka nna le tsalo, maatla a mangwe a tswa mo meding, mme thito e nna thata go se kae, mme sethunya se fenya kgogedi, mme se eme jaaka pele.

TAM1897 D 53.4Ke mang yo o lekanyeditseng metsi mo khubung ya seatla sa gagwe, a ba a lekanyetsa loapi ka bogolo jwa seatla sa gagwe, a ba a tshwara lerole la lefatshe ka selekanyo, a ba a lekanya bokete jwa dithaba ka sekale, le dithotobolo mo tekanyong?

TAM1897 D 53.5Ke mang yo o tlhomileng tekatekano ya lobopo? — Modimo. Isaia o e boletse dingwaga di ka nna dikete di le pedi le makgolo a matlhano pele ga Sir Isaac Newton a e ribolola. A e ne e se nnete ya saense fa Isaia a ne a e kwala? — Ee. A e ne e sa kwalwa mo direkotong mo dingwageng tseo tsotlhe? — Ee. A e ne e se nnete ya saense ka dinako tsotlhe? — E ne e le yone. A e ne ya nna nnete ya saense go feta fa Newton a e ribolola? — Nnyaa; borasaense ba ithutile sengwe se ba neng ba sa se itse pele, mme e ne e le foo mo Baebeleng ka dinako tsotlhe.

TAM1897 D 53.6Akanya ka dilo tse. Modimo o batla gore re dire jalo. O batla gore nna le wena re bone gore poloko, Lefoko le a re le fileng, le a re biletsang go akanya ka lone ka boteng jo bogolo, ga se kgang e nnye e e fa thoko; mme ke selo se segolo go gaisa se lefatshe le ka se itseng. Ke selo se segolo go gaisa se saense ya lefatshe e ka se itseng. Ke saense e kgolo go gaisa tsotlhe e lefatshe le ka e itseng.

TAM1897 D 53.7Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go e ithuta go nna ba saense. Re tshwanetse go e ithuta go bolokwa; mme go bolokwa go na le saense.

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago