Kgaolo 28 — Kgoro e e sa Keng e Tswalwa ke Motho
GSAM 462.1“Ga o a nonofa, mme o lekile go nkutlwa e bile ga o a itatola leina la me. Jalo ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.”1
GSAM 462.2Eno ke puo e e builweng le ba ba mo seemong sa Philadelphia sa phuthego ya efangele. Phuthego eno e ne e le e e neng e godisitswe ke kgaso ya go atamela ga go tla ga ga Keresete, kgotsa ba ba neng ba ngaparetse se ba se utlwileng ka kgang eo; gonne o bua jaana ka phuthego ya Sardis (e e neng e le pele fela ga ya Philadelphia), “Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae.”2
GSAM 462.3Phuthego ya Sardis, he, e ne ya utlwa thuto ya go tla ga Morena go se go ye kae. Ba ba neng ba ngaparetse se ba se utlwileng, ba ne ba tswelela pele mo boammaaruring jaaka “setlhomo sa lobone” se ne se sutisiwa, mme ba bopa phuthego ya Philadelphia, e a neng a e raya a re, “Ka ntlha ya gore o nkutlwile ka bopelotelele le fa go ne go na le dipogiso, jalo ke tlaa go sireletsa mo lobakeng lwa pitlagano e kgolo le thaelo, e e tlaa tlang mo lefatsheng go leka mongwe le mongwe yo o tshelang. Bona, Ke e tla ka bonako! Tshegetsa thata nonofonyana e o nang nayo, gore ope a se go tseele serwalo.”3 Ke kwa phuthegong eno ya Philadelphia, he, a a reng, “Ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.”
GSAM 462.4Ka jalo, fa ke polelo e e gateletsweng ya Dikwalo tse di Boitshepo ya gore ba, mo tlhokomelong ya Modimo, ba tlhotlheleditsweng go tlhagisa lefatshe ka go tla ga Morena, le go rapela batho go ipaakanyetsa go kopana le Modimo, ba na le tshegofatso e e kgethegileng ya Modimo mo tirong ya bone. Batho ba ka leka go kgoreletsa, go fenya metsamao ya bone, go tswala “kgoro ya puo”, mme le gale lentswe la Modimo le utlwala go feta leratla lotlhe, “Ke go buletse kgoro.”
GSAM 463Tswelelopele ya Dingwaga di le Masome a Supa le Bone
GSAM 463.1Mo ditsebeng tse di fetileng tsa buka e, re sekasekile ka bokhutshwane lobaka lwa dingwaga di le masome a supa le bone, go tloga ka 1831 go fitlha ka 1905, re sala morago go tlhatloga le tswelelopele ya melaetsa ya go tla ga Morena, bogolo jang molaetsa wa moengele wa boraro. Re supile kafa, go tswa mo go sa itseweng le mo khumanegong, molaetsa o o tsweletseng pele ka maatla a a oketsegang le nonofo go tswa ngwaga go ya go o mongwe, go fitlhelela o nna le ditiro tsa boevangeli tse di dikologileng lefatshe. Ruri ga se ka ntlha ya gore molaetsa o kgatlha dipelo tsa nama fa o atlegile jaana; gonne o rwele kwa pele Sabatha ya Morena, e go e tshegetsa go tlisang sefapaano se se bokete, go tlhoka go kgaogana le dikgwebo tsa lefatshe ka letsatsi la tiro la beke le le tshwaregileng thata. Gape ga e a gatela pele ka ntlha ya go tlhoka kganetso; gonne e kopane le yone go tswa kwa tshimologong, e leng ya mofuta o o bogale thata go tswa kwa ntle, mmogo le mathata a a bakilweng ke batho ba ba sa itshepatsang ba ka nakwana ba neng ba tsena mo gare ga setlhopha. Fa go tla mo seemong se se bakilweng ke maano le maiteko a baba ba kwa ntle, re ka bua sentle ka mafoko a ga Dafide Mopesalema, “Fa e ne e se Morena yo o neng a le mo letlhakoreng la rona, jaanong a Iseraele a re: fa e ne e se Morena yo o neng a le mo letlhakoreng la rona, fa batho ba ne ba tsoga kgatlhanong le rona: ba ka bo ba re meditse re sa ntse re phela, fa bogale jwa bone bo ne bo tukela rona: mme metsi a ka bo a re apesitse, molapo o ka bo o ralala mowa wa rona: mme metsi a a ikgogomosang a ka bo a ralala mowa wa rona. A Morena a bakwe, yo o sa re neelang jaaka tswapelo mo meno a bone. Mowa wa rona o falotse jaaka nonyane mo serung sa batsomi; seru se robegile, mme re falotse. Thuso ya rona e mo leineng la Morena, yo o dirileng legodimo le lefatshe.”4
GSAM 464Thuso mo Moreneng
GSAM 464.1Morena o bolela gore o beile fa pele ga batho ba gagwe “kgoro e e bulegileng, mme go se na ope yo o ka e tswalang.” Ka jalo, ga go gakgamatse gore molaetsa o tsweletse pele ka go tlhomama. Ke molaetsa wa Modimo go batho, mme o tshwanetse go atlega. Mo go Tshenolo 7:2 tiro ya go baakanyetsa batho go ema fa letsatsi le legolo la bogale jwa Modimo le tla goroga e tshwantshisiwa ka moengele yo o “tlhatlogang go tswa botlhaba,” kgotsa, jaaka bangwe ba ranola, “jaaka go tlhaba ga letsatsi.” Leba go tlhaba ga letsatsi—go bonala pele masedi a lesedi kwa botlhaba; a a kopana go nna phepafalo e kgolo go fitlhelela go bonala sediko se se atlhameng, se se tlhomologileng sa letsatsi. Fa “Kgosi ya Letsatsi” e ntse e tlhatloga go ya kwa bogodimong, lesedi la yone, mogote, le maatla a nna a bonala thata le go feta.
GSAM 464.2Ruri ke kafa molaetsa wa moengele wa boraro o tsweletseng ka teng go tloga ka 1848, fa boammaaruri jwa one bo ne bo tlhalosiwa sentle, mme go tloga foo re supile kgolo e e bonalang le e e sa kgaotseng e e gakgamatsang. Seno re ka se tlhalosa fela ka gore Morena o tiisa lefoko la gagwe mo go ba ba mo nakong eno, fa poloko ya gagwe e le gaufi le go tla, “ba somarelang Sabata gore e se ka ya kgobotlediwa,”5 mme ba fapose lonao lwa bone mo go direng dikeletso tsa bone ka letsatsi le le boitshepo la Modimo, ka jalo, ka go “ikanya Jesu”, jaaka go bolelwa mo molaetseng wa moengele wa boraro wa Tshenolo 14, ba boloka “ditaolo tsa Modimo” tsotlhe. Ka ga ba ba ntseng jalo Morena o ne a bua ka moporofiti Isaia a re, “Foo lesedi la gago le tla tlhaba jaaka moso, mme pholo ya gago e tla tlhogela ka bonako: mme tshiamo ya gago [‘Morena tshiamo ya rona.’ Jeremia 23:6] e tla go etelela pele; mme kgalalelo ya Morena e tla go sireletsa kwa morago.”6 Ka ditlhomamisetso tse di ntseng jalo, re ka solofela eng fa e se fela gore tiro e tla atlega? “Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona?”
GSAM 464Dilo Tseno di ka Atlega Jang?
GSAM 464.3Fa re leba seemo fa, ka 1846, Moruti Joseph Bates a simolola go kwala buka ele ya ntlha, e e neng e le ya ntlha go gatisiwa mabapi le kgang ya Sabatha ke Baadventista ba Letsatsi la Bosupa, a na le disente di le lesome le bobedi le sephatlo fela e le tsone madi a a neng a na le one mo lefatsheng, mme a patelesega go di dirisa pele ga letsatsi la gagwe la ntlha la go kwala le fela; le go leba gape fa Moruti James White a gatisa pampitshana ya gagwe ya ntlha, Present Truth, ka madi a a a boneng ka go sega bojang mo tshimong ya bojang, a romela pampiri eo mahala go botlhe ba ba neng ba ka e bala, a bua ka yone jaaka molaetsa o o neng o tshwanetse go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe,—fa motho a leba ditiragalo tse di nnye tse tsa tshimologo, a ka nna a botsa, ka puo ya batho ba metlheng ya ga Amos, a re, “Jakobe o tla tsosiwa ke mang? Gonne o monnye.”7 Fa re bapisa seo le seemo sa 1905, fa kgatiso ya boammaaruri jwa molaetsa e diragadiwa mo matlong a kgatiso a le masome a mabedi, a a mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, a gantsi a dirisitswe go fitlha kwa bokhutlong jwa one go kgotsofatsa tlhokego ya didirisiwa tsa go buisa, re ka kgona go bua tota re re, Bonang, “lebati le le bulegileng” le go seng ope yo o kileng a le tswala.
GSAM 465.1Ka ga ba bogologolo ba ba neng ba akanya gore tiro e ka se tsoge e atlega, re ka bua, ka mafoko a moporofiti Sakaria a neng a kgalemela ka one ba ba neng ba batla go kgoreletsa tiro ya Modimo ya go aga Jerusalema sesha, “Ke mang yo o nyatsang letsatsi la dilo tse dinnye?”8 Ka ga dilo tse di neng di lebega jaaka dithaba tsa mathata mo tseleng ya bone, Morena o ne a bua ka moporofiti,—
GSAM 465Thaba e e Dirilweng Lebala
GSAM 465.2“Wena o mang, wena thaba e kgolo? Fa pele ga Serubabele o tla fetoga lebala; mme o tla ntsha letlapa la lone la tlhogo ka mekgosi, a goa a re, Tshegofatso, tshegofatso mo go lone.”9 Go ntse jalo mo tirong ya molaetsa wa moengele wa boraro, mme go tla nna jalo go fitlha “letlapa la tlhogo” le ntshiwa, kgotsa ka mafoko a mangwe, go fitlha tiro e wediwa.
GSAM 465.3Leba ba se kae ba 1846, ba humanegile ka didirisiwa, ba humanegile ka tsela nngwe le nngwe ntle le tumelo mo Modimong le mo polokelong ya boammaaruri, mme o bone gore tiro ya bone e godile go fitlha mo selekanyong se se kana kang. Akanya ka didirisiwa tse di leng teng jaanong, dibuka di baakantswe tsotlhe, di ranoltswe, e bile di gatisitswe ka dipuo tse di farologaneng tsa lefatshe, le makgolokgolo a barekisi ba dibuka ba ba tsenyang dibuka tse mo magaeng a batho ka boleng jwa $400,000 ngwaga le ngwaga. Fa tshegofatso ya Modimo e tswelela mo tirong, re ka lebelela katlego. Ka ditlamelo le mekgatlho eno e e oketsegang kgwedi le kgwedi, ka go ikanya mo go Keresete, ga re tlhoke go solofela sepe se sele fa e se se Solomone a se opeleditseng phuthego ya Modimo fa e tswa mo seemong sa yone sa sekaka, “e ikaegile ka letsogo la Moratiwa wa yone,” fa a e emela e bonala, “ntle jaaka ngwedi, e phatsima jaaka letsatsi, e bile e boitshega jaaka mophato o o nang le difolaga.”10
GSAM 466Ka thuso ya Neo ya Boporofeti
GSAM 466.1Ga se fela gore re bone gore tlhokomelo ya Morena e butse tsela ya kanamiso ya boammaaruri, le gore tshegofatso ya gagwe e e bonalang e patile maiteko a a dirilweng go tsamaya mo ditseleng tsa tlhokomelo ya gagwe, mme mo go tlhatlogong le tswelelopeleng ya molaetsa wa moengele wa boraro o buisane le batho ba gagwe ka neo ya boporofeti. Seno ga se a ka sa nna ka sebopego sa senolelo se sesha go tsaya maemo a Bibele, le e seng ka mokgwa wa go sokamisa dithuto tsa Dikwalo, mme e le go supa kwa, mo motlheng ono, go leng kotsi ya go fapoga mo bonolo jwa efangele ya ga Keresete, kwa batho ba leng mo kotsing ya go wela mo go rateng ga motlha ono, ba kgotsofetse ka sebopego sa bodumedi kwantle ga maatla.
GSAM 466.2Fa re leba kgang eno go tswa mo sekaong sa baporofiti ba bogologolo11, se Morena a re se fileng jaaka nngwe ya melao e diponagalo tse di ntseng jalo di tshwanetseng go lekelediwa ka yone, go bonwa mabaka a a tshwanang a go tlhokega ga diponagalo tse di ntseng jalo jaanong jaaka ka nako eo; ke gore, kotsi mo motlheng mongwe le mongwe ya go fapogediwa mo tseleng ya boammaaruri ke dithuto le ditlwaelo tse di laolang le tse di tlhomologileng tsa motlha oo. Moapostoloi Paulo, fa a bua ka ponagatso ya dimpho tse Morena a di beileng mo phuthegong, o bolela gore ke “ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng, go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo. Mme ga re kitla re tlhola re nna bana, re nna re fetola megopolo ya rona kaga se re se dumelang fela ka gore mongwe o re boleletse sengwe se se pharologanyo, kgotsa a re akeditse ka botlhale a dirile gore maaka a utlwale jaaka boammaaruri. Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.”12
GSAM 467.1Dipelaelo tse di tshwanang tse di tlhagiswang kgatlhanong le dipontsho tsa neo ya boporofeti mo metlheng eno, di ka bo di ne tsa buelelwa ka maatla a a tshwanang mo metlheng ya bogologolo; ke gore, re na le Dikwalo, mme ka jalo ga re tlhoke dineo tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, Dikwalo tse di tshwanang di re bolelela gore Keresete o beile dimpho tse mo phuthegong go dira tiro ya tsone go fitlha “se se itekanetseng [maemo a a itekanetseng] se tla,” le gore phuthego e tshwanetse go nna le “mpho nngwe le nngwe ya semowa … mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu.”13
GSAM 467Re Tlhoka Baporofiti go Eng?
GSAM 467.2Batho ba bogologolo ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba na le molao wa boitsholo wa Modimo o o kwadilweng ka monwana wa gagwe mo matlapeng a letlapa; gore ba ne ba na le ditaolo, dikatlholo, le ditaelo tse di neng di builwe go Moshe go tswa mo molomong wa Modimo, mme di ne di kwadilwe ka kelotlhoko; mme go ne go tlhokega eng go feta foo? Mme le fa go ntse jalo ka nnete yotlhe e e kwa godimo e ba neng ba na le yone, Modimo o ne a rata go bua le bone “ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng”.
GSAM 467.3Re fitlhela gore bosupi jo bo neng bo neelwa ke baporofiti ba ba farologaneng, jaaka Isaia, Jeremia, Esekiele, Daniele, Hosea, le ba bangwe, mo seemong sengwe le sengwe bo ne bo ruta molaomotheo o le mongwe fela o mogolo mabapi le kutlo mo Modimong; le fa go ntse jalo, moporofiti mongwe le mongwe o ne a na le dikgalemelo tsa gagwe tse di kgethegileng go batho ba motlha wa gagwe, ka ntlha ya go sekamela ga bone go gogolwa mo melaometheong e e boitshepo le e e halalelang ya se se siameng ke mekgwa e e neng e tlwaelegile mo motlheng o boporofeti bo neng bo neelwa mo go one.
GSAM 468Tlhokego ya Dimpho
GSAM 468.1Le fa go ka nna ga twe ga re na fela thuto e e gaisang ya Dikwalo tsa Tesetamente e Kgologolo, mme gape re na le mafoko a ga Mmoloki wa rona ka sebele, le a baaposetoloi, re tlhoka lesedi le lengwe gape jang? Nnete e santse e le gore baaposetoloi ba ba boitshepo ba, ba supile pele malatsi a bofelo, fa “go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete,” le fa batho ba tla “ya kerekeng (phuthegong), ee, mme ga ba kitla ba dumela sepe se ba se utlwang,” ba re bolelela gape gore “bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane.”
GSAM 468.2Ka go lebelela seno sotlhe, batho bao Paulo a buang ka bone fa a kwalla Bathesalonika, ba ba se kitlang ba nna mo lefifing, ba letsatsi la ga Keresete le se kitlang le ba tshwara jaaka leshodu, mme e le bana ba lesedi, ba rotloediwa ka mafoko a a reng: “sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang” ka ga “ba ba porofitang,” le “fa se le boammaaruri, se amogeleng.”14 Seno se tshwana le go ba bolelela gore batho ba ba tla bong ba letetse go tla ga Morena Jesu Keresete, mme kwa bofelong ba fitlhelwa ba ipaakantse letsatsi leo, ba tla nna le diponagalo tse di “siameng,” tsa nnete tsa neo ya boporofeti mo gare ga bone.
GSAM 468Matshwao a Bokhutlo
GSAM 468.3Re mo motlheng o ditshupo di leng dintsi mo dintlheng tsotlhe gore letsatsi la Morena le gaufi. Re mo motlheng tota o setšhaba se neng se tshwanetse go tsoga se se neng se tla boloka ditaolo tsotlhe, le se gape se neng se tla “nna le bosupi jwa ga Jesu” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)15 —“mowa wa seporofeso.” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV)16 Re fitlhela eng? Gore mo dingwageng di le masome a marataro tse di fetileng, setšhaba se se ntseng jalo se tlhageletse, se tshotse molaetsa o o ntseng jalo, mo go sone mpho ya boporofeti e bonagetseng. Fa re leka mpho e e bonagetseng ka Mohumagadi E. G. White ka melao ya Bibele, re bone gore e emelana le teko mo ntlheng nngwe le nngwe. Ga go a fitlhelwa, go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong, mo dikwalong tsotlhe tsa ga Mohumagadi White, mola o le mongwe fela o o fang tetla e nnye ya go leofa, kgotsa o o letlelelang ka selekanyo se se nnye go fapoga mo lefokong la Modimo. Dikwalo tse ga di ise di ke di ipeye kwa godimo ga Baebele, mme di rotloetsa ka metlha go ithuta lefoko la Modimo ka kelotlhoko e kgolo, di le supa e le selekanyo se segolo se ka sone dikgang tsa rona di tla sekasekwang ka sone mo katlholo ya bofelo. Mo dikwalong tsa gagwe, Keresete o godisitswe fa pele ga rona jaaka sekao se le sosi se re tshwanetseng go se latela. O bolelwa ka tsela e e phepafetseng thata go nna tsholofelo ya rona e le yosi ya phenyo fano, botshabelo jwa rona jo le josi mo kgalefong e e tlang, leina le le lengwe fela le tsela e re ka bolokwang ka yone.
GSAM 469Segopotso sa Botho
GSAM 469.1Mabapi le Mohumagadi White le mofuta wa tiro ya gagwe, go latela se se latelang, se se kwadilweng ka 1877 ke mongwe yo o neng a mo itse e bile a ithutile tiro ya gagwe ka dingwaga di le dintsi; mme morago ga diteko tsa dingwaga di ka nna masome a matlhano le boraro, dingwaga tsa go ela tlhoko ka kelotlhoko, ke supa kemo-nokeng ya me e e feletseng mo mogopolong mongwe le mongwe o o tlhagisitsweng mo go yone:—
GSAM 469.2“Fa go tla mo sebopegong sa Bokeresete sa ga Kgaitsadi White, ke kopa go bua gore ke akanya gore ke itse sengwe ka sone. Ke na le dingwaga di le lesome le borobabobedi ke mo itse,—go feta sephatlo sa hisitori ya batho ba rona. Ke nnile mo lelapeng la bone gangwe le gape, ka dinako dingwe dibeke ka nako e le nngwe. Le bone ba nnile mo ntlong le mo lelapeng la rona makgetlho a le mantsi. Ke tsamaile le bone mo e ka nnang gongwe le gongwe; ke nnile le bone mo sephiring le phatlalatsa, mo dipokanong le kwa ntle ga dipokano, mme ke nnile le sebaka se se gaisang sa go itse sengwe ka botshelo, botho, le mowa wa ga Mokaulengwe le Kgaitsadi White. Jaaka moruti, ke ile ka tshwanela go dirisana le mefuta yotlhe ya batho, le mefuta yotlhe ya botho, go fitlhelela ke akanya gore nka kgona go atlhola sengwe ka se motho a leng sone, go le gonnye morago ga dingwaga tsa go itsane sentle.
GSAM 470.1“Ke itse Kgaitsadi White e le mosadi yo o boikokobetso, yo o sa ikgantsheng, yo o pelontle, le yo o tlotlegang. Dinonofo tse mo botho jwa gagwe ga se tsa maitirelo kgotsa tse a di godisitseng fela, mme di tlhoga ka bonolo le ka bopelontle go tswa mo semelong sa gagwe sa tlholego. Ga a ikgantshe, ga a ipone a siame go feta ba bangwe, e bile ga a ikgodise, jaaka batho ba ba feteletsang dilo ba nna ba ntse. Ke kopane gantsi le batho ba ba feteletsang tumelo, mme ka metlha ke fitlhetse ba tletse boikgantsho, ba tletse boipelafatso, ba ipaakanyeditse go ntsha megopolo ya bone, ba ipelafatsa ka boitsheko jwa bone, jalo jalo, mme ka metlha ke fitlhetse Kgaitsadi White a farologane le seno sotlhe.
GSAM 470Tsala ya Bahumanegi
GSAM 470.2“Mongwe le mongwe, le fa e le yo o humanegileng thata le yo o ikokobetsang, a ka ya kwa go ene ka kgololesego go kopa kgakololo le kgomotso a sa kganelwe. O nna a tlhokomela ba ba tlhokang, ba ba humanegileng, le ba ba bogang, a ba abela, e bile a buelela kgetsi ya bone.
GSAM 470.3“Ga ke ise ke kopane le motho ope yo o nang le poifo ya Modimo ka metlha jaana. Ga go na sepe se se dirwang kwantle ga thapelo e e tlhaga kwa Modimong. O ithuta lefoko la Modimo ka kelotlhoko le ka metlha. Ke utlwile Kgaitsadi White a bua makgetlho a le makgolo, ke badile dipolelo tsa gagwe tsotlhe go di bala go di fetsa, bontsi jwa tsone makgetlho a le mantsi, mme ga ke ise ke kgone go bona polelo e le nngwe e e sa siamang mo go tsone tsotlhe, kgotsa sengwe se se seng phepa e bile e se sa Bokeresete ka botlalo; ga go na sepe se se faposang mo Bibeleng le mo go Keresete; mme koo ke fitlhela dikopo tse di tlhaga thata tsa go obamela Modimo, go rata Jesu, go dumela Dikwalo, le go di batlisisa ka metlha. Ke amogetse molemo o mogolo wa semoya, makgetlho a a sa balegeng, go tswa mo ditestemening. Ruri, ga ke ise ke ko ke di bale ke sa ikutlwe ke kgalwa ka ntlha ya go tlhoka tumelo mo Modimong, go tlhoka boineelo, le go tlhoka maikemisetso a go boloka meya. Fa ke na le katlholo epe, temogo epe ya semoya, ke bolela fa ditestemeni di le tsa mowa o o tshwanang le tsa molaetsa o o tshwanang le wa Dikwalo.
GSAM 470.4“Ka dingwaga di le masome a mararo [jaanong re ka re di le masome a marataro] bosupi jono bo ntse bo dumelwa le go balwa mo bathong ba rona. Bo ba amile jang? A bo ba sokamisitse mo molaong wa Modimo? A bo ba dirile gore ba tlogele tumelo mo go Keresete? A bo ba dirile gore ba latlhe Baebele? A bo ba dirile gore ba nne batho ba ba senyegileng le ba ba sa itshwareng sentle? Ke a itse gore ba ka bapisiwa sentle le phuthego epe fela ya Bokeresete.
GSAM 471.1“Selo se le sengwe se ke se lemogileng, ke gore, baganetsi ba bagale ba dipono tsa ga Kgaitsadi White ba dumela gore ke Mokeresete. Kafa ba kgonang go dira kamogelo eno ka teng go feta se ke se itseng. Ba leka go baakanya seo ka go bolela gore o tsieditswe. Ga ba kgone go supa selabe se le sengwe mo botshelong jwa gagwe jotlhe, le fa e le polelo e e sa siamang mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe. Ba patelesega go dumela gore bontsi jwa dikwalo tsa gagwe bo gaisitse, le gore mongwe le mongwe yo o ka tshelang sotlhe se a se buang o ka nna Mokeresete yo o siameng, yo o tlhomamisegileng ka legodimo. Seno se a gakgamatsa tota, fa e le sedirisiwa sa diabolo, a tlhotlheleditswe ke Satane, kgotsa fa dikwalo tsa gagwe di se na boitsholo kgotsa e le dikakanyo tse di sa tlhomamang tsa mogopolo wa gagwe.”
GSAM 471Baeng ba Paka ka ga Dikwalo
GSAM 471.2Jaaka dikgatiso tse di tswang ka metlha tsa rona tse di nang le dikwalo tsa ga Mohumagadi White di romelwa, di batliwa ke ba ba ikokobetsang thata, ba ba boifang Modimo, le ba ba ineetseng. Fa ba bega ka se ba se buisitseng, ba re, “Re kgatlhegela thata dikwalo tsa ga Mohumagadi White. Di mosola thata mo botshelong, di tletse ka thuto e e diretsweng go atametsa motho gaufi le Morena, le go mo dira gore a nne boikokobetso, a boife Modimo, le go ineela go feta. Dikwalo tse di tsamaelana thata le mokgwa wa Dikwalo mo e leng gore fa re di bala go lebega jaaka Mohumagadi White a tshwanetse a tlhotlheleditswe ke Mowa go kwala ka mokgwa o a kwalang ka one.” Seo ke bosupi jo bo tswang mo dikgannyeng di le dintsi tsa ba ba kwalelanang le badiri ba rona ba barongwa, le bone ba ba se nang kitso epe ya gore megopolo ya ga Mohumagadi White e amogelwa ka ponatshegelo e e boitshepo.
GSAM 471Motswedi wa Kganetso
GSAM 471.3Fa re lebeletse se se tlhagisitsweng ke neo eno, go tlhaga potso ya gore, Kganetso e tswa kae e bile ke eng fa e tlhageletse kgatlhanong le ponagatso ya neo eno? mme dipholo tsa ba ba ganetsang e nnile eng? Ka go nna ke tlhokometse kgang eno ka kelotlhoko go tloga ka 1852, ke fitlhetse gore gantsi kganetso kgatlhanong le ponagatso eno e tswa mo go ba ba kgaleditsweng ka ntlha ya diphoso mo bothong jwa bone, ka ntlha ya mekgwa e e sa siamang, kgotsa ka ntlha ya tsela nngwe e e sa siamang mo matshelong a bone. Bontsi jwa ba ba kgalilweng ba ne ba ka ganetsa ba re ga ba maswe jaaka bosupi bo ne bo ba supa, mme ba ne ba ka supa gore ba ka kgona go ngaparela boammaaruri le fa ba ka tsamaya kgatlhanong le kgalo e ba e filweng. Nako e supile bontsi jo bogolo jwa bone bo latlha tumelo ya bone mme ba tlogela ditlhopha gotlhelele. Bangwe ba bone phoso ya bone, mme ba ngaparela boammaaruri ka thata go feta. Go tsoga potso e e reng, Fa e le gore ba ba ganetsang neo e ba eteletswe pele ke Morena, ke eng ba tshwanetse go latlhegelwa ke semoya sa bone, le go fapoga mo Modimong? Molao wa Mmoloki wa rona ke gore setlhare se itsiwe ka maungo a sone. O gatelela thata a re “setlhare se se bodileng ga se ka ke sa ungwa maungo a a siameng.”
GSAM 472Go Palelwa ga Kganetso
GSAM 472.1Re gopola dikai kwa go nnileng le kganetso e e rulagantsweng kgatlhanong le bosupi jwa ga Mohumagadi White, ka kitsiso ya gore katlego e kgolo e ne e tla tsamaya le tiro ya bone fela fa ba ka fedisa bosupi joo. Le fa go ntse jalo, go nnile le go palelwa gotlhelele mo go fitlheleleng se se solofetsweng. Morago ga dingwaga tsa go lwa, ga ba ise ba ntshe bosupi bope jo bo fetang jwa ba ba neng ba tshwana le bone dingwaga di le masome a mane le borobabongwe tse di fetileng, jwa go anamisa boammaaruri jwa Sabatha mo lefatsheng. Fa e le gore tiro ya bone e ne e le ya botlhokwa ya Morena, ke eng fa molaetsa wa bone o sa amogelwa ke katlego e e fetang?
GSAM 472Katlego e kae?
GSAM 472.2Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re leba molaetsa oo ka one ditaolo tsa Modimo le tumelo ya ga Jesu di bolelwang mo lefatsheng lotlhe,—molaetsa o o golaganeng le ponagatso eno ya neo ya boporofeti, ka dikgakololo, dithuto, le dikgalemo tsa one,—re bona o dirile kgatelopele e e tlhomameng le e e sa reketleng go tswa kwa tshimologong ya one go fitlha mo nakong eno. Ka go reetsa dikgakololo tsa Morena ka neo eo le go tswelela pele ka maatla a Morena, molaetsa, jaaka re supile, o dikologile lefatshe, mme o anama ka bofefo go ya kwa “dichaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho.”
GSAM 473.1Ka ga tswelelopele ya yone mo nakong e e fetileng re ka re, lefoko la Modimo le netefaditswe ka gore o rile, “Ga go na sebetsa se se bopilweng kgatlhanong le wena se se tla atlegang.” Ruri, letsogo la Modimo le bonagetse mo katlegong e e patileng go tlhagelela le tswelelopele ya mokgatlho ono o mogolo wa go tla ga Morena go fitlha jaanong, mme mo isagong re ikaegile ka go diragala go go tlhomamisegileng ga lefoko la gagwe, “Ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.” Ka tshepo e, re ka opela ka tlhomamisego yotlhe:—