Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
Lenaane la Diteng
08 / 29
08 / 29

Kgaolo 7 — Tswelelopele e e bofefo ya Molaetsa

John Norton Loughborough

GSAM 126.1“Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo. Mme a tsholetsa lokwalonyana ka seatla lo menolotswe. A tlhoma lonao lwa gagwe lo logolo mo lewatleng mme lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng, mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba.... Hong moengele yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong, mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le sengwe le sengwe se se mo go lone le lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone le lewatle le tse di nnang mo go lone, gore ga go kitla go tlhola go nna le nako, mme e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa.” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)1

GSAM 126Moengele Letshwao la Barongwa ba Batho

GSAM 126.2Jaaka go setse go bontshitswe, tiro ya go rera efangele e neetswe motho, mme Morena o solofeditse tshegofatso ya gagwe mo tirong eo go fitlha kwa “bokhutlong jwa lefatshe.”2 Ka jalo, moengele yo o tshwereng molaetsa o, o tshwanetse go nna sesupo sa molaetsa o o amanang le nako o o tla rerelwang banni ba lefatshe. Molaetsa o bolelwa go tswa mo bukeng e e “bulegileng,” se se supang sentle gore e kile ya bo e tswetswe. Barongwa ba, ba tlotlegile mo go Modimo; gonne “motshe wa godimo,” o e leng sesupo sa kgolagano ya Modimo, o fa godimo ga bone, mme ba eme ba apere lesedi la kgalalelo ya Modimo, e bile ba bolela molaetsa ka taolo ya Mmopi wa dilo tsotlhe. Se se bolelwang fano ke molaetsa wa nako, o o kileng wa “tswetswa,” mme jaanong o bolelwa go tswa mo bukeng e e “bulegileng”.

GSAM 127.1Mo dikgaolong tse di fetileng go supilwe gore Morena o supile nako ya fa lesedi le ne le tshwanetse go neelwa malebana le bokhutlo jwa nako e kgolo ya boporofeti—malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo—e e isang kwa katlholong ya dipatlisiso; gore polelelopele ya gore kitso e tla oketsega e diragaditswe ka nepagalo ka go tlhoma ba le bantsi ba a ba senoletseng lesedi leo; le gore gape o ne a supa nako e “thuto ka setlhare sa mofeige” e neng e tshwanetse go ithutiwa, ka go tsholetsa baruti ba gagwe ka nako eo go ya go bolela tshwantshanyo eo mo lefatsheng. Ka nepagalo e e tshwanang le eo o supile ntlha e molaetsa wa nako o neng o tshwanetse go gola go fitlha mo seleletsong sa one se se kwa godimo, mme go ne ga diragadiwa ka nepagalo e e tshwanang le eo.

GSAM 127Modumo o o kwa Godimo wa Molaetsa wa Ntlha

GSAM 127.2Nako e modumo o o kwa godimo wa kitsiso eno o neng o tshwanetse go dirwa ka yone ke potso e e kgatlhisang. E beilwe fano fa gare ga go lela ga terompeta ya borataro le ya bosupa, se se ka bonwang e seng fela ka maemo a yone mo Sekwalong, mme le ka molaetsa ka boone, o o reng: “e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa.” Se ke bosupi jo bo feletseng jwa gore nako e e boleletsweng mo molaetseng o e fitlha kwa go leletsweng ga terompeta ya bosupa.

GSAM 127Nako ya Modumo o o kwa Godimo

GSAM 127.3Fa moengele wa bosupa a leletsa, re bala gore “mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng.”3 Mo tirelong ya lefelo le le boitshepo la lefatshe, phaposi e e nang le letlole—lefelo le le boitshepo go gaisa—e ne e bulwa gangwe fela ka ngwaga; seo e ne e le ka letsatsi la tetlanyo, mme ka maikaelelo a go phimola maleo—go phepafatsa lefelo le le boitshepo. Nako e e builweng ke baporofiti, e tiro eno ya phepafatso, jaaka e dirilwe ke Keresete, e tshwanetseng go diragala ka yone, ke kwa bokhutlong jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo.4 Gape go bolelwa gore fa moengele wa bosupa a leletsa, mantswe a utlwala kwa legodimong a re nako e gorogile ya gore baswi ba atlholwe.5

GSAM 128.1Setshwantsho seno sa boporofeti sa Tshenolo 10 se supa nako e molaetsa o o tshwanetseng go anamisiwa ka yone ka go “goa thata”, mme kgabagare, “jaaka go duma ga tau”. Nako e, go ya ka boporofeti jono, molaetsa o neng o tshwanetse go gola go fitlha mo “modumong wa one o mogolo” e simolola kwa bokhutlong jwa terompeta ya borataro go fitlha kwa bokhutlong jwa motlha oo wa boporofeti o o isang kwa phepafatsong ya lefelo le le boitshepo, ka mafoko a mangwe, go fitlha kwa bokhutlong jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo. Diterompeta tsa ntlha tse nne di ne tsa diragadiwa mo dintweng tsa Ba-Goth, Ba-Vandal, Ba-Hun, jalo jalo, tse di neng tsa kgaoganya Roma ya Bophirima ka dikarolo kgotsa bogosi di le lesome.

GSAM 128Terompeta ya Botlhano

GSAM 128.2Terompeta ya botlhano e supa go tlhatloga ga bodumedi jwa Bomahemete ka leru la jone la diphoso, mme bogolo jang motlha wa “dikgwedi di le tlhano,” kgotsa dingwaga di le lekgolo le masome a matlhano tsa nnete go tloga ka nako e ba “neng ba na le kgosi mo go bone.” Ka Phukwi 27, 1299, Othman, mothei wa mmusomogolo wa Ottoman, o ne a tlhasela naga ya Nicomedia. Go tloga ka nako eo, Ba-Ottoman ba ne ba tshwenya le go “tlhokofatsa” mmusomogolo wa Botlhaba wa Roma go fitlha ka Phukwi 27, 1449, dingwaga di le lekgolo le masome a matlhano tsa go lela ga terompeta ya botlhano. Ka nako eo Baturuke ba ne ba tla ka masole a bone kgatlhanong le toropo ya Constantinople ka boyone, ba dirisa mosidi wa tlhobolo mo ntweng ya bone; mme go tswa mo kanoneng e e bokete, e rahisitori Gibbon a reng e ne e tlhoka dikgomo di le masome a marataro go e goga, ba ne ba thuntsha matlapa a magolo kgatlhanong le mabota a Constantinople.

GSAM 128Kwa Bokhutlong jwa Terompeta ya Borataro

GSAM 128.3Mo e ka nnang ka nako eno John Palleologus, yo o tsewang ke boraditiragalo e le mmusi wa bofelo wa Mo-Gerika, o ne a tlhokafala. Constantine Decozes e ne e le mojalefa yo o tshwanetseng wa setulo sa bogosi, mme go bolelwa gore poifo ya gagwe ya ga Amurath, sultan wa Mo-Turkey, yo o neng a mo lwantsha, e ne ya dira gore a kope tetla mo go Amurath go palama setulo sa bogosi. Tiro e e ntseng jalo e ne e ka batla e lebega e le go neela Ba-Turkey setulo sa bogosi. Tota, go ise go ye kae Boma-Ottoman ba ne ba gapa toropo ya Constantinople le mmuso wa Botlhaba wa Roma. Ka jalo ba (mo sepolotiking) “bolaile” mmuso oo o ba neng ba o “tlhokofaditse” pele. Ba ne ba tshwanetse go o “bolaya” “oura, le letsatsi, le kgwedi, le ngwaga.”

GSAM 129.1Fa seno se tsewa jaaka nako ya boporofeti, letsatsi le le lengwe e le ngwaga o le mongwe, e ka nna nako e e kae? Bothata bo motlhofo: ngwaga o na le malatsi a le 360, kgotsa dingwaga; kgwedi e na le malatsi a le 30, kgotsa dingwaga; mme letsatsi le le lengwe le lekana le ngwaga o le mongwe,—gotlhe ga nna, ke malatsi a le 391, kgotsa, ka tlhamalalo, ke dingwaga di le 391. Ure e le karolo ya bo masome a mabedi le bone ya letsatsi, jaaka sesupo, e ka nna sephatlo sa kgwedi, kgotsa malatsi a le lesome le botlhano. Nako yotlhe ya puso e e ikemetseng ya Bamoseleme mo kgaolong ya Roma Botlhaba ka jalo e ka nna dingwaga di le 391 le malatsi a le 15. Fa seno se okediwa mo go Phukwi 27, 1449, se re isa kwa Phatwe 11, 1840, go feleletsa nako ya boipuso jwa Baturuke, jaaka go tlhalositswe ka terompeta ya borataro.

GSAM 129Dr. Josiah Litch o Bolelelapele go Wela ga Mmusomogolo wa Ottoman

GSAM 129.2Ka 1838 Dr. Josiah Litch, wa kwa Philadelphia, Pa., a sena go amogela boammaaruri jo bo neng bo beilwe ke William Miller, o ne a kopana mo tirong ya go anamisa molaetsa thata. O ne a baakanyetsa batho dipampiri tse di gatisitsweng ka ga diterompeta tse supa tsa Tshenolo. O ne a tsaya maemo a a sa reketleng gore terompeta ya borataro e tla emisa go lela le gore puso ya Ottoman e tla wela ka letsatsi la bo 11 la Phatwe, 1840, le gore seo se tla supa lefatshe gore letsatsi mo boporofeting jwa ditshwantshetso le emetse ngwaga wa nnete.

GSAM 129.3Bangwe ba bakaulengwe, tota le ba ba neng ba dumela le ene mo ntlheng e, ba ne ba roroma ka poifo ka ntlha ya maduo “fa e sa direge” jaaka a ne a buile. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa mo tshosa, mme o ne a tswelela pele go dira gotlhe mo a neng a ka go kgona go phasalatsa megopolo ya gagwe ka ga kgang ya Turkey. Dikuranta tsa setšhaba di ne tsa anamisa kgang e a neng a e buile ka yone. Mekgatlho ya batlhoka tumelo e ne ya sekaseka kgang eno mo dipokanong tsa yone, mme ya re, “Yo ke monna yo o lekang lesego, mme fa kgang eno e ka tsamaya jaaka a bua, go tla tlhomamisa kgang ya gagwe kwantle ga pelaelo ya gore letsatsi mo boporofeting le emela ngwaga, le gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo ke dingwaga di le kana, le gore di tla fela ka 1844.”

GSAM 130.1Kgatiso ya puo ya ga Dr. Litch e ne ya tsosa kgatlhego e kgolo, mme diketekete di ne tsa laelwa go lebelela bokhutlo jwa mathata a a neng a tlhageletse magareng ga Mehemet Ali, pasha wa Egepeto, le sultan wa Turkey. Makgolokgolo a ne a re, “Fa kgang e e fela jaaka ngaka e buile, e tla tlhomamisa molaomotheo wa ‘ngwaga-letsatsi’ wa go ranola nako ya tshwantshetso, mme re tla nna Baadventista.”

GSAM 130Sultan wa Turkey mo Ntweng le Pasha wa Egepeto

GSAM 130.2Mo dingwageng di le mmalwa pele ga 1840, sultan o ne a le mo ntweng le Mehemet Ali, pasha wa Egepeto. Ka 1838 kgang e e neng e le fa gare ga sultan le motlhanka wa gagwe wa kwa Egepeto e ne ya laolwa ka nakwana ke tlhotlheletso ya baemedi ba dinaga di sele. Le fa go ntse jalo, ka 1839, ntwa e ne ya simololwa gape, mme ya tswelela go fitlha, mo ntweng ya kakaretso magareng ga masole a ga sultan le Mehemet, masole a ga sultan a ne a senngwa gotlhelele mme a bolawa, mme dikepe tsa gagwe tsa tsewa ke Mehemet tsa isiwa kwa Egepeto. Sultan o ne a fokoditswe thata mo e leng gore, fa ntwa e simolola gape ka Phatwe, o ne a setse a na le dikepe di le pedi fela tsa maemo a a kwa godimo le di le tharo tsa ntwa e le masalela a a utlwisang botlhoko a setlhopha sa dikepe sa Turkey se se kileng sa bo se le maatla. Setlhopha se sa dikepe, Mehemet o ne a gana gotlhelele go se neela le go se busetsa kwa go sultan, mme a bolela fa e le gore dinaga tse di maatla di ka leka go se tsaya mo go ene, o tla se fisa. Dilo di ne di le mo seemong se, fa ka 1840, Engelane, Russia, Austria, le Prussia di ne tsa itshunya mo teng, mme tsa swetsa go rarabolola bothata; gonne go ne go le mo pepeneneng gore, fa a ka tlogelwa, Mehemet o ne a tla tloga a laola setulo sa bogosi sa sultan.

GSAM 131Go Tsenelela ga Dinaga tse di Kopaneng

GSAM 131.1“Sultan o ne a amogela go tsenelela gono ga dinaga tse di kopaneng, mme ka jalo a ineela mo kgannyeng eno ka boithaopo mo diatleng tsa tsone. Go ne ga tshwarwa phuthego ya dinaga tse kwa London, mme sheik, Effendi Bey Likgis, a le teng jaaka moemedi yo o tletseng maatla wa Ottoman. Go ne ga kwalwa taelo ya bofelo, e e neng e tla neelwa pasha wa Egepeto, e mo go yone sultan a neng a tla mo naya puso ya boswa ya Egepeto, le karolo yotlhe ya Syria e e tswang kwa Kgogometsong ya Suez go fitlha kwa Letsheng la Tiberias, mmogo le porofense ya Acre, botshelo jotlhe jwa gagwe; ene, mo letlhakoreng la gagwe, a tlogele dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa bogosi jwa sultan tse a neng a di gapile ka nako eo, mme a busetse dikepe tsa Ottoman. Fa a ne a gana tshitsinyo eno go tswa go sultan, dinaga tse nne tse di maatla di ne di tla tsaya kgang eno mo diatleng tsa tsone, mme di dirise mekgwa e mengwe go mo pateletsa go dumalana le tsone jaaka di bona go tshwanela.
GSAM 131.2“Go ne go bonala sentle gore fela fa taelo eno ya bofelo e sena go isiwa mo diatleng tsa ga Mehemet Ali, kgang e ne e tla nna kwa ntle ga taolo ya wa ntlha [sultan] go ya go ile, mme go laola dikgang tsa gagwe, go simolola ka nako eo, go ne go tla nna mo diatleng tsa dinaga di sele.

GSAM 131Boporofeti jo bo Diragetseng—Bofelo jwa Boipuso jwa Turkey

GSAM 131.3“Sultan o ne a roma Rifat Bey ka sekepe sa puso sa mouwane kwa Alexandria, go ya go bolelela pasha ka taelo ya bofelo. E ne ya neelwa mo diatleng tsa gagwe, mme a e tsaya mo diatleng tsa gagwe, ka letsatsi la bo lesome le motso la Phatwe, 1840! Ka lone letsatsi leo, sultan o ne a romela molaetsa kwa baemeding ba dinaga tse nne tse di maatla, a botsa gore go tla tsewa kgato efe fa pasha a ka gana go obamela dipeelo tsa taelo ya bofelo; mme ba araba gore go setse go dirilwe dithulaganyo, mme go ne go se tlhokafale gore a itlhobaele ka tiragalo epe e e ka nnang teng. Letsatsi leno, nako ya dingwaga di le makgolo a mararo le masome a robongwe le bongwe le malatsi a le lesome le botlhano e e neng e beetswe go tswelela ga puso ya Ottoman e fedile; mme boipuso jwa ga sultan bo ne bo le kae?—Bo fedile!”6

GSAM 132.1Go tloga ka letsatsi leo go fitlha gompieno, sultan o ntse a tshwanetse go dira go ya ka ditaelo tsa dinaga tse di maatla, a lebile go kgaoganngwa ga bogosi jwa gagwe, jaaka karolwana ka karolwana e ntse e tseelwa tiriso ke tsone.

GSAM 132Kgatlhego ya Setšhaba mo Boporofeting e Tsositswe

GSAM 132.2Go diragala gono go go gakgamatsang ga boporofeti go nnile le tlhotlheletso e kgolo mo megopolong ya batho. Go ne ga godisa kgatlhego ya batho go utlwa ka ga boporofeti jo bo diragetseng le jo bo ntseng bo diragala. Dr. Litch o ne a bolela gore mo dikgweding di sekae morago ga Phatwe 11, 1840, o ne a amogetse makwalo go tswa go batho ba ba tumileng ba ba sa dumeleng ba ba fetang sekete, bangwe ba bone e le baeteledipele ba ditlhopha tsa batho ba ba sa dumeleng, mo go one ba neng ba bolela gore ba tlogetse ntwa kgatlhanong le Baebele, mme ba e amogetse jaaka senolelo sa Modimo go motho. Bangwe ba bone ba ne ba sokologela gotlhelele kwa Modimong, mme ba le mmalwa ba bone ba nna dibui tse di nonofileng mo mokgatlhong o mogolo wa go tla ga bobedi ga Morena. Bangwe ba ne ba itlhalosetsa Dr. Litch ka tsela e: “Re ne re re batlhalosi ba boporofeti ba nopola mo ditsebeng tse di tsofetseng tsa hisitori go tiisa dipolelo tsa bone tsa go diragala ga boporofeti; mme mo kgannyeng eno re na le dintlha tse di tshelang fa pele ga matlho a rona.”

GSAM 132.3Go supa kafa molaetsa wa go tla ga gagwe o simolotseng go ya ka go “goa thata” fela fa terompeta ya borataro e fela, ke tla umaka kgang e e ntlhalositsweng ke mongwe wa ba ba neng ba le karolo ya molaetsa ono.

GSAM 132.4Ka ngwaga wa 1840, E. C. Williams, moroki yo mogolo wa ditente le masela a dikepe, wa kwa Rochester, N.Y., o ne a amogela molaetsa, mme a laletsa Baruti Miller le Himes go tla kwa Rochester go bua le diketekete tsa toropo eo. Ba araba ka gore ba tlhoka madi a a tlhokegang go hira holo e e lekaneng go amogela batho. O ne a araba, “Ke na le tente e e sediko ya bophara jwa dinao di le 120. Ke tla e tlhoma, ke tsenye ditulo mo go yone, le go e tlhokomela, mahala. Tlang lo phasalatse molaetsa.” “Ba ne ba tla,” a mpolelela, “mme tente ga e a ka ya lekana le bontlhanngwe jwa ba ba neng ba tlile go reetsa, ka jalo ka tsenya karolo e e boleele jwa dinao di le masome a mane, go dira tente ya bogolo jwa dinao di le 160 x 120. Tente e e ne e tletse batho letsatsi le letsatsi, mme makgolokgolo a ne a kgobokanela kwa ntle, botlhe ba tlhwaafaletse go utlwa lefoko.”

GSAM 133Makgolokgolo a Rera Molaetsa

GSAM 133.1Go kgotsofatsa kgatlhego e e neng e gola, go ne go dirisiwa ditente tse dikgolo, mme dipokano tsa mo morung di ne di tshwarwa ka setlha sa selemo. Dingwe tsa dikago tsa kereke tse dikgolo le diholo tsa botlhe di ne di dirisiwa ka mariga, mme tsotlhe di ne di tletse go tlala ka bareetsi ba ba kgatlhegang. Mo boemong jwa Moruti Miller go ema, jaaka a ne a dira pele ga 1840, “mo e ka nnang a le nosi” mo go boleleng molaetsa, ba ka nna makgolo a mararo ba ne ba mo tsenela mo go boleleng phatlalatsa bokhutlo jwa nako ya malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, le mo go goeng, “Ga go kitla go tlhola go nna le nako”, le, “Lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone.” Ka jalo re bona gore, fa nako ya Morena e goroga gore molaetsa o anamisiwe lefatshe ka bophara, lefoko la gagwe le ne la diragala, mme dimilione tsa batho tsa tlhotlheletsega ka keletso ya go utlwa pitso.

GSAM 133.2Se e neng e le nnete ka mokgatlho kwa Amerika, e ne e le nnete le kwa dinageng tse dingwe. Go tloga ka ngwaga wa 1840, mo boemong jwa batho ba se kae ba ba neng ba gasagasa dikgatiso tsa bone, ba le bantsi ba ne ba tlhagelela, jaaka e kete, go phasalatsa molaetsa. Kwa Engelane go ne go na le baruti ba le makgolo a supa ba Phuthego ya Engelane fela ba ba neng ba bolela molaetsa, re sa bue ka ba le bantsi ba bangwe ba ba neng ba dira tiro e e tshwanang. Mo ditšhabeng tse di fetang masome a mabedi tse di kwa pele mo lefatsheng, molaetsa o ne o tsamaya ka tlhwaafalo e e neng e dira gore molebeledi a re, “Batho ba, ba tlhaga tota.”

Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe

  1. Tshenolo 10:1-7. ↩
  2. Mathaio 28:19, 20. ↩
  3. Tshenolo 11:19. ↩
  4. Daniele 8:14. ↩
  5. Tshenolo 11:18. ↩
  6. Bona Thoughts on Daniel and the Revelation, ditsebe 497, 498. ↩

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago