Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
Lenaane la Diteng
12 / 29
12 / 29

Kgaolo 11 — Molaetsa wa Moengele wa Bobedi

John Norton Loughborough

GSAM 171.1“MME moengele yo mongwe a mo latela mo legodimong, a re, ‘Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.’”1

GSAM 171.2“Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.”2

GSAM 171.3Morena ka batlhankedi ba gagwe o ne a tsositse lefatshe ka molaetsa o o reng, “lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone”,—molaetsa o batho botlhe ba ba ipolelang fa e le ba gagwe ba neng ba ka nna seoposengwe mo go one fa ba ne ba batla. E ne e le pitso ya ntlha ya “selalelo” sa lenyalo. E ne e begetswe “balalediwa”.3 Ka jaana pitso e e ne e tlogetswe ka mabaka a a farologaneng, go ne ga ntshiwa pitso ya bobedi, e e tsamaelanang le molaetsa wa moengele wa bobedi.4 Ka pitso e, Morena o ne a kgaoganya setšhaba go ya kwa bokhutlong jwa nako ka lesedi le le gatelang pele la boammaaruri jwa gagwe.

GSAM 171Pitso ya Bobedi go ya kwa Dijong tsa Lenyalo

GSAM 171.4Molaetsa wa bobedi—o o latelang selelo sa ura ya katlholo—o bua jaana, “Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.” Mme pitso ya bobedi ya selalelo e bua jaana, “itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.” Mo go nngwe le nngwe ya dikwalo tse, batho ba Morena ba ba ipolelang ba bidiwa “motse.” Ka ditumelo tsa bone tse di thulanang, tse di tlhakatlhakaneng ba bidiwa “Babelone.” Ka kwalo e nngwe e e buang ka metlha ya bofelo, re bona gore fela pele ga go tla ga Morena, batho ba gagwe ba bidisiwa go tswa mo “Babelone:” “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula.... Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae.”5

GSAM 172“Gakologelwa Kafa o Utlwileng ka Teng”

GSAM 172.1Mo puong e e lebisitsweng kwa kerekeng ya Sardis re bala jaana, “Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae.”6 Kereke ya Sardis e lebega e ntshitswe ka Ntšhwafatso, morago ga nako e e lefifi ya tiro ya ga “Jezebele”—kereke e e fapogileng. Kereke ya Sardis e ne ya bolelelwa gore e ne e le kereke e e tshelang; mme fa e ne e utlwa mme ya gana thuto ya go tla ga Morena, e ne ya ipeela mo seemong se e neng e ka tshwarwa ke tiragalo eo “jaaka legodu mo bosigong.” Ka jalo, go tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo mo go 1 Bathesalonia 5:1-5, gore e tla nna seemo sa ba ba goang ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso,” fa go tla ga Morena go le gaufi. Ba ba salang morago lesedi la boammaaruri ba bidiwa “bana ba motshegare,” mme Morena ga a na go tla mo go bone jaaka leshodu.

GSAM 172.2Mo tlhalosong eno ya boporofeti ya dikereke di supa, re bona fa go wa ga kereke ya Sardis go latelwa ka bonako ke ya Philadelphia, kgotsa (jaaka lefoko le kaya) kereke ya lorato lwa bokaulengwe. Ruri, ba ne ba le 50,000 ba badumedi ba ba neng ba ntshiwa go tswa mo diphuthegong tsotlhe tse di farologaneng ka molaetsa wa moengele wa bobedi, mme ba kopanngwa mo kgolaganyong e le nngwe ya lorato lwa bokaulengwe mo nneteng e kgolo ya konokono ya go tla ga ga Keresete ka bonako.

GSAM 173Kafa Molaetsa wa Bobedi o neng wa Rerwa ka Teng

GSAM 173.1Midnight Cry ya Lwetse 12, 1844, e na le polelo e e dirilweng ke Moruti J. V. Himes mabapi le molaetsa wa moengele wa bobedi, le maemo a a isitseng kwa go bolelweng ga one. Lokwalo lwa gagwe lo kwadilwe kwa McConnelsville, Ohio, Phatwe 29, 1844, mme lo buisa jaana:—

GSAM 173.2“Fa re simolola tiro le Mokaulengwe Miller ka 1840, o ne a na le dingwaga di le robongwe a ntse a neela dithuto. Ka nako eo o ne a eme mo e ka nnang a le nosi mo tirong. Mme ditiro tsa gagwe di ne di sa kgaotse e bile di na le maduo mo go tsoseng ba ba ipolelang fa e le badumedi mo tsholofelong ya nnete ya batho ba Modimo, le paakanyetso e e tlhokegang ya go tla ga Morena; gape le go tsosa ditlhopha tsotlhe tsa ba ba sa sokologang mo temogong ya seemo sa bone se se latlhegileng, le maikarabelo a go ikwatlhaya ka bonako le go sokologa go ya kwa Modimong, jaaka paakanyetso ya go kopana le Monyadi ka kagiso fa a goroga. Tseo e ne e le maikaelelo a magolo a ditiro tsa gagwe. Ga a ka a leka go fetola batho go nna maloko a phuthego kgotsa mokgatlho mongwe wa bodumedi.
GSAM 173.3“Fa re ne re tlhomamisegile ka boammaaruri jwa go tla ga Morena mo go atametseng, mme ra amogela thuto eo phatlalatsa, re ne ra nna le dipono tse di tshwanang, mme ra tswelela ka tsela e e tshwanang mo gare ga mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi, kwa re neng re biditswe teng, ka tlhokomelo ya Modimo, go dira teng. Re ne ra bolelela baruti le diphuthego gore e ne e se karolo ya tiro ya rona go ba kgaoganya, kgotsa go ba kgaoganya le go ba tlhakatlhakanya: Re ne re na le maikaelelo a le mangwe a a totobetseng, mme one e ne e le go ntsha ‘modumo,’ tlhagiso ya katlholo e e ‘fa mojakong’, le go kgothatsa batho ka rona go ipaakanyetsa tiragalo eo.... Badiredi le maloko ba ba neng ba amogela ditiro tsa rona, mme ba sa ka ba amogela thuto ka pelo yotlhe, ba ne ba bona gore ba tshwanetse go tsamaya le thuto, mme ba e rute le go e tshegetsa, kgotsa mo mathateng a a neng a le gaufi le bone, ba ne ba tla nna le bothata le badumedi ba ba neng ba tiisitse pelo mo go yone. Ka jalo ba ne ba itlhophela kgatlhanong le thuto, mme ba swetsa, bangwe ka leano le lengwe le bangwe ka le lengwe, go fitlha kgang eo. Seno se ne sa baya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba neng ba le mo gare ga bone mo seemong se se tlhokang boitshoko jo bogolo. Bontsi jwa bone bo ne bo rata diphuthego tsa bone, mme ba ne ba sa akanye go di tlogela. Mme fa ba ne ba sotliwa, ba gatelelwa, mme ka ditsela tse di farologaneng ba kgaolwa mo ditshiamelong le mo boitumelong jwa bone jwa pele, mme fa ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’ di ne di ba kganelwa, le fa pina e e robatsang ya ‘Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso’ e ne e leletswa mo ditsebeng tsa bone go tswa go Sabatha go ya go Sabatha, ba ne ba tlogela ka bonako go rata ga bone mekgatlho ya bone, mme ba tsoga ka bogolo jwa nonofo ya bone, ba itlhotlha joko, mme ba goa ba re, ‘Mo tlogeleng, batho ba me.’

GSAM 174Mo Maemong a a Teko

GSAM 174.1“Maemo a dilo a, a ne a re baya mo seemong se se lekileng, (1) Ka gonne re ne re le gaufi le bokhutlo jwa nako ya rona ya boporofeti, e mo go yone re neng re solofetse gore Morena o tla phutha batho ba gagwe botlhe go nna selo se le sengwe; mme (2) re ne re ntse re rera thuto e sele ka metlha; mme jaanong ka maemo a fetogile, go ne go tla tsewa e le boferefere mo go rona fa re ne re ka kopana mo go goeletseng ga kgaogano le phatlalatso ya diphuthego tse di neng di re amogetse le molaetsa wa rona. Ka jalo re ne ra okaoka, mme ra tswelela go dira go ya ka maemo a rona a ntlha, go fitlhelela phuthego le bodiredi ba isa kgang e kwa pele mo re neng ra patelesega, ka poifo ya Modimo, go emela boammaaruri le bana ba Modimo ba ba gateletsweng.

GSAM 174Sekao sa Baaposetoloi sa Tsela ya Rona

GSAM 174.2“‘Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu. Mme e rile ba bangwe ba thatafala, ba sa dumele, mme ba buela tsela eo bosula fa pele ga boidiidi, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi.’” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)7 “Go ne ga fitlha fela ‘bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe’ mme ba ‘buela tsela eo [go tla ga Morena] bosula fa pele ga boidiidi,’ fa bakaulengwe ba rona ba neng ba tlhotlheletsega go tswa le go kgaogana le diphuthego. Ba ne ba sa kgone go itshokela ‘go bua bosula’ gono ga ‘batlhanka ba ba bosula,’ mme diphuthego tse di neng di tsweletse ka kgatelelo le ‘go bua bosula’ kgatlhanong le ba ba neng ba letetse ‘tsholofelo e e segofetseng,’ mo go bone e ne e se sepe gape fa e se barwadi ba Babelone e e sephiri. Ba ne ba ba bolela jalo, mme ba tsena mo kgololesegong ya efangele. Mme le fa rotlhe re ka se dumalane ka se se dirang Babelone, re dumalana ka go kgaogana ka bonako le ruri le botlhe ba ba ganetsang thuto ya go tla ga Morena le bogosi jwa Modimo jo bo gaufi. Re dumela gore ke kgang ya botshelo le loso. Ke loso go tswelela o golagane le ditlhopha tseo tse di buang ka go tlhokomologa kgotsa tse di ganetsang go tla ga Morena. Ke botshelo go tswa mo ngwaong yotlhe ya batho, le go ema mo lefokong la Modimo, le go lebelela letsatsi le letsatsi go bonala ga Morena. Ka jalo jaanong re raya botlhe ba ba tsentsweng ka tsela nngwe mo jokweng ya bokgoba re re, ‘Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela, Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.’”8

GSAM 175Kganetso e e sa Tlhaloganyesegeng

GSAM 175.1Wm. Miller o bua jaana ka kgotlhang e e neng e le teng ka nako eo magareng ga diphuthego le Baadventista:—

GSAM 175.2“Go sa tlwaelesega e bile go sa tlhaloganyesege gotlhelele gore diphuthego tsa Sekeresete di ka kgetholola thuto e le maloko a tsone ka ntlha ya tsholofelo e e sego e. Ke a itse gore dingwe tsa dikereke tsa Babaptisita di bolela gore ga di ba kgetholole ka ntlha ya tumelo ya bone, mme ke ka ntlha ya go ja selalelo ga bone le badumedi ba go tla ga Morena. Jaanong fa e se ka ntlha ya tumelo ya bone mo go Mmoloki yo o tlang, ke eng ke kgethololwa mo diraleng tsa bone, nna yo ke iseng ke je selalelo le kereke epe fa e se ya Babaptisita? Ke boiphemelo jwa maaka. Mme seno ga se ka ke sa nna boiphemelo jwa Ba-Methodist le Ba-Presbyterian; gonne ba dumela mo selalelong se se kopanetsweng ke maloko a diphuthego tse di farologaneng. Ba kgetola ka ntlha ya eng? Ke utlwile ka bangwe ba ba kgetotsweng ka ntlha ya ‘go opela’ dipina tsa go tla ga bobedi ga Morena; ba bangwe ka ntlha ya botsenwa, mme botsenwa jotlhe jo bo neng bo supilwe kgatlhanong le bone e ne e le gore, ba ne ba letetse Keresete. O Modimo, ‘itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.’”

GSAM 176Storrs ka Maikutlo a Diphuthego

GSAM 176.1George Storrs o buile ka maikutlo a diphuthego malebana le Baadventista, ka tsela e:—

GSAM 176.2“Ke efe ya diphuthego tseno, mo motsotsong ono, e e sa bueng e re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi’? Mme ke efe ya tsone e e sa itumediseng ka mogopolo wa gore letsatsi lengwe di tla gapa lefatshe, le gore le tla laolwa ke tumelo ya tsone? Ke efe ya tsone e e tla letlang mowa go nna mo gare ga tsone ka kagiso, o o ipolelang tumelo ya one mo go atameleng ga Morena ka phatlalatsa le kwantle ga poifo? A ga se gore dipeelo tsa go nna mo gare ga bone o sa kgorelediwe ke gore o ‘tlogele gotlhelele’ go ntsha tumelo ya gago phatlalatsa mo go tlang ga Morena monongwaga, go sa kgathalesege gore o dumela eng ka kgang e, le fa o ka ikutlwa go le botlhokwa go goa o re, ‘Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone’?”

GSAM 176Bosupi jwa ga Mansfield

GSAM 176.3L. D. Mansfield, a kwala a le kwa Oneida, N.Y., ka di 21 Mopitlwe, 1844, o paka jaana:—

GSAM 176.4“Modimo o dira mo megopolong ya bana ba gagwe ba ba rategang ba ba letetseng Morena go tswa kwa legodimong, mme o ba etelela pele e seng fela go reetsa moengele ‘yo o nang le efangele ya bosakhutleng go e rera, a re, lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone’, mme le go obamela taelo e e latelang, ‘Mo tlogeleng, batho ba me!’ Ke tlhomamisegile go feta le fa e le leng pele, gore mekgatlho ya bodumedi ya malatsi ano ke karolo e kgolo ya Babelone e e tshwanetseng go thubiwa ka maatla, mme e se ka ke ya tlhola e bonwa gotlhelele.... Le fa go ntse jalo, go lebega mo go nna gore mo mekgatlhong e mengwe, go tshwana le lonaka lo lonnye go bonala thata. Dikai dingwe di tla tlhalosa kgang eno.

GSAM 176Mowa wa Segopa o a Itlhagisa

GSAM 176.5“Monna mongwe wa modumedi yo o neng a berekile ka katlego e kgolo mo kgaolong eno, a rera go tla ga Morena, o ne a beile nako ya go neela thuto kwa lefelong le le rileng ka nako e e beilweng. Morena o ne a dira gore a nne dimaele di le lesome le borataro go tswa fa thuto e neng e tshwanetse go nna teng, mme moruti wa _____ o ne a le teng, a eteletse setlhopha sa batho ba ba sa laolesegeng pele, a tshotse sekontiri le mafafa, ka maikaelelo a go di tshasa mo motlhanka yoo wa Modimo o Mogodimodimo. Moruti yono ene o ne a simolola phuthego e e tsayang lobaka lo loleele moragonyana, mme sengwe le sengwe se ne se le tsididi jaaka aese ya Bokone—go ne go se na meya e e tsositsweng kgotsa e e sokologileng. Kgabagare moruti a re o dumela gore o tla ‘tlhoka go nna mo setulong sa ba ba tlhobaetseng.’
GSAM 177.1“Moeteledipele wa setlhopha mo motsaneng ono o boleletse setlhopha sa gagwe gore fa re ntse re tshwara dipokano fano, fa monna mongwe a ka tsena mo ntlong ya gagwe a re o dumela gore Keresete o tla tla monongwaga, o tla mo ntsha ka fa ntle.”

GSAM 177Tiro go Diphuthego

GSAM 177.2Mo ntlheng eno re tla tsenya bosupi go tswa mo puong e e neng e neelwa khonferense ya badumedi ba go tla ga Morena ba ba neng ba phuthegetse kwa Boston, Mass., ka di 31 Motsheganong, 1844, mme ya saenwa ke Wm. Miller, Elon Galusha, N. N. Whiting, Apollos Hale, le J. V. Himes. Ba re:—

GSAM 177.3“Ka ga maikarabelo a rona go diphuthego le rona re ka bua lefoko. Kotsi fano, jaaka mo mabakeng a mangwe a mantsi, e lebega e le mo go feteletseng dilo. Mofuta wa ntlha wa kotsi ke wa go letlelela bolaodi jwa phuthego e re ka tswang re le maloko a yone go re didimatsa mo potsolotsong e e ntseng jaana ya maikarabelo. Ga re na pelaelo gore diketekete ba ipeile mo kgalong fa pele ga Modimo ka go ineela mo ditlhokong tsa diphuthego tsa bone tse di sa tsamaelaneng le Dikwalo mo kgannyeng eno, ba, fa ba ka bo ba ne ba itshwareletse le go nna ba ba ikanyegang, jaanong ba ka bo ba le mo seemong se se babalesegileng thata, e bile ba le mosola go feta, le fa le bone ba ka bo ba bidiwa go boga.
GSAM 177.4“Mofuta wa bobedi wa kotsi ke wa go ineela mo moweng wa go ipusolosetsa mo diphuthegong ka ntlha ya tshiamololo ya tsone mo go rona, le go lwa ntwa e e sa tlhaoleng kgatlhanong le mekgatlho yotlhe e e ntseng jalo. Fa go tla mo tirong ya Baadventista, mabapi le diphuthego tse ba ka tswang ba amana le tsone, fa re ne re ka kopiwa go e dira, re ne re se ka ke ra ntsha ditaelo dipe tse di ka dirisiwang ka kakaretso. Ba tshwanetse go dira mo poifong ya Modimo, jaaka maemo a kgang a batla.
GSAM 178.1“Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna le maikemisetso a a tiileng mo go direng tiro ya rona, ka go supa boammaaruri mo ditšhono tsotlhe tse di maleba le tse di tshwanetseng. Mme fa ka go tsaya tsela e re kgopisa diphuthego, mme di re tshosetsa ka go re koba fa re sa didimale (le fa go ka nna tsela e e botoka go kgaola kamano ya rona le phuthego ka kagiso), a re dire tiro ya rona, mme fa re kobwa, re nne pelotelele mo go rwaleng kgopiso, mme re iketleeletse go tsamaya le Morena wa rona ‘go tswa kwa ntle ga motse, re rwele kgobo nae.’”

GSAM 178.2Go tswa mo dipolelong tse di malebana le tiro ya diphuthego mo go ba ba neng ba neela molaetsa wa moengele wa bobedi, go ka bonwa motlhofo gore, jaaka maduo a ntlha a go neela pitso e ya bobedi ya “selalelo,” ba ba neng ba phuthagetse mo lesakeng le le lengwe la semoya ba buiwa jaaka “digole,” “batlhotsi,” le “difofu,” se se supang ka maatla kgokgontsho e ba neng ba e amogetse go tswa mo “go iteweng” ke “badiredi-ka-bone,” ba ba neng ba kgaogantswe le bone.

GSAM 178Setšhaba se se Kgethilweng se se Farologaneng go Amogela Boammaaruri jo Bosha

GSAM 178.3Maikaelelo a Morena a ka lemogwa sentle mo go tlhagiseng setšhaba se se farologaneng ka fa tlase ga kgaso ya molaetsa wa moengele wa bobedi—pitso ya bobedi ya “selalelo”—le “mokgosi wa bosigogare.” Boammaaruri jwa botlhokwa jwa malatsi a bofelo bo ne bo tshwanetse go batliwa le go bolelwa—tiro e e neng e ka se dirwe mo diphuthegong tse di “gagamaditsweng ke ditumelo” go feta jaaka phuthego ya baaposetoloi e ne e ka se kgone go rera efangele mo lefatsheng fa e ntse e golagane le ditlhopha tsa Sejuta. Modimo o ne a laela kgaogano koo,9 mme gape o ne a laela kgaogano ya badumedi ba go tla ga Morena go tswa mo go ba ba neng ba tla leka go ba tshwarelela mo teng ga sediko sa ditumelo tsa bone.

GSAM 179“Six Sermons” tsa ga Storrs

GSAM 179.1Go ise go ye kae morago ga go tswa gono ga bone, re lemoga gore lesedi le ne la tla kwa ditlhopheng tsa badumedi ba go tla ga Morena ka ga kotlhao ya isagwe, jaaka go tlhalositswe mo pampitshaneng, “Six Sermons,” ka George Storrs, e e neng e tsaya pono ya gore motho ka tlhago o a swa; gore baswi ga ba na kitso fa gare ga loso le tsogo; gore kotlhao ya bofelo ya ba ba sa siamang e tla nna go nyelela gotlhelele; le gore go sa sweng ke mpho ya Modimo, e e amogelwang fela ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.

GSAM 179.2Diketekete tsa Baadventista di ne tsa amogela thuto eno ya tlholego ya motho, mme e ne e se botlhe ba bone. Go e gana ga go a ka ga tlisa tlhakatlhakano mo go bone, ka jaana e ne e tsewa fela jaaka kgang ya tumelo, e seng teko ya maemo a boitsholo; ka jalo maiteko a a kopanetsweng a go tlhagisa lefatshe ka go atamela ga ga Keresete a ne a sa kgaoge. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le ditlamorago tsa go tsosa kgalefo ya diphuthego kgatlhanong le bone.

GSAM 179Go palelwa go ganetsa “Six Sermons”

GSAM 179.3Moruti wa Methodist mo toropong e ke neng ke nna mo go yone, yo pele a neng a tsere karolo mo go rera thuto ya go tla ga Morena ka 1843, o ne a amogela “Six Sermons,” a e bala, mme a dumela le maloko a phuthego ya gagwe gore o ne a palelwa ke go ganetsa thuto eo; mme fa a bona gore bontsi jwa maloko a phuthego ya gagwe ba ne ba e amogela, o ne a gakolola ba bangwe gore ba se ka ba bala buka eo, ka gonne “ba ne ba tla dumela thuto eo fa ba ka e bala.” Ka kgwedi ya Lwetse, 1844, morago ga moruti yo a boa kwa khonferenseng ya ngwaga le ngwaga, o ne a ema mo seraleng sa gagwe mme a latola thuto ya go tla ga Morena phatlalatsa, a ba a kopa phuthego maitshwarelo ka boikokobetso go bo a kile a laletsa dibui go bua mo ntlong ya phuthego.

GSAM 179Go Sekisiwa ka ntlha ya Bofapogi

GSAM 179.4Tiro eno ya moruti e ne ya latelwa ka bonako ke maiteko a go sekisa badumedi ba tumelo ya go tla ga Morena ka ntlha ya bodumedi jo bo sokameng; mme ka jaana ba ne ba letlelelwa go buelela dikgetsi tsa bone go tswa mo Baebeleng, phuthego ga e a ka ya fenya. Ba le mmalwa ba ne ba kobiwa mo phuthegong eno ka gonne ditsela tsa bone di ne di sa tsamaelane le molao wa tsamaiso, mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba ikgogela morago ka ntlha ya go kobiwa ga maloko a tumelo ya one e neng e ka se supiwe e le kgatlhanong le Dikwalo. Ka jalo thuto ya go tla ga Morena e ne ya kobiwa ruri mo phuthegong e mo go yone makgolokgolo a neng a bonye Mmoloki mme a itumelela mo Modimong.

