Kgaolo 4 — Nako ya Bokhutlo
GSAM 77.1“FOO ka re, A Morena wa me, bokhutlo jwa dilo tse bo tla nna eng? Mme a re, Tsamaya, Daniele: gonne mafoko a tswaletswe e bile a sireleditswe go fitlha ka nako ya bokhutlo. ... Baikepi ba tla dira bobe: mme ga go ope wa baikepi yo o tla tlhaloganyang; mme ba ba botlhale ba tla tlhaloganya.”1
GSAM 77.1“A mpolelela a re, Tlhaloganya, wena morwa motho: gonne pono e tla nna ya nako ya bofelo.”2
GSAM 77.1“Mme wena, Daniele, tswala mafoko, o kanele buka, go fitlha ka nako ya bofelo; ba le bantsi ba tla taboga-taboga, mme kitso e tla oketsega.”3
GSAM 77.1Go rayang “nako ya bofelo” fano? Ga e ka ke ya nna bofelo ka bo jone, ka gonne mo seemong seo karolo ya boporofeti jwa Daniele e e neng e “tswetswe” e ka bo e se na mosola mo bathong. Jaaka “dilo tse di senotsweng ke tsa rona,”4 karolo eno e tshwanetse go nna le mosola ka nako nngwe. Ka jalo, polelwana ya “nako ya bokhutlo,” e tshwanetse go kaya nako e e gaufi le bokhutlo ka bo jone, e mo go yone dilo tse di builweng le Daniele di tla tlhaloganngwang.
GSAM 77Letsatsi la Paakanyetso ya Gagwe
GSAM 77.2Kwantle ga pelaelo e supa nako ele e e bidiwang ke moporofiti Nahume “letsatsi la paakanyetso ya gagwe.” Fano moporofiti o ne a bua ka tshenyego ya Ninefe ka “modumo wa seiteo, le modumo wa go duma ga maotwana, le wa dipitse tse di tlolatlolang, le wa dikariki tse di tlolatlolang.”5 Tlhokomelo ya moporofiti e gogetswe pele kwa masetlapelong a magolo a a tlang go tla mo lefatsheng lotlhe, fa “dithaba di a reketla ka ntlha ya gagwe, mme dithotobolo di a gakologa, mme lefatshe le a fisiwa fa a goroga, ee, lefatshe, le botlhe ba ba nnang mo go lone. Ke mang yo o ka emang fa pele ga kgalefo ya gagwe? Mme ke mang yo o ka itshokelang bogale jwa kgalefo ya gagwe? Bogale jwa gagwe bo tshologa jaaka molelo, mme matlapa a phatlolwa ke ene.... O tla dira bokhutlo jo bo feletseng; matshwenyego ga a kitla a tlhola a nna teng gape.”6
GSAM 78Dikara Tse di nang le Dirumula tse di Tukang
GSAM 78.1Mo godimo ga moo, moporofiti o bua ka letsatsi le la paakanyetso: “Dikara di tla nna le dipone tse di tukang ka letsatsi la paakanyetso ya gagwe, mme ditlhare tsa difere di tla roromoga go boitshega. Dikara di tlaa roroma mo mebileng, di tlaa kgothakgothana mo ditseleng tse di atlhameng: di tlaa tshwana le dipone, di tlaa taboga jaaka logadima. O tlaa bala ba ba tshwanelegang mo go ene: ba tlaa kgopama mo mosepeleng wa bone; ba tlaa itlhaganela go ya kwa loboteng lwa yone, mme tshireletso e tlaa baakanyediwa.”7
GSAM 78.2A tlhaloso e e nepileng jang ya terena ya segompieno ya lebelo le legolo, ka motsamaisi a ntse a bala bapalami ba gagwe gangwe le gape, go tswa seteisheneng go ya go se sengwe, mme ba kgopiwa fa ba tsamaya fa terena e tsamaya. Go tswa foo go na le tiriso e kgolo ya ditlhare tsa difere go dira dipolanka tsa seporo, ditiro tsa dikago tse di kwa godimo, matlo a tshireletso kgatlhanong le kapoko, jalo le jalo. Go bolelwa gore tsela e nngwe kwa Godimo ga Dithaba tsa Sierra Nevada e na le matlo a tshireletso kgatlhanong le kapoko a ditlhare tsa difere a boleele jwa dimaele di le masome a mane le bosupa. Mme moporofiti o ne a bolela gore seno se tla nna mo “letsatsing la paakanyetso ya gagwe.”
GSAM 78.3Nako eno ya bofelo e buiwa gape ke moporofiti Joele fa taelo e neelwa badiredi ba Morena, “Letsang terompeta kwa Sione, le go utlwisa modumo wa tlhagiso mo thabeng ya me e e boitshepo: a banni botlhe ba lefatshe ba rorome; gonne letsatsi la Morena le atamela, le gaufi.”8
GSAM 78.4Gape go buiwa ke moporofiti Sefania a re, “Kopanang mmogo, ee, kopanang mmogo, lona setšhaba se se sa batlegeng; pele ga taelo e ntshiwa, pele ga letsatsi le feta jaaka matlhaka, pele ga bogale jo bo maswe jwa Morena bo lo apesa, pele ga letsatsi la kgalefo ya Morena le lo apesa. Batlang Morena, lona lotlhe ba ba boikokobetso ba lefatshe, ba ba dirileng dikatlholo tsa gagwe; batlang tshiamo, batlang boikokobetso: gongwe lo ka fitlhwa ka letsatsi la kgalefo ya Morena.”9
GSAM 79.1Go tlhaloganya botoka gore polelwana “nako ya bofelo” e kaya eng, le gore e simolola leng, re tlaa leba sekao se sengwe kwa lefoko le le tshwanang le dirisitsweng teng. Mo kgaolong ya bo lesome le motso mo go Daniele go tlhagisiwa maatla a a gatelelang a a neng a tlaa laola go fitlha ka nako ya bofelo. Morena o ne a bua ka maatla ao a kgatelelo a re, “Bangwe ba ba botlhale ba tlaa wa, go ba leka, le go ba phepafatsa, le go ba sweufatsa, go fitlha ka nako ya bofelo: gonne yone [nako ya bofelo] e santse e beilwe nako e e beilweng.”10
GSAM 79Tiro ya Lonaka lo Lonnye
GSAM 79.2Batlhalosi ba Baporotesetanta ka kakaretso ba dumalana ka go amanya maatla a le “lonaka lo lonnye” lwa Daniele 7, le kereke ya Roma e e neng e na le maatla a puso mo diatleng tsa yone ka nako e e “beilweng”. Nako eo e e beilweng e ne e le “nako, dinako, le sephatlo.”11 E ne e le malatsi a boporofeti a le 1260—dingwaga di le 1260—tsa puso ya lefatshe ya lonaka lo lonnye, go tloga ka 538 go fitlha ka 1798 A.D. Ka nako eo ya bofelo, maatla a puso ya lefatshe a lonaka lo lonnye a ne a tseelwa, ka “nako e e beilweng.” Ka jalo ka nako eo batho ba ne ba emisitse go “wela” ka seatla sa maatla ao jaaka ba ne ba ntse ba wela pele. Ngwaga ono, he,—1798,—o supa tshimologo ya nako eo mo boporofeting jono e e bidiwang “nako ya bofelo.”
GSAM 79.3Ngwaga wa 1798 o tswaletse “malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro”—dingwaga di le 1260—tse mo go tsone “basupi ba me ba babedi” ba Morena (Testamente ya Kgale le e Ntšha) ba neng ba tshwanetse go “porofesa... ba apere letsela la kgetse.”12 Ka Nako ya Lefifi ya pogiso, Dikwalo di ne di bolokilwe ka dipuo tsa Segerika le Selatine, mme dipuo tse batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba sa di tlhaloganye. Go thibela Dikwalo jaana go tshwantshanngwa le go di apesa ka “letsela la kgetse.”
GSAM 80Basupi ba Babedi ba Bolailwe
GSAM 80.1“fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, [mo seemong sa go apara letsela la kgetse] modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone [Satane a tsitsibosa le go dira ka batho ba lefatshe] a ba fenya a bo a ba bolaya; mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka ‘Sodoma’ kgotsa ‘Egepeto’), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. [‘o a bapolwa,’ mo go Danish le Revised Version] Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona.”13
GSAM 80Puso ya Poitshego
GSAM 80.2Go bolawa ga Basupi bano go diragetse ka nako ya “puso ya poitshego” kwa Fora, go tloga ka 1792 go fitlha ka 1795—dingwaga di le tharo le sephatlo. Le fa Phetogo ya Fora e tsweletse dingwaga di ka nna thataro kgotsa di supa, e ne e le mo dingwageng tsa ntlha di le tharo le sephatlo fa ba dirileng maiteko a bone a magolo a go senya Baebele, bodumedi, le botlhe ba ba neng ba le pelokgale go buela nngwe ya tsone. Le fa Phetogo ya Fora e ne e ipolela fa e lwantsha bogosi le boferefere jwa baruti, tota e ne ya fetoga ntwa ya go nyeletsa Modimo le Baebele. Ka ga dinako tse di neng di le pele fela ga Phetogo re bala jaana,
GSAM 80.2“A go se ke ga lebalesega gore pele ga Phetogo ya 1792, bagogedi ba go tlhoka tumelo kwa Fora go bolelwa fa ba phuthile mo gare ga bone mme ba dirisa £900,000 [$4,500,000] mo ngwageng o le mongwe, ee, gantsi, mo go rekeng, go gatisa, le go anamisa dibuka go senya megopolo ya batho le go ba baakanyetsa ditiro tse di feteletseng.”14
GSAM 80Bakwadi ba ba sa Dumeleng
GSAM 80.3“Tsela ya Phetogelo e e ntseng jalo e ne ya baakanngwa ke dikwalo tsa ga Voltaire, Mirabeau, Diderot, Helvetius, D'Alembert, Condorcet, Rousseau, le ba bangwe ba ba neng ba tshwana le bone, tse mo go tsone ba neng ba leka go anamisa melaometheo e e phenyang bodumedi jwa tlholego le jo bo senotsweng ka bobedi. Tsenolelo ga e a ka ya ganediwa fela, mme e ile ya tlogelwa gotlhelele; Modimo o ne a lelekwa mo lobopong lotlhe, mme go ne ga bewa mo boemong jwa gagwe setshwantsho se se itlhametsweng se se bidiwang Modimotsana wa Tlhaloganyo.”15
GSAM 81.1Mo ngwageng wa 1793 megopolo ya batho e ne e le gore batshameki ba kwa seraleng ba ne ba thoholediwa ka modumo o mogolo ka ntlha ya go sotla ga bone ka matlhapa kgatlhanong le Modimo le Baebele. Jaaka sekao re nopola:
GSAM 81.1“Motshegisi Monert, mo Phuthegong ya St. Roche [Paris], o ne a isa boikepo kwa setlhoeng. A re, ‘Modimo, fa o le teng, ipusolosetse leina la gago le le kgobotletsweng! Ke go kgatlhantsha. O didimetse. Ga o na sebete sa go ntsha ditladi tsa gago. Ke mang yo morago ga se a tla dumelang mo go nneng teng ga gago?’”16
GSAM 81Tiro ya go Tlhapatsa Modimo kwa Lyons, Fora
GSAM 81.2Ka fa ba ba bolaileng Basupi, ba “kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong” gape, mme ba “mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng” (Bahebera 6:6), go tla bonala mo ditiragalong tsa moletlo o o neng o tshwerwe ke Fouché, kwa Lyons, go tlotla Chalier, Mmusisi wa Lyons, yo o neng a bolailwe. Pele ga a goroga kwa Lyons, Fouché o ne a laela gore
GSAM 81.2“ditshwantsho tsotlhe tsa bodumedi di tshwanetse go senngwa; le gore kwa godimo ga dikgoro tsa mabitla a diphuthego go kwalwe, Loso ke boroko jwa bosakhutleng.... Setshwantsho sa sehuba sa ga Chalier se ne sa rwalwa mo mebileng, se latelwa ke boidiidi jo bogolo jwa babolai le diaka. Morago ga bone go ne ga tla tonki e e neng e rwele efangele, sefapaano, le dijana tsa Selalelo, tse di neng tsa tshubiwa ka bonako, fa tonki yone e ne ya patelediwa go nwa beine e e segofisitsweng go tswa mo sekgomareng sa Selalelo.”17
GSAM 81.3Moletlo wa Tlhaloganyo o o neng o tshwaretswe kwa Paris o tlhalosiwa jaana:
GSAM 81.3“Ba ne ba ya kwa khonvensheneng ka mokoloko, mme boidiidi ... bo ne jwa dira metlae ka mekgwa e e tshegisang go gaisa ka meletlo ya bodumedi.... Banna, ba apere diaparo tsa bodiredi, ba ne ba tla ba opela di-hallelujah, ba bina Carmagnole, fa pele ga khonvenshene. Koo ba ne ba baya senkgwe sa Selalelo, mabokoso a se neng se bolokilwe mo go one, le difikantswe tsa gauta le selefera. Ba ne ba bua dipuo tsa metlae.... ‘Lona,’ go ne ga goa jalo setlhopha sa baemedi go tswa kwa St. Denis, ‘Lona, didirisiwa tsa tlhoafalo e e feteletseng ya sedumedi, baitshepi ba ba segofaditsweng ba mefuta yotlhe, nnang batlhanka ba naga kgabagare, tsogang lotlhe mmogo, mme le direle naga ka go ya kwa lefelong la go bopa madi go ya go gakolosiwa.’”18
GSAM 82Lentswe la Modimo le Tswa mo Lefifing
GSAM 82.1“morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone” (Basupi), mme ba “tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung.”19 Nako ya Modimo e ne e gorogile gore lefoko la gagwe le tswe mo lefifing le beelwe pele ga lefatshe. Nako e ne e gorogile (1798) gore tiro ya boevangeli e dirwe mo lefatsheng lotlhe. Ka 1804 British Bible Society o ne wa tlhomiwa. Seno se ne sa latelwa ke mekgatlho e mengwe e mentsi ya Baebele, mme jaanong Baebele e ranolelwa mo dipuong tsotlhe tse di kwa pele mo lefatsheng. Ka jalo, go tuma ga Dikwalo, Basupi ba Babedi, kwa botlhe ba ka di bonang le go di bala, go tshwantshanngwa le go tlhatloga ga tsone kwa legodimong mo lerung.
GSAM 82.2Ka nako ya Phetogo ya Sefora, Voltaire o ne a bolela gore mo dingwageng di le lekgolo Baebele e tla bo e sa tlhole e le botlhokwa. Mo ngwageng wa bo lekgolo go tloga ka nako eo, go ne ga anamisiwa dibaebele di le dintsi kwa Fora fela go feta tse go neng go itsege gore di teng fa Voltaire a ne a dira boikgantsho jo bo se nang mosola jo. Mme ntlo e tota e a neng a bua mafoko ao mo go yone go bolelwa fa jaanong e dirisiwa jaaka ntlo ya Baebele.
GSAM 82Go Ribolotswe Lentswe la Rosetta
GSAM 82.3Go na le dintlha di le pedi tse di amanang le ngwaga wa 1798 le batho ba Fora, tse re tshwanetseng go di ela tlhoko: Sa ntlha, mo ngwageng oo mophato wa Fora, ka fa tlase ga Molaodi Berthier, o ne wa digela puso ya bopapa kwa Roma, ba diragatsa (ba sa itse) diragatso ya boporofeti jo bo malebana le tiragalo eno, jo bo mo bukeng yone e ba neng ba e lwantsha; sa bobedi, mo ngwageng o one, kwa Fort St. Julien, mo lekalaneng la Rosetta la Noka ya Nile, masole a Sefora, fa a ne a epa, a ribolotse letlapa le le tumileng la Rosetta, le jaanong le beilweng kwa British Museum. Mo letlapeng le go na le mokwalo ka mefuta e le meraro: Hieroglyphics, mokwalo o o neng o dirisiwa ke baperesiti; demotic, mofuta wa mokwalo o o neng o dirisiwa ke batho fela; le Segerika. Seno ke selotlolo se se ntshitseng sephiri sa mekwalo ya demotic le hieroglyphic e e neng e sa tlhaloganyesege go fitlha ka nako eo. Jaanong, jaaka go boletswe ke yo mongwe, “piki le garawe, tse di epololang mekwalo eno ya mokwalo wa demotic, di ntsha bosupi jo bo oketsegileng jwa boammaaruri jwa direkoto tsa bogologolo tsa Baebele go feta jo bo tswang mo motsweding ope fela o o seng mo Dikwalong ka botsone.” Ka jalo batho ba ba neng ba akantse go nyeletsa Baebele, ba ne ba dirisiwa, bone ba sa lemoge, go diragatsa boporofeti ka go fedisa puso ya bopapa kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 1260, mme gape ba ribolola senotlolo sa dikwalo tse di neng di tlhomamisa boammaaruri jwa Dikwalo tse ba neng ba lekile ka natla go di senya.
GSAM 83“O Tla Ema mo Karolong ya Gago”
GSAM 83.1E ne e le eng se moengele a neng a bolelela Daniele gore se tla diragala ka nako ya bofelo? Go tloga ka nako e a utlwileng moitshepi a re, “Go fitlha malatsi a dikete di le mabedi le makgolo a mararo, mme ka nako eo lefelo le le boitshepo le tla phepafadiwa,”20 mogopolo wa gagwe o ne o tletse ka tlhobaelo mabapi le gore “bofelo jwa dilo tse” bo tla nna eng, le gore bo tla tsaya “lobaka lo lo kae”.21 Kgabagare o ne a tlhalosediwa gore kitso ya nako ga se ya motlha wa gagwe. Go ne ga bolelelwa, “Tsamaela tsela ya gago go fitlha kwa bokhutlong; gonne o tlaa ikhutsa, mme o tlaa ema mo karolong ya gago ya boswa kwa bofelong jwa malatsi.”22
GSAM 83.2Bangwe ba akantse gore puo e e ne e kaya bokhutlo jwa bofelo jwa lefatshe, le gore ka nako eo Daniele, mmogo le batho ba bangwe ba Morena, o ne a tla amogela tuelo ya gagwe, mme a eme mo lefelong la gagwe la boswa. Lefoko la Seheberu le le rayang karolo ya boswa, kgaolo ya naga, jalo jalo, jaaka re bolelelwa, ke gheh-vel. Leo ga se lefoko le le ranoleletsweng jaaka karolo mo temaneng eno; lefoko fano ke goh rahl. Baithuti ba Seheberu ba re bolelela gore lefoko le, goh rahl, le tlhagelela makgetlho a le masome a supa le borataro mo Testameng e Kgologolo, le gore ke lona lefoko le le tshwanang le le dirisiwang fa go buiwa ka phepafatso ya sekao ya lefelo le le boitshepo, kwa go neng go tshololwa di-loto go bona gore ke pudi efe ya tse pedi e e neng e tla bolawa. Fa moperisiti yo mogolo a tsaya madi a pudi ya Morena mme a tsena mo lefelong le le boitshepo go dira tiro ya go phepafatsa, Iseraele yotlhe e ne e eme kwa ntle, e ikotlhaela meya ya yone e bile e ipolela maleo a yone, gore ba tle ba eme ba se na molato, mme ba amogele tshegofatso ya moperisiti yo mogolo fa a tswa mo lefelong le le boitshepo. Ka jalo, ka letsatsi leo, Iseraele e ne e eme mo karolong ya yone.
GSAM 84.1Fa phepafatso ya bofelo ya lefelo le le boitshepo e ne e tshwanetse go tla, kwa bokhutlong jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, kgetsi ya ga Daniele, mmogo le dikgetsi tsa baswi botlhe ba ba siameng, di ne di tla sekasekwa fa pele ga Modimo. Ka jalo Daniele o eme mo karolong ya gagwe.
GSAM 84Mafoko a Tswaletswe go Fitlha ka 1798
GSAM 84.2Mo karabong ya potso ya ga Daniele, “Wena Morena wa me, bokhutlo jwa dilo tse bo tla nna eng?”23 o bolelelwa gore, “Mafoko a tswetswe e bile a kanetswe go fitlha ka nako ya bokhutlo.”24 Se se neng se tshwenya mogopolo wa Daniele e ne e le gore “leng?” “lobaka lo lo kae?” le gore “bokhutlo bo tla nna eng?” Tse e ne e le dintlha tse di neng di tlhakatlhakanya le go tshwenya moporofiti, mme ke dilo tse fela tse di neng di tshwanetse go tswalwa le go bewa sekano go fitlha ka “nako ya bofelo,” e seng buka yotlhe ya Daniele, jaaka bangwe ba akantse. Pele ga nako eno ya 1798, baithuti ba boporofeti ba ne ba na le lesedi mabapi le dibeke di le masome a supa, mme ba ne ba tlhaloganya gore di simolotse ka ngwaga wa 457 B.C., tiro ya setšhaba ya ga Keresete, loso lwa gagwe, jalo le jalo, di diragala ka tumalano e e nepagetseng le dipalo tsa dibeke di le masome a marataro le borobabongwe le di le masome a supa go tloga ka letlha leo. Go diragala gono go go nepagetseng ga thomo ya Mmoloki go tsamaelana le dipalo tse, go ne go ba neile bosupi jo bo nonofileng jwa gore ruri ke Mesia wa nnete, le gore letlha la tshimologo ya dibeke di le masome a supa le ne le tlhomamisitswe ka go sa fetoge. Go palelwa ga bone go lemoga gore dibeke di le masome a supa e ne e le karolo ya ntlha ya malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, go ne ga tlogela kgang e e tswaletswe go fitlha morago ga 1798, jaaka go ne go boleletswe pele.
GSAM 84Senotlolo sa Malatsi a le 2300
GSAM 84.3Jaanong a re lebe dintlha tsa kgang eno. Go fitlha ka ngwaga wa 1798, batlhalosi ba boporofeti ba ne ba sena lesedi mabapi le gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a ne a tla fela leng. Ba ne ba kgona go tlhaloganya ditshwantshetso, setshwantsho le dibatana tsa buka ya Daniele, mme ba ne ba sa kgone go bolela gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a ne a tla fela kae, ka gonne go fitlha ka nako eo ba ne ba sena tlhaloganyo ya gore malatsi a ne a simolotse leng. Jaaka bosupi mo ntlheng eno re bala mo go Midnight Cry, lokwalodikgang lwa Baadventista le le neng le gatisiwa ka nako eo kwa New York City, ka letlha la Seetebosigo 15, 1842, “Go a kgatlha tota go fitlhela bakwadi ba ba farologaneng ba ba ikemetseng ba ba boneng go tloga ka 1798 se se neng se sa lemogiwe gotlhelele pele—gore dibeke di le masome a supa e ne e le senotlolo sa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo.”
GSAM 85Ba le bantsi ba Ribolola Lesedi
GSAM 85.1Jaaka kitso e e ne e “tswetswe ka sekano” go fitlha nako e e beilweng ke Morena e goroga gore e bulelwe tlhaloganyo ya batho ba gagwe, fela jalo tota fa “nako ya bofelo” e goroga, ba le bantsi ba ne ba tshwanetse go “taboga-taboga” mo Dikwalong, ba batlisisa dilo tse. Ka go bapisa diphetolelo di sekae tsa mokwalo, mogopolo o o tla utlwala sentle thata.
GSAM 85.2Ngaka Adam Clarke a re: “Ba le bantsi ba tla leka go batlisisa bokao; mme kitso e tla oketsega—ka tsela e.”
GSAM 85.3Mo Bibeleng ya Sejeremane ya ga Luther, e e tlhabolotsweng, re bala jaana: “Ka jalo ba le bantsi ba tla e ralala, mme ba bone tlhaloganyo e kgolo.”
GSAM 85.4Bibele ya Sejeremane e e bapisiwang e buisa jaana: “Ba le bantsi ba tla e bala ka bofefo, mme ka jalo kitso e tla oketsega.”
GSAM 85.5Bibele ya Sejeremane ya ga L. Van Ess, e gape e amogetsweng ke mopapa mo babading ba Katoliki, e e ranola jaana: “Ba le bantsi ba tla e batlisisa, mme kitso e tla nna kgolo.”
GSAM 85.6Bibele ya Se-Sweden e buisa jaana: “Ba le bantsi ba tla batlisisa mo go yone, mme kitso e tla nna kgolo.”
GSAM 85.7Baebele ya Se-Denmark-Norway, e e tlhabolotsweng, e buisa jaana: “Ba le bantsi ba tla batlisisa ka tlhoafalo, mme kitso e tla nna ntsi.”
GSAM 85.8Re bala mo go Midnight Cry ya Seetebosigo 15, 1842, ka ga patlo eno le go bona kitso ka ga se se neng se tswetswe pele ga 1798: “A ga se selo se se gakgamatsang gore bakwadi ba le bantsi jaana, ba sa itse sepe ka ga ba bangwe, ba fitlhile mo ditshwetsong tse di tshwanang ka nako e e batlileng go tshwana?”
GSAM 86.1Re tlhagisa lenaane la ditlhopha di le masome a mabedi tse di farologaneng tse di ribolotseng boammaaruri ka ga go konela ga malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, e seng ka go buisana, mme e le maduo a go batlisisa ka tlhoafalo ga Dikwalo, ba eteletswe pele ke tlhotlheletso ya Mowa wa Modimo. Mo setlhoeng sa lenaane le, re baya William Miller wa Naga ya New York; go latela A. J. Krupp, wa Philadelphia, Pa.; David McGregor, wa kwa Falmouth, Maine; Edward Irving, wa kwa Engelane; Archibald Mason, wa kwa Scotland; W. E. Davis, wa kwa South Carolina; Joseph Wolff, yo o neng a bereka mo dikarolong tse di farologaneng tsa Asia; Alexander Campbell, mo kganetsanong ya gagwe le Robert Owen, ka 1829; Kapotene A. Landers, wa kwa Liverpool, Engelane; Leonard Heinrich Kelber, wa kwa Stuttgart, Jeremane; Lacunza, wa Spain; Hentzepeter, wa The Hague, Holland; Ngaka Capadose, wa Amsterdam, Holland; Rau, wa Bavaria; baperesiti ba Tartary, ka 1821; baithuti ba Baebele ba Yemen, mo bukeng ya bone e e bidiwang “Seera;” Hengstenberg, mo karolong e nngwe ya Jeremane; Marussia kwa Lewatleng la Caspian; Bomolokaner kwa lotshitshing lwa Baltic, jalo jalo.
GSAM 86.2Ka ga kafa kgang e e neng e bulegela baithuti ba boporofeti nako le nako, mme gape ba sa itse ka ga ba bangwe, se se latelang se tla supa:—
GSAM 86.3Mo go Midnight Cry ya Seetebosigo 15, 1842, go na le mafoko a a reng: “E sa tswa go amogelwa, buka, e e nang le setlhogo se se latelang, ‘Two Essays on Daniel’s Prophetic Numbers of 2300 Days, and a Christian’s Duty to Inquire into the Church’s Deliverance, ka Archibald Mason, moruti wa efangele, Wishawtown, Scotland, Newberg. E gatisitswe go tswa mo kgatisong ya Glasgow, ke Ward M. Gazeley, 1820.’ Mo bukeng eno Mason a re, ‘Ke sa tswa go bona pampitshana e nnye, e e gatisitsweng la ntlha kwa Amerika, ke Moruti Wm. E. Davis, wa South Carolina, mme ya gatisiwa gape ka 1818 kwa Warkington, kwa borwa jwa Engelane. Mokwadi yo o gatelela gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a simolotse ka dibeke di le masome a supa (kgaolo 9:24). Mo mogopolong o, ke patelesega go dumalana.’”
GSAM 87Davis, wa South Carolina
GSAM 87.1Mo kgatisong yone eo ya Midnight Cry, morulaganyi o ne a re, “Buka ya ga Davis e tshwanetse ya bo e kwadilwe mo e ka nnang ka 1810.” Fa a bua ka dikakanyo tse di tlhalositsweng mo bukeng, o bolela jaana, “Mmuisi a ka akanya tota gore o buisa dikwalo tsa ga Miller, Litch, Stores, kgotsa Hale, mme re dumela gore ga go na ope wa bakwadi ba gompieno ba go tla ga bobedi yo o neng a itse ka go nna teng ga buka e go fitlha beke e e fetileng. Morulaganyi wa pampiri eno [ya Cry] ga a ise a ko a utlwe ka yone pele. Maemo a ga Davis ka ga nako, a a neng a amogelwa ke Mason, e ne e le gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a tla fela ka ngwaga wa Sejuta wa 1843—ngwaga wa rona wa 1844.”
GSAM 87Joseph Wolff le ba Bangwe ba le Masome a Mabedi
GSAM 87.2Mo go Midnight Cry ya Phatwe 31, 1843, re bala gore “ka 1822 Joseph Wolff (wa kwa Engelane) o gatisitse buka e e bidiwang ‘He Will Come Again, the Son of Man in the Clouds of Heaven.’” Mme gape, gore “ka 1826 batho ba le masome a mabedi, ba ditumelo tsotlhe tse di nepagetseng, ba ne ba kopana kwa London, le Rre Wolff, go ithuta Baebele. Ba ne ba dumalana botlhe mo go se se tshwanang. Ba ne ba oketsa dingwaga di le 45 mo go tsa 1260.” Go oketsa dingwaga di le 45 mo go dingwaga di le 1260 tse di fedileng ka 1798, go re isa kwa bokhutlong jwa 1843, ngwaga wa Sejuta, o tota e leng 1844 ya rona.
GSAM 87Maemo a ga Alexander Campbell
GSAM 87.3Mo kgatisong yone eo ya pampiri go bolelwa ka ga Alexander Campbell gore, “ka 1829 o ne a na le kganetsano ya gagwe e e tumileng le Robert Owen, yo o sa dumeleng mo go Modimo, e mo go yone a neng a gatelela gore dipono tsa ga Daniele di fitlha kwa bokhutlong jwa nako, gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo ke dingwaga, mme di tla fela mo e ka nnang dingwaga di le 1847 go tloga ka botsalo jwa ga Keresete, jo, go ya ka fa a neng a supa ka teng, e neng e le dingwaga di le nne pele ga dipalo tse di tlwaelegileng.” Ka jalo, dipalo tsa gagwe di ne di raya gore malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a tla fela kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 1843 tse di tletseng tsa Sejuta go tloga ka nako ya A.D.—e leng 1844 tota.
GSAM 88.1Mo go Midnight Cry ya di 21 Lwetse, 1843, go na le polelo e e amanang le buka e e amogetsweng ka setlhogo se, “A Voice to Britain and America, in a Scriptural statement of the second advent of our Lord and Saviour, which we daily pray for, saying, ‘Thy kingdom come, thy will be done in earth as it is in heaven,’25 e e kwadilweng ke Captain A. Landers, wa Liverpool, e gatisitswe ke S. Kent and Co., ka 1839.”
GSAM 88.2“Ene, jaaka ba bangwe, o ntsha dipalo tsa nako, a supa bokhutlo jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo jaaka ngwaga wa 1847 go tswa mo go tsholweng ga mmatota ga ga Keresete.” Seo e ka nna ngwaga wa rona wa 1844, ka jaana o tshotswe dingwaga di le nne pele ga dipalo tse di tlwaelegileng.26
GSAM 88Leonard Heinrich Kelber
GSAM 88.3Mo go Review and Herald, Motsheganong 17, 1892, go na le athikele go tswa go Moruti L. R. Conradi, wa kwa Hamburg, Jeremane, e mo go yone a reng:—
GSAM 88.4“Bontsi jwa babadi ba rona gongwe ba setse ba utlwile ka ga moruti yo o tumileng wa Lutere Bengel, yo mo lekgolong la bofelo la dingwaga [go ya ka Schaff, Bengel o tlhokafetse ka 1751], a neng a tlhomamisa nako ya go bonala ga Morena wa rona ka ngwaga wa 1836, dipalo tsa gagwe di theilwe mo palong ya 666 mo go Tshenolo. Mme nako e telele pele ga nako eno e fela, monna yo mongwe o ne a simolola go kwala, e le morutabana mogolo, yo o bidiwang Leonard Heinrich Kelber. Pampitshana ya gagwe ya ntlha e ne ya tlhagelela ka 1824, e e bidiwang ‘Bofelo bo gaufi,’ e na le tlhaloso ya Mathaio 24 le 25. E ne ya gatisiwa kwa Bavaria. Mme ka 1835 go ne ga tlhagelela pampitshana e kgolo go feta, e e nang le setlhogo se se tshwanang, kwa Stuttgart, e na le ditsebe di le 126. E e tla nna le kgatlhego e e kgethegileng, mme go fa babadi ba rona kakanyo e e botoka, ke tsenya thanolo ya tsebe ya setlhogo: ‘Bofelo bo a tla, go supilwe ka botlalo le ka tsela e e kgodisang go tswa mo lefokong la Modimo le ditiragalo tsa bosheng; go phimola gotlhelele dikgopolo tsotlhe tse di phoso kgatlhanong le go leta go tla ga Morena wa rona, kgotsa go bala nako; go supa sentle kafa moruti Bengel a fositseng ka teng ka dingwaga di supa mabapi le ngwaga o mogolo o o botlhokwa; gonne ga se 1836, mme ke ngwaga wa 1843, e leng nako ya bofelo, e mo go yone ntwa e kgolo magareng ga lesedi le lefifi e tla felelang, mme puso ya kagiso e e letetsweng ka lobaka ya Morena wa rona Jesu e tla simolola mo lefatsheng.’
GSAM 89.1“Kgatiso ya bobedi e ne ya tswa ka 1841, gape kwa Stuttgart, mme go ya ka fa ke itseng ka teng, e nngwe kwa Saxony. Jaaka tsebe ya setlhogo e supa, pampitshana e, morago ga go samagana le dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di sa amogelesegeng, e bontsha ka tsela e e phepafetseng le e e tlhamaletseng kamano e e leng teng magareng ga malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo a Daniele 8 le dibeke di le masome a supa tsa Daniele 9, mme e di isa kwa ngwageng wa 1843 (wa Bajuta 1843—wa rona 1844). Go tswa foo mo karolong e e setseng ya buka o supa ka matshwao a metlha gore tiragalo eno e tshwanetse ya bo e le gaufi.
GSAM 89.2“Ntlha ya gore go ne ga nna le dikgatiso di le mmalwa e ne e ka supa ka boyone kgatlhego e e neng e e tsositse. Mokaulengwe Schäche, yo jaanong a nnang kwa Australia, o ne a bona papatso ya yone, tota le kwa porofenseng e e kgakala ya Silesia, mme morago ga go e otara, a e bala ka kgatlhego e kgolo, a notletse mejako. Mo bukeng ga go na sepe se se ka supang gore mokwadi o ne a itse ka mokgatlho ope o o tshwanang mo lefatsheng, mme le fa go ntse jalo ka Mowa wa Modimo o ne a fitlha mo ditshwetsong tse di tshwanang.
GSAM 89.3“Ka 1842 o ne a kwala pampitshana e e neng e le kgolo go feta ya ditsebe di le 286, gape kwa Stuttgart, e e neng e na le setlhogo se se reng ‘Dikakanyo tsa konokono le tsa Dikwalo ka ga popo le lobaka lwa go nna teng ga lefatshe; kgotsa karabo e e tseneletseng ya potso: Goreng Modimo a tlhamile lefatshe mo malatsing a le marataro a a latelanang—go atamela ga Morena wa rona go atlhola antikeresete—ditiragalo tse dikgolo le tse di itumedisang tsa ngwaga wa 1843.’”
GSAM 89“Ben Ezra” (Lacunza)
GSAM 89.4Mo e ka nnang ka ngwaga wa 1812, Lacunza, kwa Spain, o ne a gatisa buka e e bidiwang, The Coming of Messiah in Majesty and Glory. Mokwadi o ne a itira ka leina la sephiri la “Ben Ezra,” mme go akanngwa gore e ne e le Mojuta yo o neng a sokologile. Edward Irving, wa kwa Engelane, morago ga tiro ya gagwe ya go tla ga bobedi ga Morena e simolotswe, o ne a ranola buka e e fa godimo go e isa kwa Seesemaneng. Ka jalo e ne ya anamisa kgang ya yone ka dipuo di le pedi kgotsa go feta.
GSAM 89.5Go a kgatlhisa tota, morago ga go feta ga dingwaga, go kopanya ditshwetso tsa baithuti ba ba farologaneng ba, go tloga kwa tshimologong ya lekgolo la bofelo la dingwaga go fitlha ka 1840, ba neng ba balela nako ya malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, mme ba baya dibeke di le masome a supa e le karolo ya ntlha ya nako eo, mme go fitlhelwa ba dumalana botlhe ka ga bokhutlo jwa nako eo ka 1844.
GSAM 901844, Bokhutlo jwa Nnete jwa Malatsi a le Dikete di le Pedi le Makgolo a Mararo
GSAM 90.1Go ka nna le potso e e reng, A re ka tlhomamisega gore 1844 ke letlha la nnete la go konela ga malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo? Ee! Gonne fela jaaka go diragala ga maaka ga boporofeti go ka se tle ka nako e e siameng ya go diragala ga nnete, ka jalo he, re tshwanetse go swetsa gore ngwaga wa 1844 ke letlha le le nepagetseng la bokhutlo jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo. Modimo, yo o neng a tswaletse kitso eo go fitlha ka 1798, mme a solofetsa gore ka nako eo lesedi le tlaa phatsima, o ne a kaela ka Mowa wa gagwe o o sa foseng ba ba neng ba mo batla ka tlhoafalo go bona tlhaloganyo e e nepagetseng ya nako. Nako ya gagwe e ne e gorogile gore “kitso” ka kgang eo e “oketsege,” mme a ntsha lesedi la nnete.
GSAM 90.2Fa re sena go bona bokhutlo jwa nako e e tlhalositsweng mo bathong mo “metlheng ya bofelo”, go siame go botsa ka ga bokao jwa phitlhelelo eo. Re fitlhela mo pakeng eo, mo go tswaleng tiro ya efangele, nako e e tlhomameng e tshwanetse go bolelwa pele mabapi le go simolola ga katlholo. “Mme ka bona,” go bua Johane, “moengele yo mongwe a fofa mo magodimong a tshotse Mafoko a a Molemo a bosakhutleng go rerela ba ba mo lefatsheng, ebong dichaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho. A goela kwa godimo a re, ‘Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.’”27 Baengele ba mmatota ga ba rute efangele mo bathong. Motho ke ene a tlhophilweng ke Morena ka sebele go rera efangele ya gagwe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.28 Jalo he, moengele yo ke sesupo sa molaetsa wa efangele o o itsiseng gore nako e gorogile ya katlholo go “simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo”.29 Molaetsa o o ntseng jalo o ne o ka se neelwe go tswa mo Dikwalong go fitlhelela nako e e isang kwa katlholong e lemogwa mo Dikwalong. Nako ya malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, jaaka go setse go umakilwe, e fitlha kwa katlholong ya patlisiso ya batho ba Modimo.
GSAM 91Letsatsi la Tshwarelo e le Nako ya Katlholo
GSAM 91.1Letsatsi la Tshwarelo, go phepafatsa lefelo le le boitshepo la lefatshe, le ne le tlhaloganngwa e bile le sa ntse le tlhaloganngwa ke Bajuta go nna letsatsi la katlholo. Mme le gone jaanong, mo seemong sa bone sa go gasagana, le fa ba sa kgone go nna le ditirelo tsotlhe tsa bogologolo tse di neng di amana le letsatsi leo le le boitshepo, le a tshegetswa jaaka letsatsi la katlholo. Go supa seno, re tla simolola ka go nopola go tswa mo pampiring ya Sejuta e e gatisitsweng kwa San Francisco, California, e e bidiwang The Jewish Exponent, e e leng lentswe la Bajuta ba Orthodox kwa bophirima jwa Dithaba tsa Rocky. Mo kgatisong ya Lwetse, 1892, go ne go na le kitsiso ya gore pele ga go ntshiwa ga nomoro e e latelang, kgwedi ya bosupa le letsatsi la tetlanyo di tla goroga. Leina la bone la kgwedi ya bosupa ke Tishree, mme la ya borataro ke Ellul; jaaka pampiri e ne ya bolela, “Kgwedi ya Ellul e gorogile, mme medumo e e tlhagisang ya Shofar [terompeta e e neng e tshwanetse go letswa go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha ka la bo lesome la kgwedi ya bosupa, Pesalome 81:3, 4] e tla utlwiwa moso mongwe le mongwe mo di-sinagogeng tsa Orthodox, e gakolola ka go ipaakanyetsa letsatsi la segopotso, le katlholo ya bofelo ya Yom Kippur.” Fa ba le mo bokhutlong jwa Ellul, kgwedi ya borataro, mme Tishree, kgwedi ya bosupa, e le gaufi le go simolola, ba ne ba tla utlwa terompeta nako le nako mo mosong ka malatsi a le lesome, e itsise katlholo ya bofelo ya ngwaga mo tsamaisong ele ya setshwantsho.
GSAM 91Bosupi jwa Moruti wa Mojuta
GSAM 91.2Gape, ka ngwaga wa 1902, Moruti Isidore Myers, wa phuthego e kgolo ya Bajuta kwa San Francisco, Cal., fa a ne a itsise letsatsi la boitshwarelo, o ne a re: “Fa a ntse a tshela kgoro ya nako go tswa mo ngwageng o mongwe go ya go o mongwe, Mo-Iseraele o gakololwa ka maatla ka ga tlholego le ka puso ya Bomodimo jwa Mmopi mo lefatsheng lotlhe, mme o kopiwa go keteka, ka modumo wa terompeta, se re ka se bitsang segopotso sa botsalo jwa nako le sa go rweswa serwalo ga Kgosi e kgolo. Gape o bidiwa ka lentswe la terompeta yone eo, kgotsa Shofar, go sekaseka ditiro tsa gagwe tsa ngwaga o o fetileng fa a eme a roroma fa pele ga leitlho le le bonang sengwe le sengwe la Tshiamiso ya Bosakhutleng e e ntseng mo setulong sa katlholo.”
GSAM 92.1Jaaka mo tirelong ya tempele ya Sejuta lefelo le le boitshepo le ne le phepafadiwa gangwe ka ngwaga, go tshwanetse ga bo go ne go le mo pepeneneng mo go Daniele gore phepafatso eno ya lefelo le le boitshepo kwa bokhutlong jwa malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo e tshwanetse go amana le sengwe se sele kwantle ga tirelo ya ngwaga le ngwaga ya sekao. Morena o ne a setse a laotse batho ba gagwe gore, fa ba dirisa ditshwantshetso mo boporofeting, nako e e filweng e tshwanetse go balelwa “letsatsi lengwe le lengwe e le ngwaga.”30 Ka jalo, nako eno ya malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a mararo, jaaka re bone, e felela ka bokhutlo jwa tiro ya ga Keresete jaaka moperisiti yo mogolo mo lefelong le le boitshepo la selegodimo—go fitlha kwa katlholong ya patlisiso ya bao dikgang tsa bone, ka ntlha ya boipolelo, di tlisitsweng mo lefelong le le boitshepo la selegodimo.
GSAM 92Molaetsa wa Katlholo o o Tshwanetseng go Ntshiwa ka 1844
GSAM 92.2Fa nako e e neng e supiwa fa katlholo ya baitshepi e tla simolola e sena go lemogiwa, tsela e ne ya bulwa gore, go ya ka thulaganyo ya ditiragalo tsa Morena, jaaka go supilwe mo boporofeting, molaetsa o ka neelwa, “Lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone.” Ela tlhoko, ga go reye gore fela fa nako eo e sena go lemogiwa molaetsa o ne o tla bolelwa, mme gore lesedi le le neng le “tswetswe” pele le ne le tshwanetse go senolwa. Re bona sentle gore seno se ne sa diragadiwa. Mo dikgaolong tse di latelang go tla bonala gore Morena o ne a supa ka tlhamalalo nako e molaetsa wa go tla ga gagwe o neng o tla bolelwa, mme tota e ne ya nna ya bolelwa mo lefatsheng.
Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe
- Daniele 12:8-10. ↩
- Daniele 8:17. ↩
- Daniele 12:4. ↩
- Duteronome 29:29. ↩
- Nahume 3:2. ↩
- Nahume 1:5-9. ↩
- Nahume 2:3-5. ↩
- Joele 2:1. ↩
- Sefania 2:1-3. ↩
- Daniele 11:35. ↩
- Daniele 12:7. ↩
- Tshenolo 11:3. ↩
- Tshenolo 11:7-9. ↩
- Annals of the English Bible ya ga Anderson, tsebe 494. ↩
- Thomas Dick on the Improvement of Society, tsebe 154. ↩
- French Revolution ya ga Thier, bolumo 2, tsebe 371. ↩
- Ibid., t. 338. ↩
- Ibid., tsebe 365. ↩
- Tshenolo 11:11, 12. ↩
- Daniele 8:14. ↩
- Daniele 12:6-8. ↩
- Daniele 12:13. ↩
- Daniele 12:8. ↩
- Daniele 12:9. ↩
- Mathaio 6:10. ↩
- Letlha la fa thoko la Mathaio 2:1. ↩
- Tshenolo 14:6, 7. ↩
- Mathaio 28:19, 20. ↩
- 1 Petere 4:17. ↩
- Dipalo 14:34; Esekiele 4:6. ↩