Kgaolo 1 — Ya Matseno
GSAM 21.1FA re bua ka go tla ga bobedi ga ga Keresete, re ama kgang e tota e nnileng tsholofelo ya batho ba Modimo go tloga ka go lelekwa ga batsadi ba rona ba ntlha mo tshimong ya Edene. Mo mafokong a a builweng mo noeng, a gore losika lwa mosadi lo tla thuba tlhogo ya yone, e ne e le tlhomamisetso ya gore kwa bofelong go tla tla Motsosolosi, yo o neng a tla fenya dikgatelelo tsa ga Satane, le go diragatsa maikaelelo a Modimo mo lefatsheng. Go akanngwa gore Adamo le Efa ba ne ba akanya gore tiro e e tla diragadiwa ka bonako, le gore ngwana wa bone o tla nna mofenyi. Le fa go ntse jalo mo thulaganyong ya Modimo, tsholofetso ya Mmoloki go tswa mo tshenyegong e e neng e bonala e akaretsa tsotlhe tse di tlileng go diragadiwa mo go diragatseng “leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete.”1
GSAM 21.2Fa Adamo le Efa ba ka bo ba ne ba supilwe ka bonako kutlobotlhoko le matlhoko tse di neng di tla tlala lefatshe mo dingwageng tse di telele tse di neng di le fa gare ga tshenyego ya lone le tsosoloso ya lone, kutlobotlhoko ya bone e ka bo e sa itshokelwe. Modimo wa legodimo, ka bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya gagwe e e bonolo, o ne a ba fitlhela pono eno, a ba tlogela gore ba nne le tsholofelo e e monate ya go gololwa go se go ye kae mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang. Go akanya gore thekololo e gaufi go ne go ka ba rotloetsa ka tlholego go nna tlhaga le go feta mo go ipaakanyetseng tiragalo eo.
GSAM 22.1Go ntse fela jalo le ka batho ba Modimo mo dikokomaneng tsotlhe go tloga mo metlheng ya ga Adamo. Ba ne ba tlhomamisegile gore tiragalo e kgolo le e e botlhokwa e ne e tla diragala nako nngwe mo isagweng—gore Keresete o ne a tla tla kgabagare go tlhoma bogosi jwa gagwe. Le bone, jaaka Adamo le Efa, ba ne ba dumela gore tiragalo e ne e le gaufi, mme, jaaka bone, ba ne ba sa itse se se neng se tla diragala fa gare ga nako ya bone le tiragalo eo; go seng jalo, ba ka bo ba kgobegile marapo mo go gagamaleleng go fitlhelela sekgele.
GSAM 22.2Mogopolo o, o ka bontshiwa ka go dirisa ditiragalo tse di diragetseng mo tseleng ya diphitlhelelo tse dikgolo. Banna ba ba di simolotseng, le fa ba ne ba sa itse, tota ba ne ba diragatsa maikaelelo a Modimo; le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhotlhelediwa ke megopolo e e sa ileng ya tsamaelana ka botlalo le dikgopolo tsa bone tse di neng di ba susumetsa go tsaya kgato.
GSAM 22Ditlamorago tse di Atologileng tsa Diphitlhelelo tsa ga Columbus
GSAM 22.3Montgomery, mo American History ya gagwe, kgatiso ya2 1902, ditsebe 8, 9, fa a bua ka kgopolo e e neng e rotloeditse Columbus go simolola loeto lwa gagwe, le go diragatsa leano la gagwe la go fitlha kwa India Botlhaba ka go tsamaya ka sekepe go ya bophirima, o bua jaana:—
GSAM 22.4“Columbus o ne a akanya gore a ka tokafatsa porojeke ya Kgosi ya Portugal. O ne a tlhomamisegile gore go ne go na le tsela e khutshwane le e e botoka ya go fitlha kwa Indies go na le tsela e Diaz a neng a e supile. Leano la motsamaisi wa sekepe wa mo-Genoese [Columbus] le ne le le la bopelokgale fela jaaka le ne le le lešwa. Mo boemong jwa go tsamaya ka sekepe go ya botlhaba, kgotsa borwa le botlhaba, o ne a akantse go tsamaya ka sekepe go ya bophirima ka tlhamalalo. O ne a na le, jaaka a ne a dumela, mabaka a le mararo a a utlwalang le a a tiileng a go tsaya kgato e e ntseng jalo: Sa ntlha, fela jaaka dibuka tsa jeokerafi tse di gaisang tsa nako ya gagwe di ne di bontsha, Columbus o ne a tlhomamisegile gore lefatshe ga le a batalala, jaaka batho ba le bantsi ba ne ba akanya, mme ke kgolokwe. Sa bobedi, o ne a akanya gore polanete eno e nnye thata go feta jaaka e ntse, le gore bontsi jwa yone ke lefatshe go na le metsi. Sa boraro, ka jaana a ne a sa itse sepe, e bile a sa akanye sepe, ka go nna teng ga kontinente ya Amerika kgotsa Lewatle la Pacific, o ne a akanya gore lotshitshi lwa Asia kgotsa lwa Indies lo lebagane ka tlhamalalo le Spain le lotshitshi lwa bophirima jwa Europe. O ne a akanya gore sekgala sotlhe go ya kwa Cipango, kgotsa Japan, se ka se fete dimaele di ka nna dikete di le nne.
GSAM 23.1“Leano la gagwe e ne e le le: O ne a tla simolola kwa Yuropa; a lebisa sekepe sa gagwe go ya bophirima kwa Japane, mme a latele kgolokwe ya lefatshe go fitlha e mo isa kwa go se a neng a se batla. Mo mogopolong wa gagwe go ne go lebega go tlhomamisegile e bile go le motlhofo jaaka ntsi e ka dikologa apole.
GSAM 23.2“Fa a ka atlega mo loetong lwa gagwe, o ne a tla nna le molemo o mogolo o: O ne a tla tsena mo di-India ka tlhamalalo ka kgoro e e kwa pele, go na le go di fitlhelela ka tsela e e dikologang, le ka kgoro ya fa thoko, jaaka Ba-Potokisi ba ne ba tshwanetse go dira.
GSAM 23.3“Re bona gore monna yo, yo o neng a tlhaloganya dipalo tse di dirisiwang, jeokerafi, le tsa go tsamaisa dikepe sentle jaaka ope fela wa motlha wa gagwe, o ne a nepile mo ntlheng ya ntlha,—popego ya lefatshe,—mme a fositse gotlhelele mo go tse dingwe tse pedi.
GSAM 23Phoso ya Lesego
GSAM 23.4“Le fa go ntse jalo, ka tsela e e gakgamatsang, diphoso tsa gagwe di ne di mo thusa ka tsela nngwe. Phoso e a e dirileng mabapi le sekgala e ne e le ya lesego le legolo. Fa e le gore Columbus o ka bo a badile sentle bogolo jwa lefatshe, le boleele jo bo nnete jwa loeto lo lo ntseng jalo, gongwe a ka bo a sa tsamaya ka sekepe, ka gonne o ka bo a bone ka bonako gore tsela e e neng e akantswe ya Mapotokisi e ne e le khutshwane thata e bile e le tlhwatlhwa e e kwa tlase. Gape, fa a ka bo a akantse kgotsa a bone ka tsela nngwe gore kontinente ya Amerika e ne e le fa tseleng ya gagwe, seo ka bosone se ka bo se sa mo tlhotlheletsa go simolola loeto lwa go batlisisa, ka gonne maikaelelo a gagwe e ne e se go bona naga e ntšhwa, mme e le go bona tsela e ntšhwa go ya kwa go e kgologolo.”
GSAM 23Tsholofelo e Kgolo ya Metlha
GSAM 23.5Ka jalo batho ba Modimo, go ralala metlha, ba ntse ba na le tsholofelo ya go tla ga ga Keresete go ba etelela pele jaaka “seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona.”3 Le fa gantsi ba le mo gare ga maswabi le dipitlagano ba goela ka kutlobotlhoko ba re, “Go fitlha leng, Wena Morena, pele ga thekololo e tla?” le gale ba tsweletse pele, mme jaaka Paulo ba buile e bile ba sa ntse ba bua ba re, “re tshelela eng, se se re nayang tsholofelo le boitumelo ebile e le tuelo le serwalo se re ikgantshang ka sone? Ke lona! Ee, lo tlaa re leretse boitumelo jo bogolo fa re ema mmogo fa pele ga Morena Jesu Keresete fa a tla gape.”4
GSAM 24Paulo o Tshegeditswe ke Tsholofelo
GSAM 24.1Dikai di sekae tsa maatla a a tshegetsang a tsholofelo e, mo kgannyeng e, di lekane. Fa Paulo a ne a beilwe fa pele ga Feleke, mme a letlelelwa go ipuella, o ne a re, “selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto; mme ke na le tsholofelo mo Modimong, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi”.5
GSAM 24.2Mo boipuelong jwa gagwe jo bo nonofileng fa a ne a beilwe fa pele ga Agrippa, Paulo a re, “lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane. Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato! A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi.”6 Fa kgabagare a ne a le kwa Roma go tla go ema fa pele ga ga Sezara, o ne a raya Bajuta a re, “ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya tsholofelo ya Iseraele”.7
GSAM 24.3Paulo o buile ka kgololesego ka tsholofelo eo mo lekwalong la gagwe le le yang kwa go Tito: “Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe; mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, re lebeletse tsholofelo eo e e segofetseng, le go bonala ga kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete” (thanolo ya lefoko ka lefoko ya KJV).8
GSAM 24Petere a Itumelela Tsholofelo
GSAM 24.4Petere o bua ka tsholofelo e e tshwanang jaana: “A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing. Mme Modimo o beetse bana ba one mpho e e sa rekweng ya botshelo jo bo sa khutleng; lo e beetswe kwa legodimong, mpho e e itshekileng ebile e sa leswafala, e e sa fetogeng ebile e sa bole. Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe. Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano. Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.”9
GSAM 25Maikaelelo a Modimo mo Tlholong
GSAM 25.1Dikwalo di senola maikaelelo a Modimo mo go bopeng lefatshe; mme go tswa mo lefokong la boporofeti re ithuta gape leano la gagwe mabapi le isagwe: “Go bua jalo Morena yo o bopileng magodimo, Modimo ka boene yo o bopileng lefatshe le go le dira; o le tlhomile, ga a le bopa lefela, o le bopetse gore le nne le banni.”10 Fa a sena go le bopa, o ne a le neela motho. Mopesalema a re, “Legodimo, ee, magodimo, ke a Morena; mme lefatshe o le neetse bana ba batho.”11 Mme fa a ne a le neela motho, motho o ne a le siame, jaaka go tlhalositswe ke monna yo o botlhale, “Selo se le sengwe fela ke se boneng, gore Modimo o dirile motho a siame; mme bone ba batlile dikgopolo di le dintsi.”12
GSAM 25.2Re bala ka fa Morena a dirisaneng le lotso lwa batho ka teng, gore “fa a ne a kgaoganya bomorwa Adamo, o ne a baya melelwane ya ditšhaba go ya ka palo ya bana ba Iseraele,”13 ke gore, go ya ka palo ya Iseraele ya nnete e e tla phuthegang kwa bofelong mo lefatsheng go nna baagi ba bogosi jwa gagwe jwa isagwe. Go tlhalosiwa ke Paulo ka mafoko a: “O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone. ‘Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona. Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one!’”14 Fa maikaelelo a a ntlha a a amanang le lefatshe a diragadiwa, “le batho ba gago botlhe e tla nna ba ba siameng.”15 Gape go buiwa ka bone mo seemong seo, “Moagi ga a ka ke a re, Ke a lwala: batho ba ba nnang mo go yone ba tla itshwarelwa molato wa bone.”16 Eo e tla nna nako e “ba ba boikokobetso ba tla rua lefatshe; mme ba itumelele go nna le kagiso e ntsi.”17
GSAM 26Go Boa ga Bobedi ga ga Keresete Ga se Naane
GSAM 26.1Go bolelwa mo lokwalong lwa bobedi lwa ga Petere gore “re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe! Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe; ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, ‘Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.’ Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona.”18
GSAM 26.2Mo temaneng eno moaposetoloi o bua ka phetogo ya tebego mo thabeng jaaka bosupi jwa go tla ga bobedi ga ga Keresete. Pele ga tiragalo eno, Mmoloki wa rona o ne a rile mo baaposetolong ba gagwe, “bangwe ba lona ba ba emeng fano jaanong jaana ba tshelela go mpona ke tla mo Bogosing jwa me”19 —jaaka go kwadilwe ke Luke, “bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”20
GSAM 26.3Tsholofetso e, e ne ya diragadiwa tota mo phetogong ya tebego ka boyone. Mo “ponong” e mo thabeng, ba ne ba bona Jesu a galaletswe, jaaka a tla tlhagelela fa a tla ka bogosi jwa gagwe. Ba ne ba bona Elija (Elias), yo o neng a tseelwa kwa legodimong a sa utlwe loso, a emetse ba ba tla fetolwang—ba fetolwa go tswa mo go nneng ba ba ka swang go nna ba ba sa sweng—“ka nakonyana ka ponyo ya leitlho,” fa Morena a tla.21 Gape go ne go na le Moshe, yo o neng a sule, a emetse ba ba tla tsosiwang mo baswing go ya go kopana le Morena. Ka jalo mo “ponong” eno ba ne ba bona pono ya ga Keresete a tla mo bogosing jwa gagwe, jaaka a ne a ba solofeditse.
GSAM 27Boporofeti ke Lefoko le le Tlhomamisegileng go Gaisa
GSAM 27.1Le fa baaposetoloi ba ne ba bone ponatshego e e galalelang eno kwa thabeng ya phetogo, mme ba utlwile lentswe la kamogelo ya Modimo, moaposetoloi Petere o tlhomamisa a re: “Re na le lefoko la boporofeti le le tlhomamisegileng go feta”. Ka polelo eno ga a nyenyefatse se ba se boneng le se ba se utlwileng ka tiragalo ele e e sa lebalesegeng. Ka nako eo ba ne ba utlwa lentswe la Modimo gangwe fela, mme mo ditseleng tse dikgolo tsa boporofeti, tse di tswelelang go fitlha kwa go tlang ga bobedi ga ga Keresete, re na le lentswe la Modimo le le boaboelediwang gantsi. Tota, polelelopele nngwe le nngwe e e tlhamaletseng e e diragaditsweng kgotsa e e kwadilweng mo ditsong ke lentswe la Modimo go rona. E tshwanetse ya bo e le ka tlhaloso e gore lefoko la boporofeti le “tlhomamisegile go feta.” Revised Version e le fetolela ka gore, “le tlhomamisitswe.” Boporofeti bo tlhomamisitswe ke tlhaloso nngwe le nngwe e e diragaditsweng. Tiragalo nngwe le nngwe e e boleletsweng pele, fa e diragala, ke tlhomamisetso ya gore ditiragalo tse di setseng di boleletswe pele di tla diragala ruri.
GSAM 27Mofuta wa Boporofeti
GSAM 27.2Dipolelo tse di latelang go tswa go baithuti ba ba tumileng ba Baebele ka ga tlhago ya boporofeti di a gatelela:—
GSAM 27.3Thomas Newton o bolela gore “boporofeti ke hisitori e e bonweng pele le e e khutshwafaditsweng; hisitori ke boporofeti jo bo diragaditsweng le jo bo atolositsweng. Go nnile le diporofiti tsa maaka mo lefatsheng; mme botlhale jotlhe le bosula jwa batho le mewa e e maswe ga di ka ke tsa tlhama dipolelelopele dipe tse di tshwanang le tse di kwadilweng mo Dikwalong.”
GSAM 27.4Sir Isaac Newton o supa gore “go reetsa baporofiti ke letshwao la konokono la phuthego ya nnete.”
GSAM 27.5Dr. A. Keith a re “boporofeti bo lekana le kgakgamatso epe fela, mme ka bojone ke kgakgamatso.... Lentswe la Maatla-otlhe fela le ka bitsa baswi go tswa mo lebitleng,—lentswe la Kitso-tsotlhe fela le ka bolela gotlhe mo go fitlhegileng mo isagweng e e lefifi, e e leng jaaka go sa kgonagale go fitlhelela kwa matlong a baswi mo go motho,—mme ka bobedi ke lentswe le le tshwanang la Modimo.”
GSAM 28.1Matthew Henry o rile “ka nako ya Modimo, e e leng nako e e gaisang, le ka tsela ya Modimo, e e leng tsela e e gaisang, boporofeti bo tla diragala ruri. Lefoko lengwe le lengwe la ga Keresete le phepa thata, mme ka jalo le a tlhomamisega thata.”
GSAM 28Maikaelelo a Boporofeti
GSAM 28.2Re ka ithuta mo mafokong a ga Keresete go baaposetoloi ba gagwe maikaelelo a le mangwe a Morena mo go neeleng boporofeti. Fa a ne a bua ka boporofeti ka dilo tse di neng di tla diragala mo botshelong jwa Jutase, o ne a re, “ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna.”22
GSAM 28.3Morena gape a bua ka moporofiti Isaia a re, “Ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna, ke itsise bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le go tswa metlheng ya bogologolo dilo tse di iseng di diragale, ke re, Kgakololo ya me e tla ema, mme ke tla diragatsa dikeletso tsotlhe tsa me.”23
GSAM 28.4Gape, “Ke boletse dilo tsa pele go tswa kwa tshimologong, mme di tswile mo molomong wame, mme ka di supa; ke di dirile ka bonako, mme tsa diragala.... Ke go boleletse go tswa kwa tshimologong; pele ga di diragala ke go bontshitse; gore o se ka wa re, Medingwana ya me e di dirile, le setshwantsho sa me se se betlilweng, le setshwantsho sa me se se bopilweng ka go tshololwa, di laetse. O utlwile, bona tsotlhe tse; a ga lo di bolele? Ke go supile dilo tse disha go tloga mo nakong eno, ee, tse di subegileng, mme o ne o sa di itse. Di tlhamilwe jaanong, e seng go tloga kwa tshimologong; ee, le pele ga letsatsi le o neng o sa di utlwe, gore o se ka wa re, Bona, ke ne ke di itse.”24
GSAM 28.5Go tswa mo puong eno go bonala maatla a go diragadiwa ga boporofeti jaaka bosupi jwa tlholego ya bomodimo ya boporofeti, mmogo le go nna ga jone pontsho ya maatla a Morena go feta medimo yotlhe ya maheitane. Gape go bonwa mo mafokong ano gore boporofeti bo tsaya maemo a a botlhokwa thata mo Dikwalong tsa boammaaruri. E re ka dintlha tseno e le boammaaruri, go a gakgamatsa gore batho ba le bantsi ba sa neele tlhokomelo e e kalo kgotsa ba sa e neele gotlhelele mo go ithuteng dikarolo tsa boporofeti tsa Dikwalo tse di Boitshepo.
GSAM 29Boporofeti Ga bo A Tswalwa
GSAM 29.1Ba ba sa itseng ba re ga ba a ithuta, mme ka jalo ga ba kgone go tlhaloganya dipolelelopele. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa ba ba rutegileng, le bangwe ba bone ba le mo bodireding, ba re: “Dipolelelopele di tswetswe, mme ga di tlhaloganyesege. Rotlhe re a itse gore buka ya Tshenolo ke buka e e tswetsweng.”
GSAM 29.2Mo go Tshenolo, Johane yo o rategang o ne a fiwa taelo e e kgethegileng ya gore a se ka a tswala buka.25 Gape mo bukeng eno go buletswe masego go ba ba “e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang.”26 Dilo tse di mo bukeng e e tswetsweng di ka bolokwa jang fa di sa tlhaloganngwe, e bile di sa kgone go tlhaloganngwa? Morena o buile ka Moshe a re, “Dilo tse di subegileng ke tsa Morena Modimo wa rona; mme tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona go ya go ile, gore re dire mafoko otlhe a molao o.”27
GSAM 29.3Gore Morena o ne a ikaeletse gore dipolelelopele tsa Daniele di tlhaloganngwe go a bonala mo mafokong a gagwe a a buileng le barutwa ba gagwe ka tsone. Re bala jaana: “Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!),”28 se se batlang se re, Tlhaloganya Daniele moporofiti.
GSAM 29.4Morena o senola phoso ya kgopolo ya gore boporofeti ga bo tlhaloganyesege, ka mafoko a a reng: “Pono yotlhe e fetogile mo go wena jaaka mafoko a buka e e tswetsweng, e batho ba e neelang yo o rutegileng, ba re, Bala seno, ke a go kopa: mme a re, Ga ke kgone, gonne e tswetswe: mme buka e neelwa yo o sa rutegang, go twe, Bala seno, ke a go kopa: mme a re, Ga ke a rutega. Ka jalo Morena a re, Ka gonne batho ba ba atamela kwa go nna ka molomo wa bone, mme ba ntlotla ka dipounama tsa bone, fela ba katositse dipelo tsa bone kgakala le nna, mme poifo ya bone ya nna e rutwa ke ditaelo tsa batho: ka jalo, bonang, ke tla dira tiro e e gakgamatsang mo gare ga batho ba, ee, tiro e e gakgamatsang le kgakgamatso: gonne botlhale jwa bo-ramatlhale ba bone bo tla nyelela, le tlhaloganyo ya bo-ramatlhaloganyo ba bone e tla fitlhwa.”29 Fa batho ba moporofiti a buang ka bone fano ba ka bo ba ne ba latetse lefoko le le tlhomamisitsweng la boporofeti, ba ka bo ba sa fapoge mo molaong wa Modimo, e bile ba ka bo ba sa emisetsa ditaelo tsa gagwe ka ditaelo tsa batho.
GSAM 30Boporofeti Ga se jwa Tlhaloso ya Motho ka Nosi
GSAM 30.1Lebaka la go bo batho ba le bantsi ba palelwa ke go tlhaloganya boporofeti ga se gore bo na le bokao bongwe jo bo boteng, jo bo subegileng, jo bo makatsang. Moaposetoloi Petere o buile jaana ka jone, “ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong.”30 Go supiwa sentle mo puong eno gore se se botlhokwa mo go tlhaloganyeng boporofeti ke go amogela mowa oo o buileng ka baporofiti. Ka ga mowa oo, o o solofeditsweng botlhe ba ba o batlang, go kwadilwe jaana, “o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe.”31
GSAM 30Boporofeti bo Diragaditswe
GSAM 30.2Mo thutong ya boporofeti go na le dintlha dingwe tse di tshwanetseng go nna di gopolwa ka metlha: Modimo, yo o sa foseng, ke ene motlhami wa boporofeti, mme fa nako e goroga ya go diragadiwa ga polelelopele, tiragalo yone e e boleletsweng pele e tla diragala. Gape, jaaka Morena, yo o nang le maatla a go bona pele sentle gore batho ba tla dira eng, a tlhalosa nako e selo se tla diragalang ka yone, fa nako eo e goroga, go nna le go diragala ga nnete ga boporofeti. Ka mafoko a mangwe, go ka se direge gore go nne le go diragala ga maaka ga boporofeti mo nakong e e beilweng ya nnete. Go tsamaelana le molaomotheo o, re ka bua gore, fa nako ya Morena e goroga ya gore molaetsa wa gagwe wa boammaaruri o neelwe lefatshe, molaetsa o a bonala nako le nako.
GSAM 30.3Ka nako nngwe, fa mokwadi a ne a sena go neela thuto ka ga go diragala ga boporofeti, motho yo o sa dumeleng yo o neng a le teng o ne a tla kwa pele mme a re, “Ke tshwanetse go lo akgola lona batlhalosi ba boporofeti ka go nna le lesego le legolo. Mo dithutong tsa lona tsa hisitori, go lebega lo bona motlhofo thata se se tsamaelanang sentle le boporofeti.” “Ee,” e ne ya nna karabo ya rona, “e a tshwanela ka gonne e dirilwe go tshwanela. Fa o ka ya kwa lebenkeleng la diatlana go reka diatlana, a ga o kake wa solofela go bona tse di lekanang seatla sa gago?” A araba a re, “Ee ruri, ka gonne di dirilwe go lekana.” “Jalo,” ga bua mokwadi, “Modimo yoo o neng a itse sentle se batho ba tla se dirang, o dirile dipolelelopele ka ga bone, mme fa batho bao ba tla go dira ditiro, mme ba dira dilo tse a di boleletseng pele, mokwadi wa ditso yo o boammaaruri o kwala ka ditiro tsa bone, tse, fa di bapisiwa le polelelopele, di tsamaelanang sentle tota.”
GSAM 31Boporofeti Lesedi mo Lefifing
GSAM 31.1Moaposetoloi Petere o bolela gore re tshwanetse go ela tlhoko boporofeti jaaka lesedi le le phatsimang mo lefifing. Ntle le lebone la boporofeti, isagwe e ka nna lefifi le le feletseng. Maikaelelo a lesedi ke go nyeletsa lefifi—fa o tsamaya mo lefifing, go supa tsela, le go e supa sentle, gore motsamai a kgone, kgato ka kgato, go bona le go tlhopha tsela. “Lentswe la gago,” go bua mopesalema, “ke lebone mo dinaong tsa me, le lesedi mo tseleng ya me.”32 Monna yo o botlhale a re, “Tsela ya ba ba siameng e tshwana le lesedi le le phatsimang, le le phatsimang go ya pele go fitlha ka letsatsi le le tletseng.”33 Ka jalo go bonwa, jaaka re tswelela ka nako, gore lefoko la Modimo, bogolo jang mo go diragaleng ga boporofeti jwa lone, le tla senoga go feta le go feta, le dira gore go nne mo pepeneneng le go feta mo moithuting wa Baebele gore ruri o mo tseleng e e isang kwa leseding la bosakhutleng le letsatsi la bosakhutleng.
GSAM 31Ditiragalo di le Tharo tse di Tlhagelelang go tswa kwa Edene go fitlha kwa Bokhutlong
GSAM 31.2Fa re sekaseka tsela ya batho ba Morena go tswa kwa Edene go fitlha kwa bokhutlong, mo leseding la Dikwalo, go na le ditiragalo di le tharo tse di tlhagelelang ka botlhokwa jo bo kgethegileng. Ya ntlha ke go tla ga ntlha ga ga Keresete, go nna motho ga gagwe, go tla ga ga Emmanuele, Modimo o o bonalang mo nameng; ya bobedi, Phetogo e kgolo morago ga Metlha ya Lefifi—dingwaga di le 1260 tsa kgatelelo, tse mo go tsone lefoko la Morena le neng le batlile go thibelwa gotlhelele mo bathong fela—go tswa ga phuthego mo seemong sa yone sa sekaka, le go baya Dikwalo kwa botlhe ba ka di balang le go itse thato ya gagwe; ya boraro, go tla ga bobedi ga Morena wa rona go tlisa nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo; seno, go konosetsa “ntwa ya makgolo a dingwaga,” ntwa magareng ga boleo le tshiamo, go tlisa motlha wa kgalalelo, o makgolo otlhe a dingwaga a ntseng a leba kwa go one.
GSAM 32Boporofeti bo Naya Matshwao a Tsela go fitlha kwa Bokhutlong
GSAM 32.1Fa re ela tlhoko lefoko le le tlhomamisitsweng la boporofeti jaaka lesedi le le tshwanetseng go kaela dikgato tsa rona, le le re supang tsela e e siameng mo lefifing, ga go na pelaelo gore re tla fitlhela tsela e e supilweng sentle mo lefokong la boporofeti go ralala nako go fitlha kwa go tlang ga bobedi ga ga Keresete. Ka jalo, ba ba salang morago ka kelotlhoko lesedi la boporofeti ga ba kitla ba lemoga fela ditshupo le matshwao a gore letsatsi le legolo le gaufi, mme gape ba tla lemoga tiro ya Morena jaaka e ntse e tsweletse pele ka melaetsa ya boammaaruri e e tshwanetseng go baakanyetsa batho go kopana le ene mo kagisong fa a goroga.
GSAM 32.2Le fa Dikwalo di bolela gore letsatsi la Morena le tla tla mo bontsing jwa batho jaaka “legodu mo bosigong,”34 gape di bua ka ba ba emeng mo kgakololong ya Morena, “bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla. Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare.”35
GSAM 32Gakologelwa Kaelo ya Morena
GSAM 32.3Fa re gopola ka kaelo ya Morena mo motsamaong wa go tla ga gagwe, go siame go lemoga gore e ntse e le maikaelelo a Modimo ka metlha gore batho ba gagwe ba gopole ka dipontsho tsa tlhokomelo le maatla a gagwe mo boemong jwa bone. Fa a ntsha mabaka a go fapoga ga Iseraele mo Modimong, mopesalema a re, “Ba lebetse Modimo Mmoloki wa bone, yo o dirileng dikgakgamatso kwa Egepeto; ditiro tse di gakgamatsang mo lefatsheng la Ham, le dilo tse di boitshegang fa go bapa le Lewatle le lehibidu.”36 Fa e ne e le molemo mo Iseraeleng go gopola ka boeteledipele jwa Morena mo go bone, a ga se molemo le mo go rona? Ka boitumelo jo bo feteletseng, mopesalema o bua gape a re, “Boka Morena, wena mowa wa me, mme o se lebale melemo yotlhe ya gagwe.”37
GSAM 33.1Mo metlheng yotlhe Morena o nnile le boammaaruri jwa botlhokwa, jo bo neng bo rulagantswe ka bopelotlhomogi jwa gagwe, go ntsha batho mo bokgoba jwa boleo, le go ba baakanyetsa go tsena mo Kanaan ya selegodimo; mme go mosola go sekaseka ditsamaiso tsa Morena le ba ba neng ba bolela boammaaruri jono.
GSAM 33Maduo a Magolo go tswa mo Ditseleng tse Dinnye go Gaisa—Bosupi jwa ga D'Aubigné
GSAM 33.2D'Aubigné, mo History of the Reformation ya gagwe, o bua jaana, “Modimo, yo o baakanyetsang tiro ya gagwe go ralala metlha, o e diragatsa ka didirisiwa tse di bokoa go gaisa, fa nako ya gagwe e gorogile. Go fitlhelela dipoelo tse dikgolo ka ditsela tse dinnye go gaisa, ke molao wa Modimo. Molao o, o o bonagalang gongwe le gongwe mo tlholegong, o fitlhelwa gape le mo ditsong.”38
GSAM 33.3Fa Modimo, mo metlheng ya bogologolo, a simolola go tlhopha setšhaba se se kgethegileng gore a se tlhomamise jaaka setšhaba se se kgethegileng sa gagwe, o ne a dira jalo ka go bitsa monna a le mongwe—Aberahame—yo o neng a nna mo gare ga baheitane, kwa Ure ya Bakaladea. Go tswa mo go ene go ne ga tsalwa losika lo lo ntsi; mme mo go bone, fa ba sena go godisiwa go nna setšhaba, Modimo wa legodimo a re: “Morena ga a ka a lo rata, le go lo tlhopha, ka gonne lo ne lo le bantsi go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lo ne lo le bannye go gaisa batho botlhe.”39
GSAM 33.4Gape, fa a ne a tla golola batho ba gagwe mo bokgokgontsheng jwa bone kwa Egepeto, o ne a ba tlhophela moeteledipele mongwe yo, mo bongwaneng jwa gagwe, a neng a fitlhilwe dikgwedi di le tharo mo ntlong ya ga mmaagwe, mme morago a bewa mo arekeng e e sa manobonobo, e e dirilweng ka matlhaka a noka mme e tshasitswe ka kgokgotsane, mme a neelwa go tlhokomelwa ke Noka ya Nile. Le fa go ntse jalo, Moshe yono, fa a ne a gola a nna le tlhaloganyo, o ne a tlhopha tsela e e boikokobetso ya go boga le batho ba Modimo go na le go itumelela “monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana.”40
GSAM 34Phenyo ya ga Gidione
GSAM 34.1Moragonyana, fa Morena a ne a tla golola Iseraele mo go Ba-Midiane le Ba-Amaleeke, ba ba neng ba gorogela lefatshe la bone “jaaka tsie ka bontsi,” mme ba senya thobo ya lefatshe, ba tlogela “go se na dijo dipe tsa Iseraele, e seng nku, e seng kgomo, e seng tonki,” Morena o ne a roma moengele kwa go Gidione. Morwa yo wa Joase o ne a wele mo seemong se se maswe sa go foforetsa korong e nnye le go e fitlha mo babeng ba gagwe. Fa moengele a mmolelela gore o tla golola Iseraele, Gidione o ne a botsa ka kgakgamalo a re, “Ke tla golola Iseraele ka eng? Bona, lotso lwa ga rre lo humanegile mo Manase, mme nna ke monnye go gaisa mo ntlong ya ga rre.”41 Monna yono tota yo o boikokobetso, yo o humanegileng o ne a tswa le banna ba gagwe ba le makgolo a mararo, ka dipone tsa bone tse di sa raraanang le dipitsa tsa bone (selo se se neng se ka lebega e le boeleele mo ponong e e lekanyeditsweng), mme ba tsaya Modimo e le maatla a bone, ba bona phenyo e kgolo. Pele ga pholoso, Gidione a ka tswa a ne a buile selelo jaaka sa moporofiti Amose fa a ne a botsa, “Jakobe o tla tsosiwa ke mang? gonne o monnye.”42
GSAM 34Lesea mo Bojelong
GSAM 34.2Ka nako e e beilweng ke Morena, Mmoloki wa setho o ne a tsholwa, mme badisa ba mo fitlhela a robetse mo bojelong. Ba losika lwa gagwe lwa lefatshe ba ne ba latela ditiro tse di kwa tlase tsa botshelo, le fa e le tsa tlotlo. Mabapi le khumanego ya gagwe ya lefatshe Mmoloki o ne a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”43 O tlhophile baaposetoloi ba gagwe “go tswa mo gare ga setlhopha se se kwa tlase, se, le fa e se sa maemo a a kwa tlase-tlase, se sa fitlheleng maemo a batho ba ba fa gare. Sengwe le sengwe se ne se diretswe go senolela lefatshe gore tiro e ne e se ya motho, mme e le ya Modimo.”
GSAM 35Ga ba Bantsi ba ba Botlhale ba ba Bileditsweng
GSAM 35.1Paulo o buile jaana ka tiro mo metlheng ya phuthego ya ntlhantlha: “Leano le la Modimo le go tweng ke ‘Boeleele’ le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe. Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo. Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo. O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang, gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo.”44
GSAM 35Banna ba Boikokobetso mo Phetogong
GSAM 35.2Re fitlhela molaomotheo o o tshwanang o supilwe mo matshelong a Bafetodi ba bagolo ba lekgolo la bo lesome le borataro la dingwaga. Mokwadi wa ditso o a re: “Mofetodi Zwingle o tswa mo ntlong ya modisa wa dinku wa kwa Alpine; Melanchthon, morutabodumedi wa Phetogo, o tswa mo lebenkeleng la modiri wa dithunya; mme Luther o tswa mo ntlong ya bonno ya mmereki wa moepo yo o humanegileng.” Ka ga gagwe, Luther o ne a re: “Batsadi ba me ba ne ba humanegile thata. Rre e ne e le moremi wa dikgong yo o humanegileng (moragonyana a nna mmereki wa moepo), mme mme o ne a tle a rwale dikgong mo mokwatleng wa gagwe, gore a kgone go bona se a ka godisang bana ba gagwe ka sone. Ba ne ba dira tiro e e bokete thata ka ntlha ya rona.”
GSAM 35.3Moaposetoloi Jakobe, fa a bua ka go bidiwa ga batho mo tirelong ya Morena, a re, “Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang.”45
GSAM 35Ba-Methodist ba pele
GSAM 35.4Fa re leba kwa morago kwa tseleng ya batlhabolodi ba ba neng ba gatela pele go ya kwa malatsing a ntlha a Methodism, fa thuto ya bopelotlhomogi jwa mahala e ne e bolelwa ka tlhoafalo, re fitlhela e patilwe ke maatla a Modimo. Jaaka e ne e bewa fa pele ga batho ka boikanyego, ka lorato lo lo bonolo lwa ga Keresete, mme e amogelwa ka tumelo e e tshelang, badumedi ga ba a ka ba bona fela boitshwarelo jwa maleo a nako e e fetileng, mme gape ba bona maatla a a itshepatsang go ba kgonisa go tshela botshelo jwa boitshepo. Boka-Methodist bo simolotse ka boikokobetso, mme bo ne jwa segofatswa go ya ka tumelo le tshepo e e motlhofo ya badiredi le badumedi.
GSAM 36.1Fa re sala morago ditiragalo le maitemogelo a a amanang le mokgatlho wa go tla ga Morena, re fitlhela gore, jaaka mo tirong nngwe le nngwe ya Morena e motho a nang le seabe mo go e diragatseng, tshimologo ya yone e ne e le mo gare ga bahumanegi le ba ba sa itseweng; mme a go se na ope yo o ka e atlholang ka ntlha ya seo pele ga a sekaseka ka kelotlhoko bosupi jo tiro e kgolo e e leng jaana e theilweng mo go jone, gore ba se ka ba iphitlhela mo maemong a ba Morena a neng a ba botsa ka bone a re, “Ke mang yo o nyatsang letsatsi la dilo tse dinnye?”46
GSAM 36Karabo ya ga Eck go Luther
GSAM 36.2Go thusa ba ba ka nnang ba sekamela go atlhola gore a ntlha ya thuto e siame kgotsa e phoso go ya ka palo ya ba ba e amogelang, re nopola, ka bontlhanngwe, kganetsano magareng ga Luther le Eck. Jaaka Luther a ne a theile boemo jwa gagwe mo Dikwalong, mme a iteta sehuba go ganetsa tshwanelo ya batho ya go baya megopolo ya bone kwa godimo ga lefoko la Modimo, Eck o ne a araba ka mafoko a a somisang a a reng: “Ke gakgametse ke boikokobetso le boitshwaro jo ka jone Ngaka e e tlotlegang e lekang go ganetsa, a le nosi, borra-kgolo ba le bantsi ba ba tumileng, mme a itira jaaka e kete o itse go feta bomopapa, dikhansele, dingaka, le diyunibesithi! ... Go ka gakgamatsa, ruri, fa Modimo a ka bo a fitlhetse boammaaruri mo baitshepeleng le baswela tumelo ba le bantsi go fitlha mo go tlang ga Rra-kgolo yo o tlotlegang.”
GSAM 36.3Karabo eno e ka arabiwa ka ya ga Zwingle go John Faber, kwa Zurich, fa yo wa bofelo a ne a supa “kgakgamalo ya gagwe ka seemo se dilo di neng di le mo go sone, fa mekgwa ya bogologolo e e neng e na le dingwaga di le sekete le makgolo a mabedi e ne e tlogetswe, mme go ne ga swetswa sentle gore Bokeresete bo ne bo le mo phoshong dingwaga di le sekete le makgolo a mane.” Zwingle o ne a araba ka bonako a re “phoso ga e nne phoso e potlana fela ka gonne tumelo ya yone e ntse e le teng dingwaga di le sekete le makgolo a le mane, le gore mo kobamelong ya Modimo, bogologolo jwa mokgwa ga se sepe fa motheo kgotsa sesupo sa jone se sa ka se bonwa mo Dikwalong tse di Boitshepo.”47
GSAM 37Lefoko la Morena kgatlhanong le Botlhale jwa Botho
GSAM 37.1Kotsi ya go ikaega ka megopolo ya batho, mo boemong jwa go rarabolola potso ya gore, “Boammaaruri ke eng?” ka lefoko la Morena, e tlhalosiwa ka bogale ke moporofiti Hosea fa a re, “Lo lemile bosula, lo robile molato; lo jele maungo a maaka; ka gonne o ne o ikantse ka ditsela tsa gago, ka bontsi jwa banna ba gago ba ba maatla.”48 Mokgwa wa pelo ya motho o ntse o le go ikanya motho ka gale; mme jaaka re atamela nako e Morena a tla “tsogang a roromisa lefatshe ka go boitshega,” moporofiti Isaia o rotloetsa a re, “Tlogelang go ikanya motho, yo mowa wa gagwe o leng mo dinkong tsa gagwe; gonne o ka balelwa eng?”49
GSAM 37.2Ka jalo, ka re tlhagisitswe jaana mo Dikwalong mabapi le kotsi ya rona mo ntlheng e, a go se na ope yo o ka potlakelang go atlhola mokgatlho wa go tla ga Morena, jaaka e kete ga o tshwanelwe ke go sekasekwa ka ntlha ya tshimologo ya one e e boingotlo, kgotsa ka gonne ba ba bidiwang bagolo mo matlhong a lefatshe ba sa emela ntlha e. Go na le moo, a mongwe le mongwe a sekaseke dipolelo tsa one ka kelotlhoko. Boammaaruri bo botlhokwa go feta tekanyo, mme fa e bapisiwa le jone, megopolo fela ya batho ke matlakala a a se nang mosola.
Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe
- 2 Timotheo 1:9. ↩
- David H. Montgomery, The Leading Facts of American History, kgatiso ya 1902, ditsebe 8, 9. ↩
- Bahebera 6:19. ↩
- 1 Bathesalonia 2:19. ↩
- Ditiro 24:14, 15. ↩
- Ditiro 26:6-8. ↩
- Ditiro 28:20. ↩
- Tito 2:11-13. ↩
- 1 Petere 1:3-7. ↩
- Isaia 45:18. ↩
- Pesalome 115:16. ↩
- Moreri 7:29. ↩
- Duteronome 32:8. ↩
- Ditiro 17:26-28. ↩
- Isaia 60:21. ↩
- Isaia 33:24. ↩
- Pesalome 37:11. ↩
- 2 Petere 1:16-19. ↩
- Mathaio 16:28. ↩
- Luke 9:27. ↩
- 1 Bakorintha 15:51, 52. ↩
- Johane 13:19. ↩
- Isaia 46:9, 10. ↩
- Isaia 48:3-7. ↩
- Tshenolo 22:10. ↩
- Tshenolo 1:3. ↩
- Duteronome 29:29. ↩
- Mathaio 24:15. ↩
- Isaia 29:11-14. ↩
- 2 Petere 1:20, 21. ↩
- Johane 16:13. ↩
- Pesalome 119:105. ↩
- Diane 4:18. ↩
- 1 Bathesalonia 5:2; 2 Petere 3:10. ↩
- 1 Bathesalonia 5:4, 5. ↩
- Pesalome 106:21, 22. ↩
- Pesalome 103:2. ↩
- History of the Reformation, buka 2, kgaolo 1, temana 1 ↩
- Duteronome 7:7. ↩
- Bahebera 11:25. ↩
- Baatlhodi 6:4, 5, 15. ↩
- Amos 7:2. ↩
- Mathaio 8:20. ↩
- 1 Bakorintha 1:25-29. ↩
- Jakobe 2:5. ↩
- Sekaria 4:10. ↩
- History of Protestantism ya ga Wylie, kgaolo 12, temana 16, 17; Kgatiso ya Cassel, tsebe 458 ↩
- Hosea 10:13. ↩
- Isaia 2:22. ↩