GSAM 180.1Se se dirilweng kwa toropong ya gaetsho se ne sa diragadiwa gape le mo diphuthegong tse dingwe di le makgolokgolo go ralala naga. Ba ba neng ba tshwarwa jalo ke bakaulengwe ba bone ba pele ba ne ba bona kgomotso e kgolo mo mafokong a moporofiti Isaia: “Utlwang lefoko la Morena, lona ba lo roroma ka lefoko la gagwe: Bomonnawe ba lona ba ba neng ba lo ila, ba ba neng ba lo koba ka ntlha ya leina la me, ba ne ba re, A Morena a galalediwe; mme o tla tlhagelela go nna boitumelo jwa lona, mme bone ba tla tlhabiwa ke ditlhong.”10

GSAM 180Bogale jwa Baikepi bo Senotswe

GSAM 180.2Jaaka letsatsi le Morena a neng a lebeletswe le ne le atamela, badumedi ba ne ba gagamatsa ditiro tsa bone, mme baikepi ba ne ba galefa le go sotla le go feta, jaaka go tla bonwa mo polelong e e latelang e e dirilweng ke morulaganyi wa Midnight Cry ya Oct. 31, 1844:—

GSAM 180.3“Ditlamorago tse motsamao o, o neng o di baka mo go ba ba bosula, gape di ne tsa re thusa thata go tiisa tumelo ya rona ya gore Modimo o ne a le mo go one. Fa bana ba Modimo ba ne ba phuthegetse go obama le go ikokobetsa fa pele ga gagwe, le go ipaakanyetsa go tla ga gagwe, jaaka go tshwanetse setlhopha sa baleofi go dira, ba ba neng ba ka bolokwa fela ka bopelotlhomogi, baikepi ba ne ba supa letlhoo le legolo. Fa re ne re sa itsise ka dipitso tsa rona kwa ntle ga mo pampiring ya rona, e bile re sa laletsa setšhaba teng, bomorwa Beliale ba ne ba kgobokanela mo go tsone, mme ba baka tlhakatlhakano e kgolo. Mo maitseboeng a Matlhatso, a di 12 tsa kgwedi eno [Oct. 12, 1844], re ne re se na phuthego kwa tabernakeleng, gore motlhokomedi [moloki], a nne le sebaka sa go phepafatsa ntlo go ipaakanyetsa Sabatha [Sontaga]. Mme boidiidi bo ne jwa thuba bo tsena mo ntlong, mme jwa gana le sebaka seo. Le fa go ntse jalo, ratoropo, a sa kopiwa, o ne a tsereganya ka bonako, mme a ba leleka.
GSAM 181.1“Mo dipokanong tsa rona tsa Sontaga e e latelang, fa tabernakele e sena go tlala, boidiidi jo bontsi bo ne jwa tlala mo mmileng fa pele ga kago, bontsi jwa bone bo galefile gore mongwe a ka dumela mo go tlang ga Morena. Mo maitseboeng, ka ntlha ya tlhakatlhakano ya boidiidi jwa batho, go ne go se na phuthego e e neng ya tshwarwa; le fa go ntse jalo, seterata se ne se tletse ka boidiidi jwa batho go sa le gale; mme go tsereganya ka bonako ga ga ratoropo le mapodisi a gagwe a a nang le bokgoni go ne ga phepafatsa seterata, morago ga go isa ba se kae kwa ntlong ya tshwaro. Re ne re ka tshwantshanya fela boitshwaro jwa boidiidi jwa batho le jo bo neng bo dikologile mojako wa ga Lote, ka maitseboa pele ga tshenyo ya Sodoma.... Motsamao ono mo go bone o ne o le wa tshoganyetso, o diragala ka nako e le nngwe, e bile o aname thata, mo ponagalo ya one ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa ya Sejuta e re tiisitseng mo mogopolong wa rona wa gore e tshwanetse ya bo e le kgwedi eno.”

GSAM 181Banyatsi ba Apara Diaparo tsa Tlhatlogo

GSAM 181.2Ka di 22 tsa Diphalane, 1844, letsatsi le malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a neng a fela ka lone, kwa Paris, Maine, fa badumedi ba ne ba phuthegetse mo ntlong ya kobamelo, ba ne ba rapela Modimo ka tlhompho, ba letetse gore Morena a tle ka letsatsi leo, basotli ba ne ba phuthegela go dikologa ntlo, ba opela dipina tsa go sotla. Ba babedi ba basotli bano ba ne ba apara diaparo tse ditelele tse ditshweu mme ba palama borulelo jwa ntlo, ba opela dipina, ba tshega ba ba neng ba le mo teng ga ntlo ba rapela ba letetse go tla ga Morena.

GSAM 181.3Go ka direga gore maaka a a anameng ka ga Baadventista go apara diaparo tsa go tlhatlogelwa kwa legodimong a simologile mo tiragalong eno; gonne le fa dipampiri tsa Baadventista di ne di solofeditse maduo a a kwa godimo jaaka $500 go bona le fa e le sekai se le sengwe fela sa nnete sa Moadventista yo o neng a apere seaparo sa go tlhatlogelwa ka 1844, mme a letile Morena go tla, ga go ise go ke go nne le lepe le le kileng la tlhagelediwa.

GSAM 182Pono ya ga Hazen Foss, 1844

GSAM 182.1Mo nakong eno go ne go na le lekau le le bidiwang Hazen Foss, le le neng le nna kwa Poland, Maine, le le neng le dumela ka tlhomamo gore Morena o tla tla ka letsatsi la bo lesome la kgwedi ya bosupa. E ne e le monna wa ponalo e ntle, yo o neng a kgona go buisana le batho, e bile a rutegile sentle. Dibeke di sekae pele ga “mokgosi wa bosigogare” o fela, Morena o ne a atamela mme a mo naya ponatshego, e mo go yone a neng a bontshiwa loeto lwa batho ba go tla ga Morena go ya kwa motseng wa Modimo, le dikotsi tsa bone. O ne a fiwa melaetsa mengwe ya tlhagiso e a neng a tshwanetse go e isa, mme gape o ne a bona diteko le pogiso tse di neng di tla latela fa a ka ikanyega mo go boleleng se a se bontshitsweng. Ene, fela jaaka Rre Foy, o ne a bontshiwa dikgato di le tharo tse batho ba Modimo ba neng ba tshwanetse go tsena ka botlalo mo tseleng e e yang kwa motseng o o boitshepo. Ka go bo a ne a dumela ka tlhomamo mo go tlang ga Morena “mo malatsing a sekae a a oketsegileng” (jaaka ba ne ba opela ka nako eo), karolo ya ponatshegelo e e amanang le dikgato tse tharo tsa tsela e ne e sa mo tlhalosegele; mme ka tlhago a na le mowa wa boikgogomoso, o ne a tshaba sefapaano, mme a gana go e anela. Pono e ne ya boeletswa la bobedi, mme gape a bolelelwa gore fa a ne a sa ntse a gana go anela se a neng a se bontshitswe, morwalo o ne o tla tsewa mo go ene, mme o neelwe mongwe wa bana ba Morena ba ba bokoa go gaisa, yo o neng a tla anela ka boikanyego se Modimo a neng a tla se senola. Gape a gana. Go tswa foo a ne a fiwa ponatshegelo ya boraro, mme a bolelelwa gore o golotswe, mme morwalo o ne o beilwe mo go mongwe wa ba ba bokoa go gaisa, yo o neng a tla dira go ya ka taelo ya Morena.

GSAM 182Foss o Palelwa ke go Bolela Pono ya Gagwe

GSAM 182.2Seno se ne sa tshosa mosimane, mme a swetsa go anela se a neng a se bontshitswe, mme ka jalo a beela nako ya phuthego. Batho ba ne ba phuthega go tla go bona le go utlwa. O ne a anela ka kelotlhoko maitemogelo a gagwe, ka fa a neng a ganne go anela se Morena a neng a mo bontshitse sone, le se se neng se tla tswa mo go ganeng ga gagwe. “Jaanong,” a bua, “ke tla anela pono.” Mme ka maswabi! go ne go setse go le thari: o ne a ema fa pele ga batho a didimetse jaaka sefikantswe, mme kgabagare a re ka kutlobotlhoko e e tseneletseng, “Ga ke gakologelwe lefoko lepe la ponatshegelo.” O ne a tshwaraganya diatla tsa gagwe a di sosora ka kutlobotlhoko, a re, “Modimo o diragaditse lefoko la gagwe. O nktsere ponatshegelo,” mme ka go tlhobaela mo mogopolong a re, “Ke monna yo o latlhegileng.” Go tloga ka nako eo o ne a latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe mo go Keresete, mme a wela mo seemong sa go felelwa ke tsholofelo. Ga a ka a tlhola a ya kopanong ya Moadventista gape, mme a se na kgatlhego epe mo bodumeding. Maitshwaro a gagwe ka ditsela di le dintsi, go bua bobotlana, a ne a tshwana le a motho yo o amogilweng tlhotlheletso e e bonolo ya Mowa wa Morena, wa motho yo o “tlogetsweng mo ditseleng tsa gagwe, go tlala ka ditiro tsa gagwe.” A tlhokafala a le mo seemong se sa mogopolo ka 1893.

GSAM 183Pono ya ga Foss e e Bolelwang ke yo Mongwe

GSAM 183.1Mo e ka nnang dikgwedi di le tharo morago ga nako e a neng a paletswe ke go gopola ponatshegelo ya gagwe, o ne a utlwa go tswa mo phaposing e e bapileng, ponatshegelo e e anelwang ke motho o sele. Kopano e ne e tshwaretswe mo ntlong ya bonno kwa a neng a le teng. O ne a rotloediwa go tsena mo kopanong, mme a gana. O ne a re ponatshegelo e ne e tshwana thata le e a e bontshitsweng, jaaka batho ba babedi ba ka anela selo se le sengwe ka go tshwana. Mme ka jalo go ne ga itsiwe se a neng a se bone mme a palelwa ke go se gopola fa a leka go se anela. Fa a bona motho yoo moragonyana, a re, “Ke sediriswa se Morena a mo imeditseng morwalo.”

GSAM 183Go Swabisiwa ka Maswabi

GSAM 183.2Letsatsi la bo lesome la kgwedi ya bosupa, ka nako ya Sejuta (Oct. 22, 1844), le ne la goroga kgabagare. Le fitlhetse diketekete tsa batho ba ba neng ba lebeletse nako eo go fitlhelela tsholofelo ya bone e e tletseng. Ba ne ba sa rulaganyetsa sepe sa lefatshe se se fetang letlha leo. Ba ne ba sa akanya le go akanya, “fa e sa tle,” mme ba ne ba rulagantse ditiro tsa bone tsa lefatshe jaaka ba ka bo ba dirile fa ba ne ba solofetse gore letsatsi leo le tla konosetsa nako ya matshelo a bone a tlholego. Ba ne ba tlhagisitse le go rotloetsa ba ba bosula go tshaba kgalefo e e tlang, mme bontsi jwa bone bo ne bo boifa gore molaetsa o ka nna wa nna nnete. Ba ne ba gakolotse le go rapela le masika a bone, mme ba laetse salang sentle go ba ba neng ba sa neele dipelo tsa bone go Modimo. Ka bokhutshwane, ba ne ba laetse dilo tsotlhe tsa lefatshe ka tlotlo yotlhe ya motho yo o iponang a le gaufi le go ema fa pele ga Moatlhodi wa lefatshe lotlhe. Ka jalo, ka tlhobaelo e e boitshegang, ba ne ba phuthegela kwa mafelong a bone a kobamelo, ba letetse, ka motsotso o mongwe le o mongwe, go utlwa “go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo,” le go bona magodimo a tuka ka kgalalelo ya Kgosi ya bone e e tlang.

GSAM 184.1Diura di ne di feta ka bonya, mme kgabagare fa letsatsi le sena go phirima kwa bophirima, letsatsi la lesome la Sejuta la kgwedi ya bosupa le ne le fedile. Lefifi la bosigo la apesa lefatshe gape ka khutsafalo; mme ka lefifi leo go ne ga tla kutlobotlhoko mo dipelong tsa badumedi ba go tla ga Morena, e e neng e tshwana fela le kutlobotlhoko ya barutwa ba Morena wa rona, fa ba ne ba boela gae ka tlotlo mo bosigong jo bo latelang go bapolawa le go bolokwa ga ene yo, nako e khutshwane fela pele ga foo, ba neng ba mo tsholeditse ka boipelo go mo isa kwa Jerusalema e le Kgosi ya bone.

Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe

  1. Tshenolo 14:8. ↩
  2. Luke 14:21. ↩
  3. Luke 14:17. ↩
  4. Luke 14:21; Tshenolo 14:8. ↩
  5. Tshenolo 18:2-4. ↩
  6. Tshenolo 3:3. Go bona tlhaloso e e tletseng ya diphuthego di supa, leba kwa go Thoughts on Daniel and the Revelation. ↩
  7. Ditiro 19:8, 9. ↩
  8. 2 Bakorintha 6:17, 18. ↩
  9. Ditiro 13:46. ↩
  10. Isaia 66:5. ↩

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago