Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
Lenaane la Diteng
04 / 29
04 / 29

Kgaolo 3 — Go Tla ga Peo e e Solofeditsweng

John Norton Loughborough

GSAM 57.1“ERILE fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, … a tsetswe e le Mojuta, go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota.”1

GSAM 57.2“Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona.”2

GSAM 57.3“jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one. … Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo.… Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete; le go tlhalosetsa mongwe le mongwe gore Modimo ke Mmoloki le wa Badichaba, fela jaaka ene yo o dirileng dilo tsotlhe a ne a rulaganya mo sephiring go tswa tshimologong.”3

GSAM 57.4Go builwe gore mo Testameng e Kgologolo efangele e fitlhegile; mo go e Ntšhwa e senotswe. Jaaka go tlhalositswe ke yo mongwe, “Fa Bajuta ba ne ba katoga Modimo, ba ne ba latlhegelwa thata ke temogo ya dithuto tsa tirelo ya sedumedi. Tirelo eo e ne e tlhomilwe ke Keresete ka sebele. Mo karolong nngwe le nngwe e ne e le sesupo sa gagwe; mme e ne e tletse ka matlhagatlhaga le bontle jwa semoya. Mme Bajuta ba ne ba latlhegelwa ke botshelo jwa semoya mo ditirelong tsa bone, mme ba ngaparela mekgwa e e suleng fela. Ba ne ba ikanya ditlhabelo le ditaelo ka botsone, mo boemong jwa go ikanya ene yo di neng di supa kwa go ene.

GSAM 58Go Batla Puso ya Lefatshe

GSAM 58.1“Le fa Bajuta ba ne ba eletsa go tla ga Mesia, ba ne ba se na temogo ya thomo ya gagwe. Ba ne ba sa batle thekololo mo boleong, mme ba batla go gololwa mo Baromang. Ba ne ba lebeletse Mesia go tla jaaka mofenyi, go thuba maatla a a gatelelang, le go godisa Iseraele go ya go busa lefatshe lotlhe. Ka jalo tsela e ne ya ba baakanyediwa go gana Mmoloki.
GSAM 58.2“Batho, mo lefifing le mo kgatelelong ya bone, le baeteledipele ba ba neng ba nyoretswe maatla, ba ne ba eletsa go tla ga mongwe yo o neng a tla fenya baba ba bone le go busetsa bogosi kwa Iseraeleng. Ba ne ba ithutile boporofeti, mme e se ka temogo ya semoya. Ka jalo ba ne ba itlhokomolosa dikwalo tse di supang go itlontlolola ga go tla ga ntlha ga ga Keresete, mme ba dirisa ka phoso tse di buang ka kgalalelo ya go tla ga gagwe ga bobedi. Boikgogomoso bo ne jwa fifatsa pono ya bone; ba ne ba ranola boporofeti go ya ka dikeletso tsa bone tsa boithati.
GSAM 58.3“Ka dingwaga di feta sekete, batho ba Sejuta ba ne ba letile go tla ga Mmoloki. Mo tiragalong eno ba ne ba beile ditsholofelo tsa bone tse dikgolo. Mo dipineng le mo boporofeting, mo ditirelong tsa tempele le thapelong ya mo gae, ba ne ba tlotlomaditse leina la gagwe. Mme le fa go ntse jalo, fa a goroga ga ba a ka ba mo itse. Yo o rategang wa legodimo o ne a le mo go bone ‘jaaka modi o o tswang mo mmung o o omeletseng;’ o ne a ‘sena popego kgotsa bontle;’ mme ga ba a ka ba bona bontle bope mo go ene jo bo neng bo ka ba dira gore ba mo eletse. ‘Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega.’”4

GSAM 58Wa Losika lwa ga Dafide

GSAM 58.4Fa nako e e neng e boleletswe pele ke Daniele e atamela, fa “Mesia Kgosana”—yo o tloditsweng—a ne a tshwanetse go tlhagelela, batho ba Sejuta ba ka bo ba akantse, mme tota ba ne ba dira jalo, ka tsela e: Mesia go ya ka nama o tshwanetse go nna wa losika lwa ga Dafide, ka jalo botsalo jwa gagwe bo tshwanetse go nna mo moleng oo; mme go ya ka melao ya semolao sa Sejuta le dingwao, o tshwanetse go tlodiwa go direla setšhaba a na le dingwaga di le masome a mararo; mme fa a tshwanetse go tlhagelela e le yo o tlodilweng mo dingwageng tseo, foo botsalo jwa gagwe bo tshwanetse go nna dingwaga di le masome a mararo pele ga bokhutlo jwa dibeke di le masome a marataro le borobabongwe tsa dingwaga, tse di tshwanetseng go fitlha ka go tla ga Mesia.

GSAM 59Dibolelelopele tsa ga Simione le Ana

GSAM 59.1Mo nakong eno, Iseraele yotlhe e ne e le mo tebelelong. Baithuti ba ba tlhaga le ba ba ineetseng ba Dikwalo ba ne ba letetse matsalo a Molaodi le Mmusimogolo wa bone. Mo go Simione yo o tsofetseng le yo o boifang Modimo, go ne ga senolwa “Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.”5

GSAM 59.2Fa Ngwana yo o Bolokang a ne a tliswa kwa tempeleng, Simione o ne a itse gore ngwana yo ke ene yo go buiwang ka ene—e leng Keresete. “Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo. A re, ‘Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe. Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!’....

GSAM 59.3“Simione a ba segofatsa [Josefe le Marea] mme a raya Marea a re, ‘Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.’
GSAM 59.4“Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere.... A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia.”6

GSAM 59Baengele ba Etela Badisa

GSAM 59.5Pele ga se, dikgang tse di molemo tsa matsalo a Mmoloki di ne di anamiseditswe ke baengele kwa go badisa ba ba neng ba le mo dithoteng tsa Bethleheme. Mo ditsebeng tsa badisa ba ba neng ba reeditse, baengele ba ne ba opela dipina tse di monate tse:—

GSAM 60.1“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong,
GSAM 60.1le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”

GSAM 60Banna ba Botlhale ba Etela Bethleheme

GSAM 60.2Go tswa foo ga goroga banna ba botlhale ba botlhaba ba ba neng ba bone “naledi e tlhaba,” jaaka go ne go boleletswe pele ke Balaame. Ba latela kaelo ya yone mme ba goroga kwa Jerusalema, kwa go neng ga tlhokega gore ba botse ka ga Kgosi e e sa tswang go belegwa. Fa ba sena go bolelelwa gore Bethleheme e ne e tla nna lefelo la botsalo la yo o eletsegang, ba tswelela ka loeto lwa bone; mme ba kaelwa koo ke naledi e e neng ya tlhagelela gape, ba ne ba isiwa kwa lefelong le le boingotlo kwa Mmoloki a neng a robetse. Fano ba ne ba obamela Ngwana yo o boitshepo, ba mo neela dimpho tsa gauta, dibano tse di nkgang monate, le miri, mme morago ba tsaya loeto lo loleele lwa bone lwa go boela gae.

GSAM 60Mmoloki a le dingwaga di le lesome le bobedi

GSAM 60.3Go tswa mo bongwaneng go fitlha a na le dingwaga di le lesome le bobedi, ga go na go le gontsi mo go kwadilweng ka ga ga Keresete Mmoloki, fa e se fela ka ga koketsego ya gagwe mo botlhaleng le mo go goleng ga mmele, le go ikokobela ga gagwe mo go siameng mo batsading ba gagwe. Mme a na le dingwaga di le lesome le bobedi, a sena go tsamaya le Josefe le Marea go ya kwa Jerusalema go ya moletlong wa ngwaga le ngwaga, koo o ne a gakgamatsa baperesiti ka kitso e e neng e bonala mo dipotsong tsa gagwe, le mo dikarabong tse a di fileng mathata a bone a a raraaneng. Go tloga ka nako eno go fitlha a simolola tiro ya gagwe ya phatlalatsa, o ne a tlotla tiro e e boikokobetso ya go nna mmetli fa a ne a bereka le Josefe, monna wa ga Marea.

GSAM 60Thomo ya ga Johane Mokolobetsi

GSAM 60.4Ka dikgwedi di le thataro pele ga bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa, tiro ya ga Keresete e ne e bolelwa pele ke Johane Mokolobetsi. Batho ba ne ba tla ka dipitso tse dikgolo go reetsa Johane, le go kolobediwa ke ene. Fa ba ne ba “solofetse Mesia go tla ka bonako, [ba letetse go tla ga ga Mesia] ebile ba gakaletse [‘ba akanya kgotsa ba ganetsana,’ mo tlhalosong ya fa thoko] go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe. Johane a araba potso e a re, ‘Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo. O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.’”7

GSAM 61Jesu o Kolobediwa

GSAM 61.1Fa Johane a ne a ntse a kolobetsa, o ne a bona Jesu a tla kwa go ene go kolobediwa, mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.... Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong. Gape Johane a re, ‘Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, “Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.” Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.’”8

GSAM 61Lentswe le le tswang kwa Legodimong

GSAM 61.2Ga se fela Bomesia jwa ga Keresete jo bo neng jwa tiisiwa ke go fologa go go bonalang ga Moya o o Boitshepo ka sebopego sa mmele jaaka lephoi, mme gape le ka lentswe le le tswang kwa legodimong. Mo Efangeleng ya ga Mathaio re bala jaana, “Morago ga kolobetso, fela fa Jesu a tswa mo metsing, magodimo a mmulegela mme a bona Mowa wa Modimo o fologa o le mo setshwanong sa lephoi. Mme lentswe la tswa kwa legodimong le re, ‘Yo ke morwaake yo o rategang, ke itumela thata ka ene’.”9

GSAM 61.3Le fa go twe “Johane ga a ise a ke a dire dikgakgamatso,” batho, fa ba bona maatla a magolo a a neng a patile tirelo ya ga Keresete, ba ne ba patelesega go bua ba re, “dipolelelopele tsa gagwe tsotlhe kaga monna yo di diragetse.”10

GSAM 61Keresete o Tloditswe go ya ka Molao

GSAM 61.4Go tsamaelana le pego ya ga Luke ka ga kolobetso le tlodiso yone eo ka Moya o o Boitshepo ka sebopego sa lephoi, re bala jaana, “Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe.”11

GSAM 62.1Morago ga go itima dijo ga Morena wa rona ga malatsi a le masome a mane a a telele, le diteko tse di setlhogo tsa ga Diabolo mo nageng, tse di neng tsa latela kolobetso ya gagwe ka bonako, “E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.... Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo.... Hong a oketsa a re, ‘Dikwalo tse di diragetse gompieno!’”12

GSAM 62Nako e Diragetse

GSAM 62.2Mareko, fa a kwala tiragalo e e tshwanang, a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.”13 Nako e e neng e boleletswe pele ya go tlhagelela ga Yo o Tloditsweng e ne e gorogile. Go tshasiwa ka Moya o o Boitshepo go ne go diragetse kwa kolobetsong ya gagwe, mme jaanong o ne a simolola bodiredi jwa gagwe, ka nako le ka mokgwa o o neng o boleletswe pele ke baporofiti ba ba boitshepo ba bogologolo.

GSAM 62Bosupi jo bo Bonalang jwa Bomesia jwa ga Keresete

GSAM 62.3Tirelo ya ga Keresete e ne e patilwe ke go dira dikgakgamatso ka metlha, tse mo bathong, le fa ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya ka botlalo ditshwantshiso le mafoko a gagwe, di neng di le bosupi jo bo bonalang jwa gore ke ene Immanuel, kgotsa gore “Modimo o ne o na nae.”14 Mo dikgakgamatšong tse, Keresete o ne a fa lefatshe e seng fela bosupi jwa maatla a Modimo mo go ene, mme gape le pontsho e e diragetseng ya botho jwa Modimo le bopelonomi jwa gagwe. Fa Filipo, morago ga dingwaga di le tharo a ntse a na le Keresete ka go sa kgaotse, a bona dikgakgamatso tsa gagwe tse dikgolo, a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye,” Jesu a mo raya a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona? ... Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira.”15

GSAM 63Johane a Tlhakatlhakane

GSAM 63.1Le fa kwa kolobetsong ya ga Keresete, Johane a ne a bone go fologa go go bonalang ga Moya o o Boitshepo, mme a utlwa lentswe le le tswang kwa legodimong le mo bolela fa e le Morwa Modimo, mme le ene a ne a boletse fa e le “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe,” ditiragalo di ne di tsamaya ka tsela e e farologaneng thata le jaaka a ne a solofetse mo e leng gore, kwa kgolegelong ya gagwe e e lerootho, o ne a tlhobaela e bile a tlhakatlhakane.

GSAM 63.2“Jaaka barutwa ba Mmoloki, Johane Mokolobetsi o ne a sa tlhaloganye sebopego sa bogosi jwa ga Keresete. O ne a solofetse gore Jesu o tla tsaya sedulo sa bogosi sa ga Dafide; mme jaaka nako e ntse e tsamaya, mme Mmoloki a sa ipolele fa a na le taolo ya bogosi, Johane o ne a tlhakatlhakana a ba a tshwenyega.”16 “[o] a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, ‘A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?’” “Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, ‘Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno.’”17

GSAM 63.3Go ne go le thata gore Bajuta kgotsa le barutwa ba kgone go bona sentle boammaaruri jo bontsi jo Mmoloki a neng a bo bua, ka gonne ba ne ba tlhomamisegile mo tumelong ya gore fa Mesia a tla, o tla roba jokwe ya Baroma, e e neng e ba imela thata, mme ka bonako a tsosolose bogosi jwa ga Dafide, a buse jaaka kgosi ya lefatshe.

GSAM 63.4Jesu o simolotse thero ya gagwe ka go bua a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo atametse.”18 Fa baaposetoloi ba gagwe ba le lesome le bobedi ba rometswe, ba ne ba rwala molaetsa o o tshwanang, “Bogosi jwa legodimo bo atametse.”19 Moragonyana mo tirong ya gagwe, fa ba ba masome a supa ba rometswe, e ne e le ka mafoko a a reng, “Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.”20

GSAM 64Batho ba ne ba gakgametse tiro ya ga Keresete

GSAM 64.1Mafoko a a gakgamatsang le dithuto tsa ga Keresete di ne tsa dira gore batho ba bue jaana, “Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.”21 Mme fa a fodisa monna yo o foufetseng e bile a sa bue, “Bontsintsi jwa batho ba gakgamala ba re, ‘A yo ga se morwa Dafide?’” 22kgotsa ka mafoko a mangwe, A ga se peo ya ga Dafide, Mmoloki yo o solofeditsweng? “a boela kwa ga gabo kwa Nasaretha mo Galalea mme a ruta mo ntlung ya thuto mo a gakgamaditseng batho ka botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso. Batho ba ne ba ipotsa ba re, ‘A ke gone? Ke ngwana fela wa mmetli, le Marea mmaagwe re a mo itse le bomorwarraagwe bo Jakoba, Josefa, Simone le Jutase.’”23

GSAM 64.2Mo e ka nnang ka ngwaga wa boraro wa bodiredi jwa ga Keresete, fa a ne a le mo tempeleng a tseneletse Moletlo wa Boshafatso, Bajuta ba ne ba tla kwa go ene, mme ba mo raya ba re, “O tlaa re baya mo lefifing la bosena-kitso fitlhelela leng? Fa e le gore o Mesia re bolelele sentle.”24 Mo ngwageng o o fetileng, fa a sena go dira kgakgamatso e kgolo ya go fepa banna ba le dikete di le tlhano ka “dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi”, o ne a “bona gore ba ipaakanyeditse go mo tsaya ka pateletso go mo dira kgosi ya bone, [ka jalo] hong a tlhatlogela kwa godimo mo dithabeng a le nosi.”25

GSAM 64Keresete a Ruta Barutwa ka ga Loso lwa Gagwe

GSAM 64.3Mo go ruteng barutwa ba gagwe, Keresete o ne a gatelela ntlha ya botlhokwa ya go fedisa mogopolo wa puso ya lefatshe e e simololang gone foo, le go ba bontsha gore o tshwanetse go swa le go tsosiwa gape, go ya le go boa gape. Ka jalo o ne a ba botsa, “Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape?”26 Morago ga go ba laela “gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia,” re bala jaana: “Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape. Mme Petere a mo tseela fa thoko go mo kgalemela a mo raya a re, ‘A mogopolo oo o nyelele Morena. Mo ga go kitla go go diragalela!’”27

GSAM 65.1Ka nako yone eo o ne a ba bolelela gore go na le bangwe ba ba emeng foo ba ba neng ba se kitla ba swa go fitlhelela ba bona Morwa Motho a tla ka bogosi jwa gagwe.28 Morago ga malatsi a ka nna robedi, boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa; mme moaposetoloi Petere o supa “ponatshegelo” eo ya ga Keresete a tla ka bogosi jwa gagwe jaaka bosupi jwa go tla ga bobedi ga Keresete tota mo isagweng.29

GSAM 65.2Ka nako nngwe fa Keresete le barutwa ba gagwe ba ne ba le kwa Galalea, Jesu a ba raya a re, “‘Ke ya go okelwa mo nonofong ya ba ba tlaa mpolayang, mme e tla re ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga mo baswing.’ Mme dipelo tsa barutwa tsa tlala khutsafalo le poifo.”30 Mme le fa go ntse jalo ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya bokao jwa gagwe, gonne le fa a ne a leka go ba tlhotlheletsa ka boammaaruri jo bo masisi jwa loso lwa gagwe le tsogo ya gagwe, ba ne ba ngangisana mo gare ga bone ka potso ya gore ke mang yo o tshwanetseng go nna mogolo mo bogosing jwa legodimo.31

GSAM 65.3Mo lekgetlhong le lengwe Petere a re go Jesu, “‘Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?’ Jesu a fetola a re, ‘E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele.’”32 Le fa go ntse jalo, mogopolo wa bogosi jo bo neng bo le gaufi go tlhomiwa o ne o le kwa godimo mo megopolong ya bone, mme bone, jaaka batho, ba simolola go batla maemo a a kwa godimodimo mo bogosing.

GSAM 65.4Go tswa foo ga tla mmaagwe Jakobe le Johane yo o ratang maemo, bomorwa Sebede, a kopa Keresete gore bomorwawe ba fiwe maemo a a kwa godimo—a le mongwe kwa mojeng mme yo mongwe kwa molemeng ga sedulo sa gagwe sa bogosi; kgotsa, gongwe, yo mongwe go nna Tona-kgolo ya puso, mme yo mongwe go nna Mokwaledi wa Puso. Mme Keresete a mo raya ka tlhamalalo a re, “Ga o itse se o se lopang.”33

GSAM 66Go Tsena mo Jerusalema ka Phenyo

GSAM 66.1Mo e seng kgakala le nako eno, go ne ga diragala tiragalo e kgolo e e gakgamatsang. E ne e le tsogo ya ga Lazaro mo lebitleng, ene yo o neng a na le malatsi a le mane a sule. Kgakgamatso e e maatla jaana e ne ya kgatlha le go gakgamatsa batho mo e leng gore Bafarasai ba ne ba tshoga, ba, mmogo le baperesiti, ba biletsa lekgotla ka bonako; mme mo dipuisanong tsa bone ba ne ba botsa, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso? Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”34 Fa maatla a ga Satane a le kwa tlase a ne a tshwara ba ba neng ba batla go senya Keresete, maatla a a tswang kwa godimo a ne a susumetsa boidiidi jwa batho go mo galaletsa, le go diragatsa se se neng se boleletswe pele ka ga gagwe.

GSAM 66.2Ka tiragalo e e umakilweng fa godimo, batho ba ne ba tswa ka bontsi, e seng fela go bona Jesu, mme le go bona Lazaro, yo a neng a mo tsositse mo baswing. Jaanong mo go bone go ne go lebega go tlhomamisegile gore Jesu e ne e le kgosi ya bone e e neng e letetswe lobaka lo loleele, mme fa ba kopana nae a tla kwa Jerusalema, a pagame tonkana, mafoko a Dikwalo a ne a ba tla mo megopolong ka maatla, “Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!”35 Go ne ga tswa modumo o mogolo wa boipelo go tswa mo boidiiding joo jo bogolo, o o neng wa tshosa thata Bafarasai ba ba pelo e e tsididi, ba ba neng ba le maano. Fa gare ga bone ba ne ba bua jaana, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago.”36 Mo kopong ya bone ya gore Keresete a emise go goa ga batho, o ne a araba a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso.”37 Morena o ne a buile ka tiragalo e a re, “Goang,” mme fa batho ba sa diragatse lefoko la gagwe, o ne a tla tsenya lentswe mo matlapeng a mo mmileng, mme a tla goa; gonne lefoko la gagwe le tshwanetse go diragadiwa.

GSAM 66Keresete go Tsamaya le go Boela Gape

GSAM 66.3Ga se fela gore Mmoloki wa rona o ne a batla go lebisa megopolo ya barutwa mo ntlheng ya gore o ne a tshwanetse go swa le go tsoga gape, mme gape o ne a eletsa go ba ruta gore bogosi bo ne bo se kitla bo tla go fitlhelela a tsamaya a bo a boa gape. Fa a bua ka go bapolwa ga gagwe mo sefapanong a re, “‘fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?’ O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng. Bontsintsi jwa botsa jwa re, ‘Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?’”38

GSAM 67.1Go gatelela mo megopolong ya barutwa ntlha ya gore o ne a tshwanetse go tsamaya, le go boa gape, pele bogosi jwa gagwe bo tlhomamisiwa mo lefatsheng, a re, “Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta.... Simone Petere a re, ‘Morena o ya kae?’ Mme Jesu a fetola a re, ‘Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.’”39 Go tswa foo a kgothatsa dipelo tsa bone tse di tlhobaetseng le tse di hutsafetseng ka mafoko a: “A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna. Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela.”40

GSAM 67Tshwantshanyo ya Monna wa Maemo

GSAM 67.2Gape Mmoloki o ne a leka go baakanya kakanyo e e phoso ya gore bogosi bo ne bo tla bonala ka bonako, ka go dirisa sekao se se latelang fa ene le barutwa ba ne ba ya kwa Jerusalema: “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe. Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile.... Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae.”41 Mo tshwantshong eno Morena o itshwantsha ka mogolwane. O ne a tshwanetse go ya kwa nageng e e kgakala—kwa go Rraagwe—mme a amogele bogosi koo, pele ga a boa go tla go busa.

GSAM 68.1Fa a araba potso ya baithuti, “Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?”42 Mmoloki o ne a ba naya lenaane la ditiragalo tse di neng di tla diragala go ralala matlhotlhapelo a magolo a a neng a tla wela phuthego, le matshwao a a tlhomameng a a neng a tla diragala. Fa dilo tse di ne di tlhagelela, ba ne ba ka itse gore go tla ga gagwe go le gaufi, tota e le fa kgorong, le gore losika lo lo di bonang lo ne lo se kitla lo fela go fitlhelela a goroga.43

GSAM 68Go Tlogelwa ke Barutwa Botlhe

GSAM 68.2Mme le fa e le ka dithuto tsotlhe tse di neng di neetswe baaposetoloi ke Keresete mabapi le loso lwa gagwe le go tlontlololwa ga gagwe, ba ne ba palelwa gotlhelele go tlhaloganya boammaaruri jo a neng a ba rutileng jone mabapi le tsheko ya gagwe le go bapolwa ga gagwe. Ba ne ba na le tlhaloganyo e e bokoa thata ya boammaaruri mo e leng gore fa tsheko e goroga, tsholofelo ya bone ya swa, mme botlhe ba “bo ba tshabile.”44 Le ene Petere, Petere yo o neng a le tlhaga ka metlha, yo o neng a tlhomamisa ka boitshepo jotlhe gore le fa batho botlhe ba ka mo tlogela, ene ga a ka ke a mo tlogela, diura di se kae moragonyana, o ne a latola Morena wa gagwe, a ba a ikana a re ga a itse monna yoo. Ba ne ba le bokoa mo go tlhaloganyeng mafoko a Morena a a neng a re ka letsatsi la boraro morago ga go bapolwa ga gagwe mo sefapanong o tla tsoga mo baswing, ba ne ba ipotsa le go ngangisana “gore o kane a raya eng ‘Ka go tsoga mo baswing.’”45 Ruri, ba ne ba sena tumelo go le kalo mo e leng gore fa a sena go swa, le setopo sa gagwe se beilwe mo lebitleng le lesha la ga Josefe, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go tlotsa setopo sa gagwe. Tsholofelo e fedile—e fitlhilwe le Keresete mo lebitleng—a letsatsi le le kana la Sabata le ne le le maswe jang mo barutweng! Ka dipelo tsa bone di imetswe ke kutlobotlhoko le go swabisiwa, mme go sena Mmoloki ope yo o kutlwelobotlhoko, yo botshelo jwa gagwe bo neng bo tletse ka ditiro tsa bopelonomi le bopelotlhomogi, yo o ka ba atamela go ba kgothatsa le go ba nonotsha, a bo seemo sa bone se ne se le sefeela jang!

GSAM 69Ditiragalo tse di Tlhatlhosang tsa Moso wa Tsogo

GSAM 69.1Moso wa letsatsi la ntlha la beke o a tlhaba! A kgakgamatso e e kana kana kwa legodimong le mo lefatsheng! Moengele wa maatla o tswa kwa magodimong a kgalalelo go ya kwa lebitleng la ga Josefe, a tshotse molaetsa o o laelang Morwa Modimo go tsoga. “Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone. Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang. Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule.”46 “banna ba ba boifang Modimo ba le bantsi le basadi ba ba neng ba sule ba rula. Morago ga tsogo ya ga Jesu, ba tlogela diphuphu ba ya Jerusalema, mme ba bonala mo bathong ba le bantsi teng.”47 Akanya ka baeti ba ba ntseng jaana kwa Jerusalema, kwa dikgorong tsa ditsala tsa bone, ka molaetsa wa gore Keresete yo o neng a bapolwa, o tsogile mo baswing, le gore le bone ba tshedisitswe ka maatla a gagwe, go nna basupi ka ga tsogo ya gagwe. A go ne go na le tiro e e kana kang mo barutweng le mo basading ba ba boitshepo—ba tabogela kwano le kwale go bolela dikgang tse di molemo, “O tsogile mo baswing, gonne re mmone e bile re buile le ene!”

GSAM 69Jesu o Tsena mo Nageng

GSAM 69.2“Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa [dimaele di le supa le sephatlo] go tswa kwa Jerusalema. Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu, mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela! Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga. A ba raya a re, ‘Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?’ Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo. Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, ‘E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.’ Jesu a botsa a re, ‘Dilo di fe?’ Ba re, ‘Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho. Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola. Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng, basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela! Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.’
GSAM 70.1“Mme Jesu a ba raya a re, ‘Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong! A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!’ Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.”48 Fa a ne a le gaufi le go ja le bone, o ne a roba borotho a leboga, “matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga.... Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.”49

GSAM 70.2Jaanong, kgabagare, barutwa ba kgona go bona, morago ga bothata bo sena go ba tlhalosetswa ka botlalo, gore go ne go na le loso le tsogo tse di amanang le thomo ya Mmoloki. Mme ba tla tsaya potso ya bogosi jwa gagwe jang?

GSAM 70.2“Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo. Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone. Mme a ba gakolola gore ‘Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang’.

GSAM 71A Jaanong o Tla Tsosolosa Bogosi?

GSAM 71.1“Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, ‘Morena, a o tlaa busetsa bogosi gape kwa Iseraele ka nako eno?’ [go raya gore, Re ithutile gore go ne go tlhokega gore o bapolwe, o bo o tsoga mo baswing, go ya ka Dikwalo, mme a ga o ya go busetsa bogosi jaanong?] Mme a fetola a re, ‘Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone. Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.’ Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo. Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone, mme ba re, ‘Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)50

GSAM 71Jesu go Nna kwa Legodimong go Fitlha ka Nako ya Tsosoloso

GSAM 71.2Jaanong ka Mmoloki a ne a ba tlogetse, mme tota ba ne ba mmone “a tlhatloga kwa a neng a le teng pele,” ba ne ba na le tlhomamisetso ya gore Moya o o Boitshepo o tla ba ruta ka ga nako e bogosi bo tla tlang ka yone. Ka jalo, Petere mo ditaelong tsa gagwe go batho, morago ga go amogela Mowa, a re, “go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape. Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo.”51

GSAM 71.3Moaposetoloi Petere le ene o ne a fiwa ke Moya o o Boitshepo dintlha mabapi le mafatshe a mararo: Sa ntlha, le le neng le le teng pele ga Morwalela, le le neng la senngwa ke metsi; sa bobedi, lefatshe la gompieno le le beeleditsweng molelo,—molelo o o bolokilweng mo lefatsheng, jaaka go buisa Revised Version,—molelo oo o o tla nnang tshenyego, phutlhamo, le tshenyotso ya batho ba ba sa siamang; sa boraro lefatshe le lesha, “kwa go tlaa bong go le tshiamo;” kgotsa, jaaka bangwe ba ranola, “mo go lone ba ba siameng ba tla nna.”52

GSAM 72.1Moaposetoloi Paulo o tlhalositse tsogo ya batho ba Modimo, le phetogo ya baitshepi botlhe ba gagwe go tswa mo go nneng ba ba ka swang go nna ba ba sa sweng, “ka ponyo ya leitlho, fa torompeta ya bofelo e lela.” O boleletse Bakorintha gore Keresete jaanong o mo sedulong sa bogosi sa ga Rraagwe, mme o tla nna teng go fitlha baba botlhe ba gagwe ba laolwa ke ene. Seo se raya gore, go fitlha a amogela bogosi—bogosi jwa gagwe—mo diatleng tsa ga Rara, jaaka go boletswe pele mo go Daniele 7:13, 14; Pesalome 2:8, 9. Mo phuthegong kwa Tesaronika o ne a tlhagisa go tla ga ga Keresete le tsogo ya baswi e le tsholofelo ya bone e le nosi, le gore ke tsone tse di nang le kgomotso ya nnete fa baratiwa ba bone ba ne ba kgaoganngwa le bone ke loso.53

GSAM 72Go Boela ga Morena ga go na Nako e e Beilweng

GSAM 72.2Go fitlha ka nako eo phuthego e ne e se na kitso e e tlhomameng ka ga nako e Morena a neng a tla boa ka yone. Fa moaposetoloi a ne a bua mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha kwa go ba kwa Tesaronika a re, “rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa,” bakaulengwe ba ne ba mo tlhaloganya gore o raya gore Keresete o ne a tla goroga fa bangwe ba bone ba santse ba tshela. Mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi o ba baakanya mo kgopolong ya bone e e phoso ka ga lokwalo lwa gagwe, mme o ba bolelela gore “letsatsi leo ga le kitla le tla fa e se dilo tse pedi di diragala: Sa ntlha go tlaa nna nako ya go tsuolola Modimo mo go golo, mme motsuolodi o tlaa tla, ebong morwa molete. O tlaa nyatsa modimo mongwe le mongwe o o teng, o tlaa gagolaka sengwe le sengwe sa tlotlo le kobamelo.”54

GSAM 72Go Tlogela Tumelo

GSAM 72.3Mme phuthego e ne e santse e tlogetswe go phaphasela mo lefifing mabapi le nako ya go boa ga bobedi ga ga Keresete. Badumedi ba ithutile gore go tla nna le go fapoga ga tumelo; mme potso e ne e le gore go tla tsaya lobaka lo lo kae. Karabo e ne ya fiwa Johane moragonyana fa a ne a le mo ponong kwa setlhaketlhakeng sa Patamo, mo matshwailong a a fitlhelwang mo dikgaolong tsa lesome le bobedi le lesome le boraro tsa Tshenolo—“nako, dinako, le sephatlo,” “dikgwedi di le masome a mane le bobedi”, “malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro” (dingwaga); mme go fitlha ka nako eo tiragalo e e neng e supa go simolola ga lobaka loo lo loleele e ne e ise e diragale. Ka jalo phuthego e ne e santse e solofetse e bile e letetse go tla ga ga Keresete, le fa e ne e sa itse nako e e tlhomameng ya go bonala ga gagwe; gonne fa nako eo ya matlhotlhapelo e sena go feta, go ne go tla sala nako e khutshwane ya kgotlhang le phenyo mo phuthegong ya “masalela”.55

GSAM 73.1Ka go konosediwa ga direkoto tsa Tesetamente e Ntšha, re na le setlhogo sa go tla ga bobedi ga ga Keresete se beilwe sentle fa pele ga rona. Mo e ka nnang temana e le nngwe mo go dingwe le dingwe tse di masome a mararo e umaka ka tsela nngwe go tla ga bobedi ga ga Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ga seno, le maemo a phuthego mabapi le tsholofelo eo go ralala metlha go fitlha mo metlheng ya segompieno, Robert Patterson, D.D., o bua mo pampiring e e bidiwang Interior, ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Tsholofelo e e Segofetseng,” jaana:—

GSAM 73Sekete-ngwaga sa Lefatshe—Patterson

GSAM 73.2“Fa Morena wa rona a tlogela phuthego ya gagwe mo lefatsheng go ya kwa go Rara, o ne a e tlogela e le mo seemong se se hutsafatsang. Barutwa ba gagwe ba le makgolo a matlhano ba ne ba dikologilwe ke lefatshe lotlhe la baba ba gagwe, ba rulagantswe go nna ditumelo le dipuso tse di kgatlhanong le Bokeresete ke nngwe ya ditlhaloganyo tse di kwa godimo thata, ba tshegeditswe ke letlhoo le le bogale go gaisa, e bile ba rutilwe ke maitemogelo a makgolo a dingwaga ka mekgwa e e atlegang thata ya tshenyo. Morena o ne a sa itlhokomolosa kotsi ya rona; le gona mo dipuong tsa gagwe tsa bofelo ga a ka a e nyenyefatsa, le fa e le go solofetsa phokotsego epe ya letlhoo la lefatshe le matlhotlhapelo a phuthego. Mme o ne a solofetsa gore ene ka sebele o tla boa go phatlalatsa baba ba gagwe, le gore o tla re tshegetsa go fitlha ka letsatsi leo le le segofaditsweng. ‘mme jalo le a lo ila. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng. Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo.... Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng.’
GSAM 74.1“E ne e le tsholofelo e e sego ya go boa ga gagwe ka sebele e a neng a kgothatsa phuthego ya gagwe ka yone ka nako ya go tsamaya ga gagwe. Mo lobakeng lotlhe lwa go seyo ga gagwe, o ne a re re tshwanetse go boga matlhotlhapelo; mme go ntse jalo go diragetse. Fa re ka itumelela nako epe ya kagiso ya kwa ntle ka nako ya go seyo ga gagwe, fa phuthego ya gagwe e ka gololwa mo ditlhaselong tsa lefatshe, fa go ka nna le motlha ope wa boitsheko fa mofero o sa mele gareng ga korong, kgotsa fa, ka go tla ga gagwe, a ka amogelwa ke baagi ba lefatshe le le tletseng kgalalelo ya Morena, kgotsa tota le go kgona go bona tumelo mo lefatsheng, e tla nna selo se se mo gakgamatsang se a sa se solofelang gotlhelele. Jesu o ne a sa itse ka ga ngwaga-sekete o. Re bua jaana re re o ne a sa itse ka one, ka gonne ga a re bolelela ka one; mme o bua jaana, ‘lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng.’ Mme mo dipuong le mo ditshwantshisong tsa gagwe tsotlhe ga go na sesupo sepe se sennye sa gore re tshwanetse go solofela nako epe ya kagiso kgotsa kgalalelo pele ga go tla ga gagwe. Baaposetoloi le bone ba ne ba sa itse sepe ka ga sekete-ngwaga se se se nang Keresete. Ka dingwaga di le makgolo a mararo morago ga go tsamaya ga Morena wa rona, tsholofelo e e sego ya phuthego e ne e le tsholofelo ya go boa ga gagwe.
GSAM 74.2“Mme fa, mo tswelelong ya go kgaogana ga yone le tumelo go go boleletsweng pele, monyadiwa wa ga Keresete a simolola go itumedisa mo go seyong ga gagwe ka botsalano le dikgosi tsa lefatshe, go ne ga nna motlhofo gore a fapose matlho a gagwe go tswa kwa legodimong la botlhaba, le go tswa mo poong ya Morena wa gagwe, e e neng e tla fedisa bogolo jwa gagwe jwa lefatshe. Fa Bafetodi ba ne ba baya terompeta ya efangele mo melomong ya bone ... ditoro tsa ngwaga-sekete o o se nang Keresete di ne tsa nyelela ka ponyo ya leitlho, ... mme phuthego ya boela ya simolola go lebelela go tla ga Morena go senya moganetsa-Keresete.... Mo makwalong a bone, dithero, le boipolelo jwa tumelo, Bafetodi ba ne ba bolela ka phatlalatsa ditsholofelo tsa bone tsa pele ga ngwaga-sekete.
GSAM 74.3“Kokoano ya Westminster e konosetsa boipolelo jwa yone ka kitsiso ya tumelo ya yone mo go tlang ga bobedi ga Morena ka mafoko a a tlhalosang ka botlalo tumelo ya ba ba dumelang gore Keresete o tla boa pele ga ngwaga-sekete. Ba bolela ka mafoko a a boima a a reng: ‘Jaaka Keresete a batla gore re tlhomamisege ka botlalo gore go tla nna le letsatsi la katlholo, go thibela batho botlhe mo boleong, le go naya ba ba boifang Modimo kgomotso e kgolo mo mathateng a bone, fela jalo o tla dira gore letsatsi leo le se ka la itsiwe ke batho, gore ba kgone go tlogela boiketlo jotlhe jwa nama, mme ba nne ba le kelotlhoko ka dinako tsotlhe, ka gonne ga ba itse gore Morena o tla tla ka ura efe: le gore ba nne ba ipaakantse go ka re, Tla, Morena Jesu: mme tla ka bonako!’56
GSAM 75.1“Borreetsho ba bogologolo ba ba neng ba tsosolosa tumelo ba ne ba nonotsha dipelo tsa bone ka go lebelela go tla ga Morena, mme ba kgothatsana ka go goa ba re, ‘Tshwarang maemong! gonne o a tla ka masole a thuso,’ maikutlo a a neng a supiwa bosheng mo pineng e e tumileng ya tsosoloso, mme a le tlwaelegile mo go ba kgale ba Scottish Covenanters.
GSAM 75.2“Mme go ise go ye kae go nna le go fapoga ga bobedi mo tumelong mo diphuthegong tse di ntšhafaditsweng. Go ne go itsiwe kwa Scotland jaaka Moderatism; kwa Engelane, jaaka Arianism, mme bosheng jaana, jaaka Broad Churchism; mme kwa Amerika e ne e ipitsa Unitarianism; mme kwa Jeremane, Rationalism. Ka go baya tlhaloganyo ya motho jaaka moatlhodi, le temogo ya rona ya segompieno e e lekanyeditsweng thata jaaka bosupi, le go latola gore tiragalo epe e ka diragala fa e se fela go ya ka tsamaiso ya melao ya tlholego e e lemogilweng, e ne ya fokotsa maemo a ga Jesu go nna a moruti wa Mojuta, yo o neng a le kwa pele ga motlha wa gagwe, mme a sa itse sepe ka saense ya segompieno. Gone mme, kgopolo ya gore motho yo o ntseng jalo a ka boa go tswa mo lefatsheng le le sa bonweng go tla go busa mo lefatsheng e ne ya beelwa kwa thoko mo ditlhamong tsa Seheberu.

GSAM 75Daniel Whitby ka ga Sekete sa Dingwaga

GSAM 75.3“Ditsholofetso tsa go boa ga gagwe la bobedi le go busa mo lefatsheng di ne tsa ranolelwa go raya fela kanamiso ya efangele ya gagwe, le go ineela ga karolo e kgolo ya lefatshe mo Bokereseteng ka lobaka lwa dingwaga di le sekete, kgotsa, jaaka bangwe ba ne ba akanya, dingwaga di le 360,000; mo lobakeng loo, setho se ne se tshwanetse go gatela pele mo botaking jwa tlhabologo, le go nna le kagiso le katlego tse di iseng di ke di bonwe. Mme kwa bokhutlong jwa sedikadike seo se se atolositsweng, se se neng se le segolo thata gore tlhaloganyo e e tlwaelegileng e se kgone go se bona sentle, gongwe go ne go tla nna le thubakanyo e kgolo ya tlholego, mme go ne go ka twe Morena o tla tla go senya lefatshe, le go bitsa lotso lwa batho kwa katlholong. Kakanyo eno e ne ya tlhalosiwa ka botlalo le go tumisiwa ke motlhalosi wa Moesemane yo o bidiwang Whitby [Daniel Whitby o tlhokafetse ka 1726], yo, ka makwalo a gagwe a a gatisitsweng a dipuisano, go supilweng fa e le Mo-Arian, mme ditlhaloso tsa gagwe di ne di ratiwa ke batho ba maemo a gagwe, le mileniamo ya gagwe ya ditlhamane e ne ya amogelwa ka boitumelo ke bontsi jwa batho ba ba duelwang ke diphuthego tsa semmuso ba ba neng ba na le tumelo e e nepagetseng le ditsala tsa diphuthego tsa puso tsa Yuropa, ba yone e neng e ba solofetsa nako e telele ya go amogela tsa bosome le tlotlo. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya bone, e ne ya tsisiwa kwa Amerika, kwa e neng ya dirisiwa ka bonako jaaka motheo wa dipuo tse di sa reng sepe le dipuo tsa go konela.”

GSAM 76.1E ne e le dikakanyo tse di ntseng jalo mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe fa re atamela nako e Morena a neng a romela tlhagiso e e masisi ya go tla ga gagwe, tota e le “fa mojakong.”

Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe

  1. Bagalatia 4:4, 5. ↩
  2. Baroma 16:25-27. ↩
  3. Baefesia 3:3-9. ↩
  4. The Desire of Ages, ditsebe 29, 30-34. ↩
  5. Luke 2:26. ↩
  6. Luke 2:28-38. ↩
  7. Luke 3:15-17. ↩
  8. Johane 1:29-34. ↩
  9. Mathaio 3:16, 17. ↩
  10. Johane 10:41. ↩
  11. Luke 3:23. ↩
  12. Luke 4:16-21. ↩
  13. Mareko 1:15. ↩
  14. Ditiro 10:38; Johane 3:2. ↩
  15. Johane 14:8-11. ↩
  16. The Desire of Ages, tsebe 215. ↩
  17. Luke 7:19-22; Mathaio 11:4. ↩
  18. Mathaio 4:17. ↩
  19. Mathaio 10:7. ↩
  20. Luke 10:9. ↩
  21. Johane 7:46. ↩
  22. Mathaio 12:23. ↩
  23. Mathaio 13:54, 55. ↩
  24. Johane 10:24. ↩
  25. Johane 6:15. ↩
  26. Johane 6:62. ↩
  27. Mathaio 16:20-22; Mareko 9:31. ↩
  28. Mathaio 16:28; Luke 9:27. ↩
  29. 2 Petere 1:16-19. ↩
  30. Mathaio 17:22, 23. ↩
  31. Mathaio 18:1; Mareko 9:33, 34. ↩
  32. Mathaio 19:27, 28; Luke 22:28-30. ↩
  33. Mathaio 20:20-24. ↩
  34. Johane 11:47, 48. ↩
  35. Johane 12:15. ↩
  36. Johane 12:19. ↩
  37. Luke 19:40. ↩
  38. Johane 12:32-34. ↩
  39. Johane 13:33-36. ↩
  40. Johane 14:1-3. ↩
  41. Luke 19:11-15. ↩
  42. Mathaio 24:3. ↩
  43. Mathaio 24; Luke 21; Mareko 13. ↩
  44. Mareko 14:50. ↩
  45. Mareko 9:10. ↩
  46. Mathaio 28:2-4. ↩
  47. Mathaio 27:52, 53. ↩
  48. Luke 24:13-27. ↩
  49. Luke 24:31, 32. ↩
  50. Ditiro 1:6-11. ↩
  51. Ditiro 3:20, 21. ↩
  52. 2 Petere 3:5-13. ↩
  53. 1 Bathesalonia 4:13-18. ↩
  54. 2 Bathesalonia 2:3, 4. ↩
  55. Tshenolo 12:17. ↩
  56. Confession of Faith, Kgaolo 33, kar. 3. ↩

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago