Kgaolo 24 — Dipolelelopele Tse Dingwe Tse di Diragetseng
GSAM 376.1“LEBA Jaanong go tloga mo letsatsing leno go ya kwa pele, go tloga ka letsatsi la bo masome a mabedi le bone la kgwedi ya borobongwe, ee, go tloga ka letsatsi le motheo wa tempele ya Morena o neng wa bewa, leba. A peo e santse e le mo ntlwaneng ya polokelo? ee, go fitlha jaanong morara, le mofeige, le mogaranata, le setlhare sa motlhware, ga di ise di ntshe maungo: go tloga mo letsatsing leno ke tla lo segofatsa.”1
GSAM 376.2Tswelelopele e e tlhomameng le e e sa kgaotseng ya molaetsa wa moengele wa boraro go tswa kwa tshimologong ya one e ka tshwantshanngwa sentle le katlego e e neng e patile Serubabele go tswa mo letsatsing le a neng a baya ka lone letlapa la motheo wa tempele.
GSAM 376Tsholofelo e e Tshosang
GSAM 376.3Fa batho ba Sejuta, ba sena madi le dijo, ba ne ba bidiwa go aga tempele ya Morena, go ne go lebega e le tiro e e boitshegang mo ponong ya botho. Fa ba ne ba obamela pitso ka tumelo, mme ba tsaya tiro ka boithaopo, letsogo la Modimo le le atlegisang le ne la bonala mo go bone. Fa re sala morago maitemogelo a go tlhatlogelwa ga molaetsa o wa boraro, re lemoga letsogo le le kaelang ba ba tlhophang tsela ya gagwe. Le fa kutlobotlhoko e le karolo ya bone, tlhokomelo ya Modimo mo setšhabeng sa gagwe le mo tirong ya gagwe e nna e le mo pepeneneng ka metlha mo go ba ba mo tshepang.
GSAM 376Bosupi jo bo Tlhalosang Botho
GSAM 376.4Ka di 24 Ngwanatsele, 1862, go ne ga tshwarwa dipitso di le pedi ka nako e le nngwe kwa ntlong ya ga William Wilson, wa kwa Greenville, Mich., ka maikaelelo a go rulaganya diphuthego di le pedi tsa ba ba neng ba amogetse boammaaruri jwa Sabatha mo kgaolong eo. Pitso ya phuthego ya Greenville e ne e eteletswe pele ke Moruti White le mosadi wa gagwe mo phaposing e nngwe, fa nna le Moruti Byington re ne re okametse pitso mo phaposing e nngwe ya phuthego ya West Plains. Fa re ntse re dira tiro ya go baakanyetsa mo phaposing e nngwe, re ne re utlwa lentswe la ga Mohumagadi White a ntse a neela bosupi jwa gagwe mo phaposing e nngwe. Re ne re na le mathata mo tirong ya rona, mme ka nako e e maleba tota Mohumagadi White a bula lebati, mme a re, “Mokaulengwe Loughborough, ke bona fa ke leba setlhopha se gore ke na le bosupi jwa bangwe ba ba leng fano. Fa o siametse, ke tla tsena ke bue.” Ka jaana e ne e le nako e tota re neng re tlhoka thuso ka yone, o ne a tsena. Ntle le ga Moruti Byington le nna, o ne a itse maina a batho ba le bararo fela mo phaposing. Ba bangwe e ne e le batswakwa, ba a neng a ise a ko a ba bone, fa e se fela jaaka a ne a ba bonye mo ponong.
GSAM 377Botshelo jwa ga Rre Pratt bo Tlhalositswe
GSAM 377.1Fa a tsoga go bua, a re: “Lo tla tshwanelwa ke go intshwarela mo go boleleng se ke tshwanetseng go se bua, fa ke ka tlhalosa tebego ya lona, ka gonne ga ke itse maina a lona. Fa ke leba difatlhego tsa lona, go tla mo mogopolong wame se Morena a itumeletseng go se mponetsa ka ga lona. Monna yole wa kwa sekhutlong yo o nang le leitlho le le lengwe [mongwe a bua, a re, ‘Leina la gagwe ke Pratt’] o ipolela dilo tse dikgolo, e bile o itira jaaka motho yo o boifang Modimo thata, mme ga a ise a ko a fetoge. Se mo amogeleng mo kerekeng mo seemong sa gagwe sa jaanong, gonne ga se Mokeresete. O dirisa nako ya gagwe e ntsi a tsamaya a sa dire sepe kwa mabenkeleng, a ganetsana ka dikgopolo tsa boammaaruri, fa mosadi wa gagwe kwa gae a tshwanetse go sega dikgong, a tlhokomela tshingwana, jalo jalo. O dira ditsholofetso mo ditumalanong tsa gagwe tse a sa di diragatseng. Baagelani ba gagwe ga ba na tshepo mo boipolelong jwa gagwe jwa bodumedi. Go ka nna botoka mo kgannyeng ya bodumedi, gore ene, mo seemong sa gagwe sa jaanong, a se ka a bua sepe ka jone.”
GSAM 378Mokaulengwe Barr o Itumetse
GSAM 378.1O ne a tswelela a bua a re, “Mokaulengwe yo o tsofetseng yo [fa a mo supa, mongwe a re, ‘Mokaulengwe Barr’] o mpontshitswe go farologana gotlhelele le monna yo mongwe. Ke sekao se se molemo mo botshelong jwa gagwe, o tlhokometse go tshegetsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe, e bile o tlamela lelwapa la gagwe sentle. Ga a batle le go leka go bua nnete le baagelani ba gagwe, ka poifo ya gore o tla senya tiro mme a dire kotsi. Ga a bone gore Morena a ka nna pelotlhomogi jang go ka mo itshwarela maleo a gagwe, mme o ipona a sa tshwanela le go nna leloko la kereke.” Mme a mo raya a re, “Mokaulengwe Barr, Morena o nthomile go go bolelela gore o ipoletse maleo otlhe a o neng o a itse, le gore o go itshwaretse maleo a gago bogologolo, fa fela o ka dumela.” Tebego ya kutlobotlhoko mo sefatlhegong sa mokaulengwe e ne ya nyelela ka bonako. O ne a leba kwa godimo a nyenya, mme a bua ka bonolo jwa gagwe a re, “A o intshwaretse?” “Ee,” ga araba Mohumagadi White, “mme ke laetswe go go bolelela gore, ‘Tla o kopane le kereke; mme fa o bona sebaka, bua lefoko le le emelang boammaaruri; go tla nna le maduo a a molemo, ka jaana baagelani ba gago ba a go tshepa.’” A araba a re, “Ke tla dira jalo.”
GSAM 378.2Foo a re, “Fa Rre Pratt a ka kgona, ka nakwana, go tsaya maemo a a tshwanang le a Mokaulengwe Barr a ntseng a le mo go one, go ka mo solegela molemo.”
GSAM 378.3Ka jalo lebaka le lengwe la bothata jwa rona jwa go rulaganya le ne la tlosiwa. Pele ga a ka ne a neela bosupi, re ne re sa kgone go dira gore Rre Barr a dumele go kopanela le phuthego; mme ka fa letlhakoreng le lengwe, re ne ra fitlhela gore mo e ka nnang mongwe le mongwe o ne a ganetsa go amogela Rre Pratt; le fa go ntse jalo, go ne go se ope yo o neng a ikutlwa a gololesegile go bolela gore o ne a ganetsa ka ntlha ya eng.
GSAM 378Lefufa la Lelapa le Foladitswe
GSAM 378.4O ne a bua le monna mongwe wa letlalo le le mmala wa motlhaba yo o neng a ntse ka fa letlhakoreng le lengwe la phaposi; mme a supa mosadi mongwe wa sefatlhego se se sesane kwa ntlheng e nngwe e e kgakala, a ba bitsa monna le mosadi. O ne a tlhalosa dilo dingwe tse di diragetseng mo matshelong a bone a pele, pele ga ope wa bone a ka ipolela nnete. O ne a re dilo tse di ne di godisitswe ke Satane mo mogopolong wa mosadi go fitlha a feleletsa a tsenwe ke botsenwa. “Ke bone,” ga bua Mohumagadi White, “gore mosadi yo o nnile ngwaga o le mongwe kwa lefelong la balwetse ba tlhaloganyo; mme fa e sale a boela mo tlhaloganyong, o letlile maikutlo a one a lefufa go tshwenya mogopolo wa gagwe, go utlwisa monna wa gagwe botlhoko thata, yo o dirileng sengwe le sengwe se a ka se kgonang go bontsha mosadi wa gagwe gore o ikanyega mo go ene, le gore ga a na lebaka la go mo kgarametsa ka tsela e a dirang ka yone.”
GSAM 379.1Ka ponyo ya leitlho mosadi o ne a tabogela kwa moseja ga phaposi, mme a khubama a kopa monna wa gagwe go mo itshwarela. Batho bao e ne e le batho ba ba sa itsiweng thata mo karolong eo ya naga, mme hisitori ya bone ya pele e ne e sa itsege. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba ba itse sentle ba ne ba itse gore go na le kgotlhang magareng ga bone, mme ba ne ba sa itse lebaka.
GSAM 379Go tshwana le Elisha le Hazaele
GSAM 379.2Morago ga Mohumagadi White a sena go neela bosupi jwa gagwe, tiro ya go rulaganya phuthego e ne ya fela ka bonako. Rre Barr o ne a tsena mo thulaganyong ka pelo yotlhe, fa Rre Pratt ene a ne a tlogelwa kwa ntle. Fela fa phuthego e sena go konosega, yo wa bofelo o ne a bua ka bogale jo bo seng kana ka sepe a re, “Ke a lo bolelela, ga go na mosola go leka go tsamaya le batho ba le go itira moitimokanyi; ga lo ka ke lwa kgona.”
GSAM 379.3Tlhaloso eno ya botho, jaaka mo sekai se se fa godimo, e re gopotsa ka maatla ka kgang e e tshwanang e e kwadilweng mo metlheng ya ga Elisha moporofiti:2 Benhadad, Kgosi ya Syria, o ne a rometse motlhanka wa gagwe Hazael kwa go Elisha go botsa gore a o tla fola mo bolwetsing jwa gagwe. Elisha o ne a bone pono ka ga seemo sa ga Hazael, mme jaaka monna yoo a tla fa pele ga gagwe, a bo a leba sefatlhego sa gagwe, sengwe le sengwe se ne sa tla mo mogopolong wa gagwe ka phepafalo.
GSAM 379Moruti White o Tlhasetswe ke Bolwetse jwa go Golafala
GSAM 379.4Ka Laboraro, Phatwe 16, 1865, Moruti White, ka ntlha ya go bereka go feta selekanyo le go tlhoka boroko, o ne a tshwarwa ke setorouku. Ka jaana ditheo tsa boitekanelo mo bathong ba rona di ne di ise di tlhomiwe, o ne a isiwa kwa Dansville, N.Y., kwa setheong sa boitekanelo se se bidiwang, “Legae la Rona mo Lethoteng la Thaba.” Mosadi wa gagwe le mokwadi ba ne ba na le ene koo go tloga ka Lwetse 14 go fitlha ka Sedimonthole 7. Ka jaana a ne a bona namolo e nnye fela mo dikalafing tse a di filweng kwa setheong seo, re ne ra ya kwa lelapeng le le amogelang baeng sentle la ga Bradley Lamson, kwa Lake View, Rochester, N.Y., kwa re neng ra nna teng dibeke di ka nna tharo. Fano re ne ra itumelela go kopana le Moruti J. N. Andrews, yo o neng a sa tswa go boa kwa toropong eo, morago ga go fetsa dikgwedi di le mmalwa kwa Maine.
GSAM 380Go Rapelela Moruti White
GSAM 380.1Malapa a ga Moruti Andrews le Rre Orton a ne a kopana le rona thapama nngwe le nngwe mo nakong ya thapelo le Moruti White le go mo rapelela. Seno se ne sa tswelela go fitlha ka di 25 Tshitwe. Fa lefatshe le le ka kwa ntle le ne le tletse ka boitumelo le meletlo ka letsatsi leo la Keresemose, phuthego ya Rochester yone e ne ya le tsaya e le letsatsi la go itima dijo le thapelo go rapelela Moruti White. Re ne re na le dipitso ka nako ya moso le ya thapama, kwa ntlong ya ga Moruti Andrews, mo New Main St., mme maitsiboa, ba ba neng ba ntse ba rapela le Moruti White pele, ba ne ba kopana le ene gape kwa ntlong ya ga Rre Lamson.
GSAM 380Pono e e Filweng ka Bosigo jwa Keresemose
GSAM 380.2Kopano ya maitseboa ao e ne e le e e maatla. Moruti White o ne a segofaditswe thata, mme Mohumagadi White a fiwa ponatshegelo e e gakgamatsang, e mo go yone a neng a bontshiwa dilo di le dintsi. Mo go tsone go ne go na le ditaelo tse di neng di neelwa Moruti White ka fa a tshwanetseng go tswelela ka teng gore a kgone go tshegetsa tumelo ya gagwe mo Modimong, yo o neng a setse a otlolotse letsogo la gagwe ka phepafalo go mo thusa gore a boele mo botsogong.
GSAM 380Tlhaselo ya ga Satane e Boleletswe Pele
GSAM 380.3Go ba ba neng ba rapelela Moruti White, Mohumagadi White o ne a re:
GSAM 380.3“Maikaelelo a ga Satane e ne e le go senya monna wa me, le go mo isa kwa lebitleng. Ka dithapelo tse di tlhaga tse, maatla a gagwe a robegile. Ke bontshitswe gore Satane o galefile ka phuthego eno e e tsweletseng ka dibeke di le tharo e rapela ka tlhoafalo mo boemong jwa motlhanka yo wa Modimo, mme jaanong o ikemiseditse go ba tlhasela ka maatla. Ke laetswe go lo bolelela gore, ‘Nnang gaufi thata le Modimo, gore lo tle lo ipaakanyetse se se ka lo diragalelang.’”
GSAM 381Ditebello tsa ga J. T. Orton
GSAM 381.1Ka letsatsi la ntlha la Ferikgong, 1866, Moruti White le lelwapa la gagwe ba ne ba tsaya loeto ka terena go ya kwa Battle Creek, Mich. Nna ke ne ka sala kwa bophirima jwa New York mo mariga otlhe a a neng a setse. Go tloga mo maitseboeng a ponatshego e e neng ya ntshiwa ka one, Rre J. T. Orton o ne a amega ka gore botshelo jwa gagwe bo mo kotsing, mme le fa go ntse jalo o ne a sa itse gore kotsi e tswa kae. Maikutlo a a, o ne a a bolelela batho ba le mmalwa. Mo maitseboeng a Sontaga, Mopitlwe a le 4, o ne a boela kwa Rochester a tswa kwa Parma, kwa a neng a tseneletse phuthego ya malatsi a le mabedi, a na le Rre E. B. Sanders (yo jaanong, ka 1905, a nnang kwa San Jose, Cal.), yo a neng a mo kopa gore ba tsamaye mo mmileng o o nang le lesedi thata fa ba ntse ba tsamaya mo toropong, “gonne,” a rialo, “ke ikutlwa nako yotlhe jaaka e kete mongwe o ya go leka go mpolaya.” Le fa go ntse jalo, o ne a sa lebege a na le kakanyo ya gore ke mang yo o neng a batla go mo bolaya.
GSAM 381.2Ke ne ka boela kwa Rochester ke tswa kwa Parma, ka di 7 Mopitlwe, mme ka nna le Rre Lamson, mogwe wa ga Rre Orton. Ka di 8 ene le Mohumagadi Orton ba ne ba re etela, mme ra dira dithulaganyo tsa go ya ka terena ka moso go ya kwa Lancaster, Erie Co., kwa ke neng ke tshwanetse go diragatsa mokete wa lenyalo wa morwawe a le mongwe fela. Re ne ra fetsa letsatsi le le monate, le fa gone e ne e le letsatsi le le masisi.
GSAM 381Polao ya ga J. T. Orton
GSAM 381.3Ba tlogetse kwa ga Rre Lamson ka 5 P.M., mme ka 7:30 P.M. go gorogile morongwa, a re itsise ka tlhaselo e e setlhogo e e neng e dirilwe mo go Rre Orton ke motho mongwe yo o sa itseweng, mo ntlwaneng ya gagwe ya polokelo, a ntse a tlhokomela dipitse tsa gagwe. Re ile ra itlhaganela go ya kwa lefelong leo, mme ra fitlhela a iteilwe setlhogo mo tlhogong ka thobane ya koloi e e tshegeditsweng ka tshipi, mme a idibadile. O tlhokafetse ka 12:35 bosigo joo. Go fitlha gompieno ga go itsiwe gore ke mang yo o dirileng ketso e e setlhogo e. Ruri e ne e se ka ntlha ya madi, ka jaana tshupanako ya gagwe mo kgetsaneng e ne e sa amiwa, fela jaaka sepatshe sa gagwe, se se neng se na le $45. E ne e le kgakgamalo e kgolo mo go Mohumagadi Orton, e ditlamorago tsa yone a sa kang a di falola. Botsogo jwa gagwe jwa mmele bo ne jwa koafala ka bofefo, mme ga a ka a tshela lobaka lo loleele morago ga monna wa gagwe.
GSAM 382Polelelopele e e Dirilweng ka Keresemose e a Diragala
GSAM 382.1Mo dikgweding di sekae go tloga ka maitseboa ao a Keresemose a a sa lebalesegeng, ba le barataro mo go ba le robongwe ba ba neng ba tseneletse mo thapelong ya dibeke tse tharo, ba ne ba le mo mabitleng. Mme ka jalo, polelelopele e nngwe gape e ne ya diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang.
GSAM 382Thuso go ba ba Feletsweng ke Tsholofelo
GSAM 382.2Mo mosong thata wa di 12 Tshitwe, 1866, Elias Stiles, wa kwa North Liberty, Ind., o ne a tla kwa legaeng la me, a nkopa gore ke ye le ene kwa lefelong leo go ya go thusa James Harvey, fa go ka kgonega, yo o neng a kgobegile marapo, e bile a ikutlwa gore ga go na tsholofelo mo kgannyeng ya gagwe. Ka ke ne ke itse gore Mohumagadi White o ne a bone pono e e atolositsweng thata mo ponong ya bofelo e a e filweng, le gore dikgang di le dintsi di ne di supilwe kwa go ene ka boporofeti, ka mo raya ka re, “Go ka nna ga bo Kgaitsadi White a bone sengwe ka ga kgang ya gagwe, mme fa go le jalo, le fa a ka e kwala, go tla nna le maatla go feta sepe se nka se buang le ene.”
GSAM 382.3Ka yone nako eo ra ya go mo etela, mme go sa buiwa lefoko lepe le le malebana le seemo sa ga Rre Harvey, ka botsa, “Kgaitsadi White, a o bone lesedi lepe mo go nngwe ya diponatshegelo tse o di filweng mabapi le kgang ya ga Mokaulengwe James Harvey?” A araba a re, “Ee, ke bone, mme ke ntse ke ikutlwa malatsi a sekae jaaka e kete ke tshwanetse go e kwala, le go e mo romelela.” Go tswa foo a simolola go re bolelela se a neng a se bone. Ka re, “Ke ya go mo bona ka moso, mme fa o ka kwala se o se bontshitsweng, ke tla se isa kwa go ene.” Ka tumelano e, ra mo tlogela, mme maitsiboa ra boela gape. O ne a feditse go kwala, mme a re balela se se kwadilweng ka lentswe le le kwa godimo.
GSAM 383Bosupi jo bo Lebisitsweng go James Harvey yo o Feletsweng ke Tsholofelo
GSAM 383.1Bosupi bo ne bo tlhalosa sentle gore Rre Harvey o ne a tla nna le botsogo jo bo bokoa, le gore Satane o ne a tla batla go mo gatelela mo go tlhokeng tsholofelo, le go leka go mo dira gore a akanye gore ga go na kutlwelobotlhoko mo go ene, le gore ga go na tsholofelo mo seemong sa gagwe; mme o ne a bona gore o dirile gotlhe mo a ka go kgonang go baakanya diphoso tsa botshelo jwa gagwe jwa maloba, le gore Modimo o mo itshwaretse; mme go feta moo, fa a ne a ka lekelediwa go ipolaya, o ne a bontshiwa gore baengele ba Modimo ba ne ba mo dikologile ba mo supegetsa tsholofelo mo Modimong le kwa legodimong. Go ne go na le mafoko a mantsi a a tshwanang a kgomotso le kgothatso mo bosuping.
GSAM 383.2Ka lokwalo lono mo go nna, re ne ra ya kwa North Liberty ka moso o o latelang. Mo tseleng, Rre Stiles o mpoleletse gore Rre Harvey o batla go mpona, mme a re ga nkitla ke nna le lefoko la tsholofelo mo go ene; gore, fa ke kopana le ene, ke tla dumalana le ene gore seemo sa gagwe se sena tsholofelo, gore ke monna yo o latlhegileng; mme foo, jaaka Eli wa bogologolo, fa a ne a bolelelwa gore Areka ya Modimo e tserwe, o ne a tla wela ka mokwatla mme a swa.
GSAM 383.3Re gorogile kwa ga Rre Harvey ka nako ya bo 3 motshegare. Fa ke kopana nae, ka re, “Mokaulengwe Harvey, o tsoga jang?” Ka lentswe le le utlwisang botlhoko thata a araba a re, “Ke latlhegile! ke latlhegile!! KE LATLHEGILE!!!” “Nnyaa! ga o a latlhega. Go na le tsholofelo mo kgannyeng ya gago!” ka rialo. Fa a bona gore ke mo arabile jalo, a re, ka lentswe le le ritibetseng, “Ke na le dibeke di le tharo ke akanya gore ga go na tsholofelo mo go nna, le gore ke latlhegile; mme gompieno, fa ke ne ke tswa kwa polasing ke tla mo toropong, ke kgabaganya borogo jwa letamo la leloala, sengwe se ne sa utlwala se re mo go nna, ‘O latlhegile! Ga go na tsholofelo mo go wena! Tlola mo letamong la leloala o inwele!’ Ke ne ka akanya gore go dira jalo go tla tlisa tlhabiso mo tirong ya ga Keresete, mme ka jalo ka itshwara gore ke se ka ka ipolaya.”
GSAM 384Thuso e Tlile ka Bonako
GSAM 384.1“Ee, Mokaulengwe Harvey, ga o a latlhega!” ka bua. “Ke na le bosupi jo bo tswang kwa legodimong ka tlhamalalo, jo bo reng ga o a latlhega!” A araba a re, “Jaanong ke tla bo utlwa.” Ka buisetsa bosupi joo mo go ene, morago ga go tlhalosa pele gore go ne go se na lefoko le le lengwe le le boleletsweng Mohumagadi White ka ga seemo sa mogopolo wa ga Mokaulengwe Harvey go fitlha fa a sena go kwala se a neng a se bontshitswe mme mokwalo oo o sena go bewa mo diatleng tsa me. Fa ke fetsa go buisa, sefatlhego sa gagwe sa phatsima ka monyenyo fa a re, “Jaanong go na le tsholofelo mo kgannyeng ya me. Ke a dumela mo go Morena.”
GSAM 384.2Morago ga go buisa, re ne ra nna le nako ya thapelo, mme a tsoga e le monna yo o fetogileng le yo o itumetseng. O ne a re bolelela gore mokwalo oo o ne o tlhalosa ka nepagalo e e fetang e a neng a ka kgona go e dira, ka fa mogopolo wa gagwe o neng o dira ka teng mo dibekeng tse tharo tse di fetileng. Ka jalo, lorato lwa Modimo lo ne lwa bonala fa go ne go tsholetswa mokaulengwe yo, ka tsela e, mo go feleleng pelo.
GSAM 384Tshimo ya Tiro e Atolositswe
GSAM 384.3Go fitlha ka ngwaga wa 1868, tshimo ya tiro ya Baadventista ba Letsatsi la Bosupa e ne e lekanyeditswe kwa United States, le kwa karolong ya yone e e kwa bokone jwa molelwane wa borwa jwa Missouri le kwa botlhaba jwa Noka ya Missouri. Mo phuthegong ya go sekaseka mafelo a tiro le kabo ya yone, ka nako ya kopano ya Kopano e Akaretsang e e neng e tshwaretswe kwa Battle Creek, Mich., ka di 28 Motsheganong, go ne ga swediwa go romela badiri ba babedi le tente ya boleele jwa dinao di le masome a marataro kwa California. Moruti D. T. Bourdeau le mokwadi ba gorogile kwa San Francisco ka di 18 Phukwi tsa ngwaga oo.
GSAM 384Pulo ya Thomo ya California
GSAM 384.4Ntlha e le nngwe e ke eletsang go e tlhokomela mabapi le go bulwa ga Thomo ya California, e e bontshang sentle mosola o o dirisiwang wa neo ya boporofeti. Paulo, fa a bua ka dimpho tsa semoya, go akarediwa le neo ya boporofeti, o bolela gore “Ke ka ntlha ya go itekanela ga baitshepi, go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete.” 3Ruri tsela e e molemo go gaisa ya go dira gore baitshepi ba itekanele ke go ba supa diphoso tsa bone, gore ba di tlogele, mme ba tlhatswiwe mo dibeng tsa bone ka madi a botlhokwa a Morena wa rona Jesu Keresete. Ka maikaelelo a, thuso ka neo ya boporofeti mo tirong ya bodiredi e ntse e bonala ka metlha yotlhe e amana le ntlha ya boammaaruri jwa gompieno, e supa badiredi ba Morena diphoso mo mekgweng ya bone ya go bereka, le gore, ka mokgwa o sele, ba ka nna le matswela a a botoka jang mo go sokololeng dipelo tsa batho.
GSAM 385Bosupi ka ga Mokgwa wa go Dira mo California
GSAM 385.1Nako e khutshwane morago ga go goroga ga rona kwa California re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa go Mohumagadi White, le mo go lone a neng a bolela ka pono e a e filweng kwa Battle Creek ka Labotlhano maitseboa a Seetebosigo a le 12,—letsatsi le re neng re le feditse kwa Lancaster, N. Y., pele ga re simolola loeto lwa rona lwa go ya kwa California. O ne a ise a ko a ye kwa California, mme a se na kitso epe ka sebele ka mekgwa ya batho ba koo. Tota, ka nako eo o ne a ise a ko a kgabaganye Noka ya Missouri go ya bophirima. Kitso epe fela e a neng a na le yone ka ga dilo tsa koo e ne e tswa mo go se Morena a neng a itumelela go se senolela ene.
GSAM 385.2Mo thutong e e mo lekwalong la gagwe, o ne a tlhalosa mekgwa e e bulegileng ya batho ba California, le gore maduo a tiro mo go bone a ka nna jang fa e dirwa ka leano le le gagametseng la “go somarela madi.” Fa ba rera mo bathong ba California, ba tshwanetse go atamelwa ka mowa o o tshwanang le wa bone wa go bulega, mme e se ka mokgwa wa go senya.
GSAM 385Katlego e e Boleletsweng Pele e Tlile
GSAM 385.3Fa jaanong ke leba kwa morago mo dingwageng di le masome a mararo le bosupa tse di fetileng fa e sale tiro e simololwa la ntlha kwa California, mme ke sekaseka seemo sa nako eo, maemo a batho, le mokgwa o re ka bong re tsamaisitse tiro ya rona ka one fa e ne e se ka ntlha ya bosupi jo re bo amogetseng, le jaaka ke bona dipholo tsa go latela ditaelo tse di filweng, nka bua gore ntlha ya rona e gatetse pele go feta mo dikgweding di le tharo go na le mo ngwageng o le mongwe fa re ka bo re sa thuswa “go mo direla tiro” ka thuto e e amogetsweng ka neo ya boporofeti. Go fitlha ka dikgakologo tsa 1871, ka ntlha ya maiteko a a dirilweng kwa Sonoma County, go ne go tlhomilwe diphuthego di le tlhano tsa batlhokomedi ba Sabatha.
GSAM 386Kopano ya Ntlha ya Tenteng kwa San Francisco
GSAM 386.1Ka Seetebosigo mo ngwageng o one, re ne ra tlhoma tente ya rona la ntlha, kwa San Francisco. E re ka Moruti Bourdeau a ne a boetse kwa Botlhaba, go ne ga romelwa modiri yo mongwe go tswa kwa Michigan go tsaya maemo a gagwe. O gorogile ka Seetebosigo a le 17, mme ka bonako a kopana le nna mo tirong mo toropong. Morago ga maiteko a dibeke di sekae mo tenteng, re ne ra tsweletsa dipitso tsa rona go fitlha ka Sedimonthole 1, 1871, mo diholong tse di hirilweng. Ka ntlha ya tiro eno, ba feta masome a matlhano ba ne ba amogela molaetsa kwa San Francisco.
GSAM 386Diteko tsa ka fa Teng kwa California
GSAM 386.2Go fitlha ka nako eno diteko tsa rona kwa California di ne di tswa thata mo kganetsong ya kwa ntle, mme jaanong go ne ga tlhaga teko e e sa lebelelwang ya tumelo ya batho ba rona ya mofuta o sele. Modiri-mmogo o mongwe o ne a tswelela ka mokgwa wa go dira o ke neng ke tlhomamisegile gore o tla baya ene le kgang eno mo tlhabisong. Re ne re na le baba ba ba bogale mo toropong, ba ba neng ba tlhola motsamao mongwe le mongwe wa rona, mme ba ne ba ikemiseditse go dirisa kgato nngwe le nngwe e e sa akanyediwang sentle go re gobatsa. Ka jalo, go ne ga nna botlhokwa thata go reetsa tlhagiso ya moaposetoloi ya go ithiba “mo go sengwe le sengwe se se lebegang se le bosula.”
GSAM 386Boikemelo jo bo Kotsi
GSAM 386.3Ga ke a ka ka bolela gore mokaulengwe o ne a dirile boleo tota mo tirong ya gagwe, mme ke ne ka akanya gore baba ba rona ba tla dirisa se a neng a bolela gore ga se na molato. O ne a tsaya boemo jwa gore o na le tshwanelo ya go “dira jaaka a rata” mo kgannyeng eo, bogolo jang ka go ne go dumetswe gore go ne go se na boleo mo go se a neng a se dira. Jalo dilo di ne tsa tswelela go fitlha ka la 23 Ferikgong, 1872, fa ke ne ke tswa kwa Sonoma County go ya kwa San Francisco go bona gore go ka dirwa eng go laola dilo koo.
GSAM 387.1Ka nako eno baba ba rona ba ne ba dirisa maitshwaro a gagwe jaaka ke ne ke boifile, mme ene a tsaya gore “ga se kgang ya bone,” gore o tla ba bontsha gore o na le mogopolo wa gagwe, le gore a ka tsamaya mo mebileng jaaka a rata, le le mang le mang yo a ratang, a sa laolwe ke dikakgelo tsa bone. Ke ne ka leka, ka matsapa a sephiri, go mo bontsha gore boitshwaro jo bo ntseng jalo ga bo na go bereka, le gore moya o o ntseng jalo wa boipuso o ne o tla felela ka bosula. O ne a na le ditsala tsa gagwe, tse di neng di mo utlwela botlhoko thata, bangwe ba bone ba simolola go tsaya maemo a a neng a ka mo tsenya mo kgalong e e fetang. Karolo e kgolo ya phuthego e ne ya bona bosula jwa go fapoga ga gagwe, mme ya nna e siametse go ema nokeng matsapa a ke neng ke a dira go boloka ntlha eno mo go tlontlololweng.
GSAM 387Go Tlhomilwe Phuthego ya Tlhotlhomiso
GSAM 387.2Ka jalo, dilo di ne di ntse jalo ka Sabatha, Ferikgong a le 27, fa go ne go dirwa tshwetso ya gore go tshwanetse ga nna le patlisiso ka kgang eno, le gore go tsewe kgato e e tiileng ke phuthego, go ba boloka mo tlhabisong e moya ono wa kganetso o neng o ka e baka. Go ne ga bewa phuthego, go simolola ka Sontaga, Ferikgong a le 28, ka 9 A.M., go sekaseka seemo, le tiro ya rona jaaka phuthego mabapi le sone. Go ya ka tsela e dilo di neng di lebega ka yone, go ne go sa tilege gore phuthego eo e kgaogane. Ke feditse bontsi jwa bosigo joo ke rapela Modimo, gore a dire mo letlhakoreng la rona.
GSAM 387Boipolelo jo bo Kwadilweng
GSAM 387.3Mo mosong wa di 28, fa ke ne ke simolola go ya kwa phuthegong, ke ne ka kopana le modiri-ka-nna mo tselaneng ya dinao, gaufi le lefelo le ke neng ke nna kwa go lone, a lela. A re, “Mokaulengwe Loughborough, ga ke ye kwa phuthegong gompieno.”
GSAM 387.4“Ga o ye kwa phuthegong?” ka bua; “phuthego e malebana le kgang ya gago.”
GSAM 388.1“Ke a itse seo,” a rialo, “mme ke fositse gotlhelele. O nepile mo boemong jo o bo tsereng mabapi le nna. Se ke lekwalo la boipolelo le ke le kwaletseng phuthego; le tseye mme o le balele maloko a phuthego. Go tla nna botoka mo go wena, le mo go ba ba ka nnang ba nkutlwela botlhoko, fa ke seyo koo.”
GSAM 388.2“Ke eng se se tlisitseng phetogo e kgolo e mo go wena go tloga maabane?” ka botsa.
GSAM 388Ponatshegelo e e gakgamatsang e amogetswe
GSAM 388.3O ne a araba a re, “Ke ile kwa posong maabane bosigo, morago ga Sabatha, mme ka amogela lekwalo le le tswang kwa go Kgaitsadi White, le tswa kwa Battle Creek, Mich. Ke bosupi jo a bo kwaletseng nna.” Fa a ntlamela ka jone, a re, “Bala seo, mme o tla bona kafa Morena a bonang seemo sa me ka teng.”
GSAM 388.4O ne a nkopile gore ke bolelele phuthego gore o amogetse bosupi go tswa go Kgaitsadi White, bo mo kgalang ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe, le gore o ne a bo amogela, ka gonne e ne e le boammaaruri.
GSAM 388Bopaki jwa Teng jwa Ponatshego
GSAM 388.5Seno e ne e le karolo ya ponatshegelo e e filweng Mohumagadi White kwa Bordoville, Vt., ka di 10 Tshitwe, 1871. O ne a simolola go kwala karolo e e amanang le kgang ya ga mokaulengwe yo ka di 27 Tshitwe, 1871, mme ka lebaka lengwe go wetsa lokwalo go ne ga diega go fitlha ka di 18 Ferikgong, 1872, ka nako eo lo ne lwa wediwa mme lwa romelwa ka poso go tswa kwa Battle Creek. Go tswa foo go ne go tsaya malatsi a ka nna robongwe gore makwalo a tsamaye ka naga go tswa kwa Michigan go ya kwa California.
GSAM 388.6Mo ponong dilo di le dintsi di mo bontshiwa ka boporofeti. Go ne go ntse jalo le mo tiragalong eno. Ka nako ya ponong, go ne go le fela moriti wa se tota se neng sa diragala fa bosupi bo goroga kwa San Francisco. Go tla bonwa, fa go bapisiwa malatsi, gore go fitlha kwa setlhoeng ga kgang kwa San Francisco go diragetse morago ga gore bosupi jo bo kwadilweng bo tlogele lefelo la ntlha. Bakaulengwe ba rona kwa San Francisco ba ne ba bona ka bonako gore go ne go se na motho ope yo o neng a ka kwala go ya kwa Battle Creek a be a itsise Mohumagadi White tshedimosetso ka nako gore a kgone go kwala lekwalo le, ka gonne seemo seo se ne se ise se nne teng ka nako eo.
GSAM 389.1Ntlha e, e ne e na le bokete jo bogolo mo bakaulengweng ba koo, e ba tlhomamisetsa gore ponatshego eo e ne e na le maatla a Modimo. Ke ne ke ise ke kwalele Moruti White kgotsa mosadi wa gagwe le fa e le mola o le mongwe mabapi le seemo sa dilo kwa San Francisco, mme modiri-ka-nna o ne a bolela gore ga a ka a kwala sepe; mme banababo ba re, “Fa a ka bo a kwadile, o ka bo a sa bolela dilo tse di neng tsa tlhagelela ka ga gagwe.”
GSAM 389Kafa Ponatshegelo e Neng ya Kwalwa ka Teng
GSAM 389.2Fa re sena go itse moragonyana, go tswa kwa ntlheng e nngwe ya mogala, ka ga go kwalwa le go romelwa ga bosupi, go ne ga bonala le go feta gore Morena yo o neng a file ponatshego o ne a tlhokometse nako ya gore e kwalwe le go romelwa kwa e yang teng, gore e goroge teng ka nako e e siameng tota.
GSAM 389.3Mo mosong thata wa di 18 Ferikgong, 1872, Mohumagadi White o ne a tsosiwa a na le bosupi jo bo fa godimo bo gatisitswe sentle mo mogopolong wa gagwe. Mogopolo o ne o le mo go ene ka tsela e e phepafetseng jaaka e kete bo builwe ka lentswe, “Kwala bosupi joo ka bonako go ya kwa California, mme o bo tsenye mo posong e e latelang; bo a tlhokega.” Fa seno se boeletswa la bobedi, o ne a tsoga, a apara ka bofefo, mme a fetsa go kwala. Pele ga sejo sa mo mosong o ne a e neela morwawe Willie, a re, “Tsaya lekwalo le o le ise kwa posong, mme o se ka wa le tsenya mo lebokosong la tsone. Le neele mookamedi wa poso, mme o tlhomamise gore o le tsenya mo kgetsing ya poso e e tswang mo mosong ono.” Moragonyana o ne a bolela gore o ne a akanya gore ditaelo tsa ga mmaagwe di ne di sa tlwaelega go le gonnye, mme ga a ka a botsa dipotso, mme a dira jaaka a laetswe, mme a “bona lekwalo le tsena mo kgetsing ya poso.”
GSAM 389Bosupi jwa Kaelo ya Modimo
GSAM 389.4Fa o itse seemo sa rona kwa San Francisco ka nako eo, o tlaa bona motlhofo botlhokwa jwa go tsenya lekwalo leo mo posong eo tota. Mo metlheng eo re ne re na le poso e le nngwe fela ya naga ka letsatsi. Fa lekwalo le ka bo le gorogile ka Sontaga bosigo, ka di 28, mo boemong jwa Matlhatso bosigo, ka di 27, ruri go ka bo go nnile le kgaogano e e hutsafatsang mo phuthegong. Fa le ka bo le gorogile dibeke di le mmalwa pele ga foo, tota fela morago ga gore ponatshego e fiwe, phuthego e ka bo e sa ka ya bona maatla a lone motlhofo jaana.
GSAM 390.1E ne e le bosupi jo bo neng bo na le matshwao a a bonalang a letsogo la Morena, e seng fela ka go goroga ka nako e e siameng go baakanya diphoso tse di neng di le teng ka katlego, mme gape, ka go amogelwa ka boikokobetso le go diragadiwa ke mokaulengwe, bo nnile le tlhotlheletso e kgolo go tlisa kutlwano le go tiisa phuthego eo e e neng e sa le nnye.
GSAM 390Mokgwa wa go Kwala Diponatshegelo
GSAM 390.2Sekao se gape se dira jaaka sesupo sa polelo ya gagwe ka ga mokgwa wa go kwala se a se boneng. Ka ga seno o bua jaana: “Ke tsositwe mo borokong jwa me ke na le maikutlo a a phepafetseng a ditlhogo tse di kileng tsa tlhagisiwa mo mogopolong wa me; mme ke kwadile, ka bogare jwa mpa ya bosigo, makwalo a a rwaletsweng kontinente yotlhe, mme a goroga ka nako ya mathata, a thibela masetlapelo a magolo mo tirong.”4