Adventist Pioneer
Library
aplib.orgLaeborari
Lenaane la Diteng
03 / 29
03 / 29

Kgaolo 2 — Leano la Poloko le Senolwa

John Norton Loughborough

GSAM 38.1“Tsholofelo e e diegisitsweng e lwalatsa pelo; mme fa keletso e goroga, ke setlhare sa botshelo.”1 “Gonne jaana go bua Morena wa masomosomo: Go setse gangwe gape, ke nakwana fela, mme ke tlaa roromisa magodimo le lefatshe, le lewatle, le naga e e omileng; mme ke tlaa roromisa ditšhaba tsotlhe, mme Keletso ya ditšhaba tsotlhe e tlaa tla; mme ke tlaa tlatsa ntlo eno ka kgalalelo, go bua Morena wa masomosomo.”2

GSAM 38.2Go tloga ka nako e Adamo a neng a kobiwa mo tshimong ya Edene le mo setlhareng sa botshelo, mafoko a a neng a buiwa le Satane malebana le losika lwa mosadi—“O tlaa thuba tlhogo ya gago,”—a ne a naya tsholofelo ya go fenngwa ga bofelo ga diabolo, go senngwa ga maano a gagwe a boferefere, le go busediwa kwa setlhareng sa botshelo. Yo o neng a solofetswe—Losika lo lo solofeditsweng—ka jalo o ne a nna “Keletso ya ditšhaba tsotlhe.”

GSAM 38.3Mo nopolong e e fa godimo go tswa go Hagai go bonala gore go tla ga yo o eletsegang yono go amana le nako e Morena a tlaa tsitsibanyang legodimo le lefatshe. Paulo, fa a ne a kwalela Baheberu, o ne a baya tsitsibanyo eo mo isagong, a re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo. Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela. Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo.”3 Puo e e malebana le go roromisiwa go le gongwe fela, mo go iseng go diragale, e lebega e go amanya thata le go tlhomiwa ga bofelo ga bogosi jwa Modimo, ka fa tlase ga ga Keresete, Peo e e solofeditsweng, “Keletso ya ditšhaba tsotlhe.”

GSAM 39.1Tsosoloso e e tla diragadiwang ka Keresete e ka bonwa sentle mo malatsing a bofelo ke botlhe ba ba nang le Baebele yotlhe e butswe fa pele ga bone. Go ne go se jalo ka bagologolo. Lefoko la Morena le ne la tla kwa go bone, “taelo ka taelo, taelo ka taelo: mola ka mola, mola ka mola; fano go sekae, foo go sekae.”4 Ka jalo mo senolelong sa leano la poloko go bone, e ne e tshwana le tselana ya ba ba siameng, “jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimang go ya pele go fitlha ka letsatsi le le tletseng.”5 Ka jalo go nna selo se se kgatlhisang thata go sala morago ka bokhutshwane go senolwa ga leano leo kgato ka kgato go batho ba gagwe ba bogologolo.

GSAM 39Tiego ga e a Senolwa kwa Tshimologong

GSAM 39.2Morena ga a ka a diegisa tsholofelo ya bone ka bonako, a kgoba dipelo tsa bone ka go ba senolela nnete ya gore go ne go tla tsaya makgolo a dingwaga pele ga ba ka fitlhelela go diragadiwa ga ditsholofelo tsa bone mo Peong e e solofeditsweng. Go ya ka dintlha tse di kwadilweng re akanya gore ba ne ba letleletswe go akanya gore ngwana wa ntlha yo o tshotsweng e ne e tla nna Peo eo: le gore go ise go ye kae, ka tsela nngwe, Edene e ne e tla busediwa, mme ba boele gape ba nne le phitlhelelo ya setlhare sa botshelo. Fa Kaene a tsholwa, Efa a goa a re, “Ke bone monna go tswa go Morena.”6 Baithuti bangwe ba Seheberu ba supa gore fa mokwalo o ranolwa ka botlalo le ka tlhamalalo, o bua jaana, “Ke bone monna, Morena.” Se se raya gore, Ke Peo e e tshwanetseng go dira tiro eno ya bomorena ya go fenya Satane. Ga go na tlaleo epe ya puo e e ntseng jalo go tswa go Efa fa Abele a ne a tsholwa. O ka bo a akantse, mme tota a ka bo a akantse, gore ngwana wa ntlha ke ene yo o tshwanetseng go diragatsa tsholofetso. Ditebelelo tsa gagwe di tshwanetse tsa bo di wele, mme tsa ba tsa swa, fa sebopego sa ga Kaene se ntse se gola, mme a bona tsela ya gagwe e e bosula e e neng ya feleletsa e isitse kwa polayong ya morwarraagwe. Pele ga Abele a bolawa, ba tshwanetse ba bo ba amogetse lesedi le kitso ka ga setlhabelo se se tlang go dirwa mo boemong jwa bone; gonne Abele, jaaka a ne a laetswe ke Modimo, o ne a tla le kwanyana ya gagwe go nna tshupelo, fa Kaene, yo le ene a neng a rutilwe fela jaaka morwarraagwe, a ne a tla le tshupelo ya maungo a lefatshe, mme eno e ne e tlhakantswe le mowa wa bogale le lefufa. Tshupelo ya ga Abele e ne e amogelesega go feta ya ga Kaene, ka gonne e ne e dirilwe “ka ntlha ya tumelo”, mme ka yone Paulo o kwala a re, “le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo.”7

GSAM 40A Sethe ke Peo?

GSAM 40.1Morago ga loso lwa ga Abele, go ne ga tsholwa Sethe, mme tsholofelo ya tsosologa; “gonne Modimo,” ga rialo Efa, “o mphile peo e nngwe mo boemong jwa ga Abele, yo Kaene a mmolaileng.”8 Moragonyana Sethe o ne a balelwa mo losikeng lwa tlholego go tswa go Adamo. (Bona Genesise 5:3.) Kaene, yo e neng e le morwa wa ntlha tota, ga a balelwa mo losikeng. Go ka direga gore Efa o ne a akanya gore jaanong Sethe e ne e le Peo e e solofeditsweng. Go bonala mo pegong gore morago ga go tsholwa ga Sethe, batho ba ne ba simolola go ipitsa ka leina la Morena. (Bona mo ntlheng ya Genesise 4:26.) Gongwe ba ne ba dira jaana ka go akanya gore Sethe e ne e le ene yo o neng a tla nna molaodi wa bofelo, Morena, le go digela puso ya ga Satane ya boganana.

GSAM 40Tsholofelo e e Neng e ikaegile ka Noa

GSAM 40.2Mo pegong e khutshwane ya ditiragalo go tswa mo nakong ya ga Adamo go fitlha ka matsalo a ga Noa, go neelwa fela go sekae go feta losika lwa lotso. Mo matsalong a ga Noa (“yo o siameng,” mo ntlheng) tsholofelo e ne ya tlhoga gape, mme batho ba re, “Yo ke ene o tlaa re namatsang mabapi le tiro ya rona le matsapa a diatla tsa rona, ka ntlha ya lefatshe le Morena a le rohakileng.”9 Lentswe la Modimo ga le bue ka gore ba ne ba solofetse kgomotso jang, kgotsa ka tsela efe; mme tsholofelo e ne e le teng ya gore phutso e e neng e le mo lefatsheng e ne e tla fokodiwa ka tsela nngwe. Kitso ya boikepo jo bo neng bo le teng mo metlheng ya ga Noa, fa batho ba ne ba tshwanetse go tlatsa lefatshe ka boleo le thubakanyo go fitlha lotso lo nyeletswa ka morwalela, mme e le fela Noa le ba lelwapa la gagwe ba falola tshenyego; le ntlha ya gore o ne a tla tlhagisa lefatshe ka tshenyego e e neng e atamela ka dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi, tsotlhe di ne di fitlhetswe mo go bone.

GSAM 41Kago ya Babel

GSAM 41.1Morago ga morwalela, batho ba ne ba laelwa, ka Noa, go tlatsa lefatshe; mme jaaka ba simolola go ata, ba ne ba gana leano la Morena la go ba busa. Nimrode o ne a tlhoma bogosi jwa Babel (jo moragonyana bo neng jwa bidiwa Babelone, puso ya ntlha ya lefatshe).10 Moragonyana batho ba ne ba simolola go aga tora ya Babel, go itirela leina, le go thibela go gasamisiwa ga bone, se se neng se le kgatlhanong le se Morena, ka Noa, a neng a ba rutileng sone. Mo boemong jwa go leta ka bopelotelele gore Morena a diragatse maikaelelo a gagwe, ba ne ba tsaya kgang eo mo diatleng tsa bone, mme Modimo a tlhakatlhakanya puo ya bone, mme ka jalo ba gasagasiwa.

GSAM 41Aberahame go Nna Mojalefa wa Lefatshe

GSAM 41.2Fa re sala morago rekoto e khutshwane go fitlha mo go wa bolesome mo losikeng go tswa go Noa, re fitlha kwa pitso ya ga Aberahame, yo Morena a neng a mmolelela a re, “Naga yotlhe e o e bonang, ke tla e go naya, le losika lwa gago go ya go ile. Mme ke tla dira losika lwa gago jaaka lerole lwa lefatshe: gore fa motho a ka kgona go bala lerole lwa lefatshe, le losika lwa gago le lone le tla balwa. Tsoga, o tsamaye mo nageng mo boteleng le mo bophareng jwa yone; gonne ke tla go e fa.”11 Le fa go ntse jalo ka tsholofetso e go Aberahame ya gore o tla rua naga, Morena o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla swa. Paulo a re o ne a tsamaya go ya kwa “lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng.”12 Potso eno ya go diragadiwa ga tsholofetso e ne ya senolelwa Aberahame kwantle ga pelaelo mo ponong go tswa go Modimo, gonne o ne a “letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo.”13 Mo go Baroma 4:13 go bolelwa gore tsholofetso e ne e le “gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe mmogo le losika lwa gagwe;” e seng mo seemong sa lone sa jaanong, mme nako nngwe, morago ga a sena go tsoga gape.

GSAM 42.1Go ya ka pono ya motho, Aberahame o ne a palelwa ke go bona gore losika lo lo solofeditsweng lo ka nna jang bana ba gagwe. Ka jalo o ne a akantsha go bitsa Eliesere, motlhokomedi wa gagwe, go nna losika. Morena a re, Nnyaa; mme e tla nna yo “o tla tswang mo mmeleng wa gago.” Jaanong Morena o simolola go mo senolela gore tiro ya bofelo ya losika lwa gagwe ga e na go diragadiwa ka bonako. A raya Aberahame a re, “Losika lwa gago lo tla nna moeng mo lefatsheng le e seng la bone, mme ba tla ba direla; mme ba tla ba gatelela dingwaga di le makgolo a mane.... Mme wena o tla ya kwa borraago ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse thata.”14

GSAM 42.2Mosadi wa ga Aberahame o ne a akantsha leano le le seng botlhale la go potlakisa go diragadiwa ga tsholofetso; mme morago ga Isake a sena go tsholwa, morwa wa nnete wa ga Aberahame le Sara, mosadi wa gagwe wa semolao, Morena o ne a bua ka Ishamaele le mmaagwe Haga a re, “Leleka mosadi wa gagwe wa lelata le morwawe”.

GSAM 42.3Mo tekong ya tumelo ya ga Aberahame ya go neela Isake mo aletareng, o ne a ithuta thuto ka ga tsogo ya baswi. Go buiwa ka ene, “O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa [Isake] mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong!”15

GSAM 42Peo ya Nnete

GSAM 42.4Ka nako nngwe Aberahame o ne a laetswe gore Peo ya nnete, yo ditšhaba tsotlhe di neng di tla segofadiwa ka ene, le fa a ne a tla tswa mo losikeng lwa gagwe go ya ka nama, tota e ne e tla nna Keresete wa Modimo; gonne, jaaka Morena a ne a mmolelela, “Ga gotwe ditsholofetso di ne di neetswe bana ba gagwe, jaaka go ne go katwe, di tshwanetse bomorwae botlhe, ebong Bajuta botlhe ba go neng go buiwa kaga bone, mme tota go ne go buiwa kaga Morwawe ebong Keresete.”16 Moaposetoloi Paulo o buile jaana ka seno, “Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, ‘Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena.’”17 Tsholofetso e e neng e neelwa Aberahame e ne ya ntšhafadiwa go Isake le losika lwa gagwe,18 le gape le go Jakobe.19

GSAM 42.5Ka jaana Jakobe a ne a na le bomorwa ba le lesome le bobedi, potso e ka tsoga jaanong, Losika lwa Peo ya nnete lo tla salwa morago ka yo ofe? Mo bosuping jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo jo bo neng bo neelwa ke Jakobe ka ga bomorwawe, kgang e ne ya rarabololwa: “Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta, le fa e le molaodi wa molao go tswa magareng a dinao tsa gagwe, go fitlha ga tla Shilo; mme kwa go ene go tla phuthega batho.”20 Go diragatsa seno go molemo go ela tlhoko fano gore Baiseraele, le fa ba ne ba le ka fa tlase ga ditšhaba tse di farologaneng, ba ne ba letleletswe go nna le Sanhedrin ya bone. Ka jalo Juta—lotso lwa Bajuta le le reeletsweng ka Juta—e ne e na le seabe mo pusong ya bone go fitlhelela Shilo (Keresete) a goroga tota.

GSAM 43Nako e e Fitlhilweng

GSAM 43.1Borraetsho ba bogologolo ba ne ba na le kitso e e rileng mabapi le tsosoloso le Peo e e solofeditsweng; mme gore o tla tla leng kgotsa o tla tsaya lobaka lo lo kae pele ga a tla, go ne go sa ntse go fitlhegile mo go bone. Jaaka losika lwa ga Jakobe lo ne lo oketsega kwa Egepeto, le Moaseiria—Faro (Isaia 52:4)—yo a neng a “sena tlotlo mo segopotsong sa ga Josefa”,21 a ba gatelela, megopolo ya bone e ne ya boela kwa dingwageng di le 400 (tota e le 430) tse di neng di umakilwe mo go Aberahame jaaka nako e e neng e akaretsa matlhoko a bone le go nna ga bone jaaka batswakwa, ba solofetse gore go gololwa mo go seno go tla tlisa boswa jo bo solofeditsweng.

GSAM 43.2Fa Moshe a ne a tsholwa, batsadi ba gagwe ba ne ba bona gore “Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang.”22 Lesedi le tshwanetse la ba filwe gore o ne a tla nna, ka fa tlase ga Modimo, mogolodi wa Iseraele mo bokgoba jwa bone jo bo setlhogo. Kwantle ga pelaelo kitso e, e ne ya neelwa Moshe; gonne fa a le dingwaga di le masome a mane, a ne a swetsa go ya gotlhelele le Baiseraele ba ba gateletsweng, le go boga le bone go na le go bidiwa morwa wa morwadia Faro le mojalefa wa setulo sa bogosi sa Egepeto,23 mme fa a simolola go buelela batho ba gagwe, mme a bolaya Moegepeto mongwe a ba sireletsa, o ne a gakgamala thata go bona ba palelwa ke go lemoga tiro ya gagwe; “Moshe o ne a gopola gore ba ga gabo ba tlaa lemoga gore Modimo o mo rometse go tla go ba thusa.”24

GSAM 44.1Fa nako ya Morena e goroga gore Baiseraele ba tswe kwa Egepeto, ba tsamaya, mme ka lone letsatsi le le neng le boleletswe pele. Ekesodo 12:40, 41. Ba ka bo ba sa ka ba tsaya Moshe e le molaodi wa bone wa bofelo le peo e tsholofetso e neng e dirilwe mo go yone, gonne o ne a le wa lotso lwa ga Levi, mme a bo Jakobe mo ponong ya gagwe e e tlhotlheleditsweng a sa bolela gore Juda e tla nna molaodi wa bone go fitlha Shilo a tla?

GSAM 44“Ke Tla Mo Bona, Mme Eseng Jaanong.”

GSAM 44.2Fa Baiseraele ba ne ba le mo tseleng e e yang kwa Kanana, Balake, kgosi ya Moabe (losika lwa Lot), o ne a bitsa Balaame go roga Iseraele. Morena o ne a fetola phutso ya gagwe go nna tshegofatso, e ka yone ba neng ba amogela lesedi le le oketsegileng, le le neng le diretswe go nyeletsa mogopolo wa gore kgololesego ya bofelo mo pusong ya ga Satane e tla nna ya ka bonako fela fa ba tsena mo Kanana. Polelo ya Dikwalo ka ga kgang eno e bua jaana, Balaame, mo ponong go tswa go Modimo, a re, “Ke tla mmona, mme e seng jaanong; ke tla mo lebelela, mme e seng gaufi: go tla tswa Naledi mo go Jakobe, mme go tla tsoga Thobane ya bogosi mo go Iseraele, mme e tla itaya dikhutlo tsa Moabe, e bo e senya bana botlhe ba Sethe.”25

GSAM 44.3Go buiwa ka peo e e ntsintsi e e tlhageletseng mo go Aberahame ke Paulo ka tsela e: “Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle. Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone.”26

GSAM 44.4Pelo ya Iseraele e ne e sa tlhoke go koafala kgotsa go kgobega marapo ke polelelopele ya ga Balaame ya gore go diragala ga tsholofelo ya bone ga se “jaanong,” le e seng “gaufi;” gonne Morena, e se kgale pele ga boporofeti jono, o ne a ikannye botshelo jwa gagwe gore seemo se se galalelang se tla feleletsa se gorogile. Ka Moshe o ne a re, “Mme jaaka ke tshela, lefatshe lotlhe le tla tlala kgalalelo ya Morena.”27 Mo metlheng ya moporofiti Habakuku, dingwaga di le 863 moragonyana, boammaaruri jo bo tshwanang bo ne jwa boeletswa, mme bo buiwa jaaka tiragalo e e iseng e diragale: “gonne lefatshe le tla tlala kitso ya kgalalelo ya Morena, jaaka metsi a khurumetsa lewatle.”28

GSAM 45Tirelo ya Lefelo le le Boitshepo e le Setshwantsho sa Nnete

GSAM 45.1Fa Morena a ntsha Iseraele kwa Egepeto, o ne a bolela molao wa gagwe wa dithuto tsa boitsholo fa pele ga kampo yotlhe, mme a ba naya khopi ya one mo letlapeng, e e gabilweng ka monwana wa gagwe, gore ba nne ba supiwa ka metlha kwa go Mmoloki yoo kgabagare a neng a tla itira setlhabelo ka ntlha ya bone; le gore ka ntlha ya madi a gagwe a a botlhokwa maleo a bone a ka phepafadiwa, o ne a tlhoma lefelo le le boitshepo kwa sekakeng. Tente eno, kgotsa lefelo le le boitshepo, mo kagong ya yone yotlhe, Moshe o ne a laelwa go e dira go tshwana sentle le sekao se Morena a neng a se mo bontsha mo thabeng.29 Tirelo mo lefelong leno le le boitshepo e ne e le moriti wa tirelo ya nnete ya ga Keresete mo lefelong le le boitshepo la legodimo.30 Le fa maikaelelo a Modimo mo dimphong le mo ditlhabelong tsa lefelo le le boitshepo e ne e le go nna go gopotsa batho ka moriti wa “dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla,”31 maiteko a ga Satane e ne e le go etelela batho pele gore ba lebe setlhabelo ka bosone, go na le Keresete le tirelo ya gagwe ya nnete, e seno e neng e le sekai fela sa yone. Ka jalo o ne a batla go ba etelela pele gore ba ikanye ditiro tsa bone go bona poloko.

GSAM 45.2E ne e le maikaelelo a Morena go nna molaodi wa batho ba gagwe,—Baiseraele,—go ba lwela dintwa le go gapa ditšhaba. O ne a na le mokgwa wa gagwe wa go busa, jaaka go bontshiwa ke temana e e latelang: “wa senya dichaba di supa mo Kanana, mme wa neela Iseraele lefatshe la bone e le boswa. Baatlhodi ba busitse ka lobaka lo e neng e ka nna dingwaga di le makgolo a mane le masome a matlhano, mme ba ne ba salwa morago ke Samuele wa moporofiti.”32

GSAM 45Iseraele e Kopa Kgosi

GSAM 45.3Go bonala sentle gore Baiseraele ba ne ba sa rate mokgwa o Morena a neng a ba busa ka one. Le fa go ntse jalo, e ne e le maikaelelo le thato ya gagwe gore ba nne setšhaba se se kgethegileng, se se farologaneng le ditšhaba tse dingwe tsotlhe tse di neng di ba dikologile. Fa e le gore ba ka bo ba ne ba latela ditaelo tsa gagwe ka kelotlhoko, ditšhaba le tsone di ka bo di rile ka bone, “Ruri setšhaba se segolo se ke batho ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang. Gonne ke setšhaba sefe se se kana, se se nang le Modimo yo o gaufi le sone jaaka Morena Modimo wa rona a le teng mo go sengwe le sengwe se re mo ipiletsang ka sone?”33

GSAM 46.1Ka go sa kgotsofaleng ga bone ba kopa Samuele gore a ba beele kgosi, mme Morena a raya Samuele a re, “Ba nkganne, gore ke se ka ka busa mo go bone.”34 Gape ba raya Samuele, mme ka lentswe le le laolang go feta, “Jaanong re direle kgosi e e tla re atlholang jaaka ditšhaba tsotlhe.”35 Samuele o ne a ba tlhalosetsa ka kelotlhoko kgatelelo e e neng e tla tla mo go bone fa ba ka nna le kgosi, mme “le fa go ntse jalo batho ba ne ba gana go reetsa lentswe la ga Samuele; mme ba re, Nnyaa; mme re tla nna le kgosi mo go rona; gore le rona re tshwane le ditšhaba tsotlhe; mme kgosi ya rona e re atlhole, e tsamaye kwa pele ga rona, e lwe dintwa tsa rona.”36

GSAM 46.2Ka jalo ba ne ba na le dikgosi go ba busa dingwaga di ka nna makgolo a matlhano, kwa tshimologong, e le bogosi bo le bongwe ka fa tlase ga ga Saule, Dafide, le Solomone; go tswa foo bo kgaoganngwa go nna bogosi jo bo bedi, Iseraele le Juta. Ba se kae fela ba dikgosi tsa bone e ne e le ba ba siameng le ba ba lolameng, mme bontsi jwa bone e ne e le baikepi, ba etelela batho pele mo go obameleng medingwana le mo melatong e e maswe thata. Ka jalo batho ba ne ba tshwana le ditšhaba tse di ba dikologileng e seng fela ka go nna le kgosi, mme gape le ka bosula jwa bone, ka go tlogela Modimo wa borraabone, le go obamela medingwana le masomosomo a legodimo.

GSAM 46.3Morena o buile ka puso eno ya bogosi, ka molomo wa moporofiti Hosea, a re, “Wena Iseraele, o itshentse; mme thuso ya gago e mo go nna. Ke tla nna kgosi ya gago; ke mang yo mongwe yo o ka go bolokang mo ditoropong tsotlhe tsa gago? le baatlhodi ba gago ba o neng o re, Mpha kgosi le dikgosana? Ke go neile kgosi mo bogaleng jwa me, mme ka mo tsaya mo kgalefong ya me.”37

GSAM 47Mmuso o Ribegeditswe

GSAM 47.1Puso eno ya bogosi e ne ya tswelela go fitlha Bokaldaia ba fisa Jerusalema, ba tsaya didirisiwa tsa tempele, mme ba isa Juta kwa botshwarong kwa Babelone, kwa ba neng ba nna teng dingwaga di le masome a supa, jaaka go ne go boleletswe pele ka bone. Fa puso eno ya bogosi e ne e fela, Morena a bua ka moporofiti Esekiele, a raya Sedekia, kgosi ya bone ya bofelo, “Wena kgosi yo o makgapha yo o bosula wa Iseraele, letsatsi la gago le gorogile, fa bosula bo tla felela, jaana go bua Morena Modimo: Tlosa serwalo sa bogosi, o apole serwalo sa tlhogo: seno ga se kitla se nna se se tshwanang: godisa yo o kwa tlase [molaodi wa Babelone], o nyenyefatsa yo o kwa godimo [molaodi yo o ikgodisitseng thata wa lotso lwa Juda]. Ke tlaa ribegatsa, ke ribegatsa, ke ribegatsa yone: mme ga e na go nna teng gape, go fitlha a tla yo e leng wa gagwe ka tshwanelo; mme ke tlaa mo neela yone.”38

GSAM 47.2Molaodi yo o tshwanetseng, Peo ya nnete, ke Keresete. Ka ga ene moporofiti Mika o ne a kwala jaana, “Wena, tora ya motlhape, kago e e nonofileng ya morwadia Sione, go tla tla go wena, bogosi jwa pele [bogosi mo lefatsheng, jo bo tsosolositsweng mo go Keresete]: bogosi bo tla tla kwa morwadia Jerusalema.”39

GSAM 47.3Fa Iseraele e latlhegelwa ke lere la segosi, le ne la fetela mo diatleng tsa kgosi ya Babelone. Jaaka ba ne ba le ka fa tlase ga puso ya Media le Peresia, Gerika, le Roma ka go latelana, bogosi bo ne jwa ribegadiwa gararo. Mo pusong ya ga Sezare Agusto, morena wa Roma, Keresete, mojalefa yo o tshwanetseng wa sedulo sa bogosi sa ga Dafide,—Peo ya nnete ya mosadi, ya ga Aberahame, le ya ga Dafide,—o ne a tsholwa, mme ka mokgwa o o neng o boleletswe pele.

GSAM 47.4Gore batho ba itse gore Molaodi yo o tshwanetseng, Peo ya nnete, o ne a le kwa godimo ga motho fela wa nama yo o nang le bogosi jwa nakwana, Morena o ne a tlhotlheletsa mopesalema go kwala jaana: “Ke tla mo dira morwaake wa ntlha, go gaisa dikgosi tsa lefatshe. Ke tla bolokela ene bopelotlhomogi jwa me go ya go ile, mme kgolagano ya me e tla tlhomama le ene. Le losika lwa gagwe ke tla dira gore lo nne ruri, mme setulo sa gagwe sa bogosi jaaka malatsi a loapi.” “Losika lwa gagwe lo tla nna ruri, mme setulo sa gagwe sa bogosi jaaka letsatsi fa pele ga me. Se tla tlhomamisiwa go ya go ile jaaka ngwedi, mme jaaka mosupi yo o ikanyegang kwa legodimong.”40

GSAM 48.1Mo boporofeting jwa Isaia re bala go ya pele ka ga Mmusi yo jaana: “Re belegetswe ngwana, re abetswe morwa: mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe; mme leina la gagwe le tla bidiwa Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo o o Maatla, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso. Ka koketsego ya puso ya gagwe le kagiso ga go na bokhutlo, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosing jwa gagwe, go e rulaganya, le go e tlhomamisa ka katlholo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya go ileng. Tlhwaafalo ya Morena wa masole e tla diragatsa seno.”41

GSAM 48Go Isiwa ga Enoke le Elija

GSAM 48.2Go kwadilwe ka dikai tsa batho ba metlheng ya bogologolo ba ba isitsweng kwa legodimong ba sa utlwe loso. Ka ga Enoke, wa bosupa go tswa go Adamo, go bolelwa gore, o “ne a tsamaya le Modimo: mme ga a ka a tlhola a bonwa; gonne Modimo o mo tserile.”42 “Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke.”43

GSAM 48.3Gape, jaaka Elija le Elisha ba ne ba ntse ba tsamaya mmogo, “go ne ga direga jaana, fa ba ntse ba tsweletse ba tsamaya ba bua, mme, bona, ga tlhagelela kariki ya molelo le dipitse tsa molelo, mme tsa ba kgaoganya bobedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo. Mme Elisha a bona, a goa a re, Rre, rre, kariki ya Iseraele, le bapalami ba dipitse ba yone. Mme a se ka a tlhola a mmona gape.”44

GSAM 48.4Enoke o ne a bolelela pele ka ga go tla ga ga Keresete jaaka Moatlhodi wa lefatshe lotlhe, ka mafoko a: “Bonang, Morena o e tla le didikadike tsa baitshepi ba gagwe. O tlaa lere batho botlhe ba lefatshe fa pele ga gagwe mo katlholong, go amogela kwatlhao e e ba tshwanetseng, gore e nne bosupi jwa ditiro tse di boitshegang tse ba di dirileng ka go tsuolola Modimo, o tlaa senola gotlhe mo ba go buileng kaga gagwe.”45

GSAM 49Jobe o Rutile ka go Tla ga Morena

GSAM 49.1Jobe, yo go akanngwang a ne a tshela ka nako ya ga Moshe, o ne a na le kitso ka ga go tla ga ga Keresete le tsogo ya baswi; gonne o ne a re, “Ao, fa fela mafoko a me a ne a ka kwalwa mo bukeng! A bo go ne go siame fa a ne a ka gatisiwa mo bukeng! A bo a ne a ka kgorolwa ka pene ya tshipi le loto mo letlapeng go ya go ile! Gonne ke a itse gore Mmoloki wa me o a tshela, le gore o tla ema mo letsatsing la bofelo mo lefatsheng; mme le fa, morago ga go senyega ga letlalo la me, diboko di sena go senya mmele o, mo nameng ya me ke tla bona Modimo: yo ke tla mmonang ka sebele, mme matlho a me a tla mmona, e seng a yo mongwe.”46

GSAM 49Setulo sa Bogosi sa ga Dafide Setulo sa Bogosi sa Morena

GSAM 49.2Setulo sa bogosi sa ga Dafide se ne se bidiwa setulo sa bogosi sa Morena. “Solomone a nna mo setulong sa bogosi sa Morena mo boemong jwa ga Dafide rraagwe.”47 Morena o ne a “solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide. Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola.”48 Gape go builwe gape ka puso ya ga Keresete e e tlang, O tla nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide. (Bona Isaia 9:7.) Gape, “Dikgosi tsa lefatshe di itlhomile, mme babusi ba gakololana mmogo, kgatlhanong le Morena, le Motlodiwa wa gagwe.... Le fa go ntse jalo, ke beile morena wa me mo thabeng ya me e e boitshepo ya Sione. Ke tla bolela taolo: Morena o mpoleletse a re, O morwaa me; gompieno ke go tsalile.”49 Gape, “Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!”50

GSAM 49Bajuta ba Tlhakatlhakane

GSAM 49.3Ditemana tse di ne tsa tlhakanya Bajuta. E ne e le bothata jo ba neng ba sa kgone go bo rarabolola: fa e le gore Dafide o mmiditse Morena, o ne a ka nna morwawe jang? O ne a ka nna ngwana yo o tsholetsweng mo losikeng lwa ga Dafide jang, mme le gale a nna Imanuele—Modimo le rona? Le fa go ntse jalo, Isaia, moporofiti wa bone, o ne a bolela jaana, “Kgarebana e tlaa ithwala ngwana! E tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa bidiwa ‘Imanuele’.”51

GSAM 50.1Keresete o ne a itse sentle potso e e neng e ka didimatsa Bafarisi ba ba ganetsang, ka jalo a ba botsa, “‘Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?’ Ba araba ba re ‘Ke Morwa Dafide.’ Mme Jesu a botsa a re, ‘Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re “Morena” Ka gore Dafide o rile, “Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!” Mme fa Dafide a mmitsa “Morena”, e ka nna morwawe jang?’”52

GSAM 50.2Kgang e e umakwa gape mo Pesalomeng 45:6, 7: “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.”53 Fa go lebeletswe Ditemana tse, batho ba Sejuta ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le dikakanyo tse di kwa godimo ka ga botho jwa Molaodi le Motsosolosi wa isagwe. Go ne go ka se nna ka tsela e sele.

GSAM 50Peo ya Tshimologo ya Bomodimo

GSAM 50.3Go ne ga fiwa tlhaloso e e tseneletseng ka ga Keresete le matsalo a gagwe, gonne Morena ka moporofiti Mika o ne a supa tlholego ya gagwe ya bogodimo, le e leng motsana o monnye kwa a neng a tshwanetse go belegwa teng: “Mme wena, Bethleheme Efrata, le fa o le monnye mo gare ga diketekete tsa Juta, le gale go tswa mo go wena o tla tswa yo o tshwanetseng go busa mo Iseraeleng; yo go tswa ga gagwe e leng go tswa bogologolong, go tswa go ile” (mo ntlheng, Seheb., go tswa mo “malatsing a bosakhutleng”).54

GSAM 50Go Nna Teng ga Modimo go Bonaletse mo Shekinah le mo Lerung

GSAM 50.4Moragonyana mo ditsong tsa Baiseraele, fa Solomone a sena go fetsa go aga tempele, e a neng a re e tshwanetse go nna e e “kgatlhisang” mo go feteletseng, shekinah ya kgalalelo ya Modimo ya tsaya maemo a yone fa gare ga ba-kerubim kwa godimo ga setulo sa bopelotlhomogi. Pego e bolela gore ka nako ya go neelwa ga tempele, fa baperesiti ba tswa mo lefelong le le boitshepo, “leru la tlatsa ntlo ya Morena, mo baprista ba sa kgonang go ema go direla ka ntlha ya leru: gonne kgalalelo ya Morena e ne e tlatsitse ntlo ya Morena.”55 Go nna teng ga Morena mo tempeleng eno go ne go bonala mo matlhong a batho mo lerung la kgalalelo. Morena o ne a araba thapelo ya ga Solomone mo tiragalong eno, mme a mo raya a re, “Ke utlwile thapelo ya gago, mme ke itlhophetse lefelo leno go nna ntlo ya setlhabelo.”56

GSAM 51.1Batho ba ne ba dira boleo,—ba tsena mo kobamelong ya medingwana,—mme ka ntlha ya seo, toropo ya bone le lefelo la bone le le boitshepo di ne tsa nna matlotla ka dingwaga di le masome a supa. Morago ga botshwaro, tempele e ne ya agiwa sesha ka fa tlase ga seatla sa Serubabele. Le fa e ne e se na kgalalelo e e kalo go feta e e agilweng ke Solomone, le gale Morena o ne a bua ka yone ka moporofiti wa gagwe, a re, “Kgalalelo ya ntlo eno ya bofelo e tla feta ya ya pele.”57 Ntlo eno e ne ya kgabisiwa ke Herode, mme mo malwapeng a yone Mmoloki o ne a ruta. Ntlo ya pele e ne e na le leru la kgalalelo le le neng le emetse Morena, mme mo go ya bobedi go ne ga tsena Mmoloki ka sebele, Mmopi wa dilo tsotlhe.

GSAM 51Puso e e Tlotlegang ya Thito ya ga Jese

GSAM 51.2Mo go ba ba neng ba letile ka tlhoafalo mo metlheng ya ga Isaia, dipolelelopele tsa gagwe tsa dilo tse di galalelang tse di amanang le thekololo ya bofelo di tshwanetse tsa bo di ne di le motswedi wa nonofo le kgothatso. Dipolelelopele tse di tlhalosa gape ka phepafalo e e kwa godimo losika lo Mmoloki yo o neng a letetswe a tshwanetseng go tswa kwa go lone, jaana: “Mme go tla tswa thupa mo kutung ya ga Jese, mme Kalana e tla gola mo meding ya gagwe: mme Mowa wa Morena o tla ikhutsa mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa maatla, mowa wa kitso le wa poifo ya Morena; mme o tla mo dira yo o tlhaloganyang ka bonako mo poifong ya Morena; ga a kake a atlhola go ya ka se matlho a gagwe a se bonang, le fa e le go kgalemela go ya ka se ditsebe tsa gagwe di se utlwang: mme o tla atlhola bahumanegi ka tshiamo, a kgalemele ka tekatekano mo go ba ba boikokobetso ba lefatshe: mme o tla itaya lefatshe ka thobane ya molomo wa gagwe, a bo a bolaya ba ba bosula ka mowa wa dipounama tsa gagwe.”58

GSAM 52Tsogo e e Rutilweng ke Baporofiti

GSAM 52.1Moporofiti Isaia le ene o rutile thuto ya tsogo ya baswi, ka mafoko a a kgothatsang a: “Mo thabeng eno Morena wa masole o tla direla batho botlhe moletlo wa dijo tse di nonneng, moletlo wa beine e e tsofetseng, ya dijo tse di nonneng tse di tletseng moko, ya beine e e tsofetseng e e tlhotlhilweng sentle. Mme o tla senya mo thabeng eno sefatlhego sa seipipo se se apesitsweng batho botlhe, le seipipo se se anamiseditsweng ditšhaba tsotlhe. O tla metsa loso ka phenyo; mme Morena Modimo o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe; mme o tla tlosa kgobotso ya batho ba gagwe mo lefatsheng lotlhe; gonne Morena o buile. Mme go tla buiwa ka letsatsi leo, Bonang, yo ke Modimo wa rona; re mo letile, mme o tla re boloka: yo ke Morena; re mo letile, re tla itumela re bo re ipele mo polokong ya gagwe.”59

GSAM 52Mmuso wa Lefatshe le le Ntšhafaditsweng

GSAM 52.2Moporofiti yoo o bua gape gore lefatshe le le tlaa tsosolosiwa ke lone le le tlaa tlhomamisiwang puso ya bofelo mo go lone: “Gonne, bonang, ke tlhama magodimo a masha [magodimo a loapi] le lefatshe le lesha; mme a pele ga a tlaa gakologelwa, le fa e le go tlaa tsenelwa mo mogopolong [mo ntlheng, Seheb., ‘go tlaa tsena mo pelong,’ ke gore, go eletswa gape]. Mme lona itumeleng le ipelele go ya go ile ka se ke se bopang: gonne, bonang, ke bopa Jerusalema go nna boitumelo, le batho ba yone go nna boipelo. Mme ke tla itumela ka Jerusalema, ke boipele ka batho ba me: mme modumo wa selelo ga o kitla o utlwala gape mo go yone, le fa e le modumo wa go lela. Go tswa foo [go tloga ka nako e lefatshe le lesha le bopiwang ka yone] ga go kitla go tlhola go nna le ngwana yo o sa tswang go tsholwa [ngwana yo o sa tsheleng lobaka lo loleele], le fa e le monnamogolo yo o sa tshelang malatsi a gagwe otlhe [bogodi jo bo sa felelang]: gonne ngwana o tla swa a le dingwaga di le lekgolo [mo metlheng e batho ba neng ba tshela dingwaga di le makgolo a robongwe, bana ba ka nna dingwaga di le lekgolo]; mme moleofi a le dingwaga di le lekgolo [mo dingwageng tsa morago tsa botshelo jwa dingwaga di le lekgolo] o tla nna yo o hutsitsweng. [Ba ba swang ka nako e lefatshe le lesha le tliswang ka yone ke ba ba timang mo tshenyegong ya ‘botlhe ba ba senang boModimo’. 2 Petere 3:7.] Mme ba tla aga matlo, ba nne mo go one; ba tla jala masimo a morara, ba je maungo a one. Ga ba na go aga, mme yo mongwe a nne mo go one; ga ba na go jala, mme yo mongwe a je: gonne jaaka malatsi a setlhare [setlhare sa botshelo, mo go Septuaginta] e le malatsi a batho ba me, le ba ke ba tlhophileng ba tla itumelela tiro ya diatla tsa bone lobaka lo loleele.”60

GSAM 53.1Esekiele o leba kwa pele mo nakong e telele go fitlha kwa tsogong ya baswi. Ka ene Morena a re, “Bonang, lona batho ba me, ke tla bula mabitla a lona, mme ke lo tsosa mo mabitleng a lona, ke lo busetse mo lefatsheng la Iseraele.”61

GSAM 53“O Rwetse Matshwenyego a Rona”

GSAM 53.2Go Isaia, moporofiti wa efangele, go ne ga senolwa ka botlalo go feta teko, dipogisego, le loso lwa Mmoloki mo boemong jwa batho. “Ke mang,” go bua jalo moporofiti, “yo o dumetseng pego ya rona? mme letsogo la Morena le senotswe go mang? Gonne o tla gola fa pele ga gagwe jaaka setlhatshana se se bokoa, le jaaka modi o o tswang mo mmung o o omeletseng: ga a na popego kgotsa bontle jo bo kgatlhisang; mme fa re mmona, ga go na bontle jo re ka mo eletse ka jone. O nyatsegile e bile o latlhilwe ke batho; monna wa kutlobotlhoko, yo o tlwaelaneng le khutsafalo: mme re ne ra fitlha difatlhego tsa rona mo go ene jaaka e ka re; o ne a nyatsegile, mme ga re a ka ra mo tsaya tsia. Ruri o rwele khutsafalo ya rona, a rwala maswabi a rona: le fa go ntse jalo, rona re ne re mo tsaya a le otlhaelwa, a iteisitswe ke Modimo, a bile a tlhokofaditswe. Mme o ne a gobadiwa ka ntlha ya ditlolo tsa rona, a thubiwa ka ntlha ya boleo jwa rona: kotlhao ya kagiso ya rona e ne e le mo go ene; mme ka dintho tsa gagwe re fodisitswe.”62

GSAM 53.3A ditiragalo tse di molemo go le kalo di ka diragala mo metlheng ya me? batho, mmogo le moporofiti, ba ka tswa ba ne ba botsa. Karabo e ka bo e le gore, Ga di kitla di diragala jaanong; nako ga e ise e goroge ya go tla ga Mmoloki yo mogolo yo; mme moporofiti a re, “Matlho a gago a tla bona Kgosi mo bontleng jwa yone; a tla bona lefatshe le le kwa kgakala thata.”63

GSAM 54Dibolelelapele tsa Daniele di Senola Isagwe

GSAM 54.1Le fa go ntse jalo, e ne e le ka moporofiti Daniele fa Morena a simolotse go ruta batho ba gagwe ka ga bogosi jo bo latelanang jo bo neng bo tshwanetse go tsoga le go busa go fitlha go tlhomamisiwa ga bogosi jwa gagwe jo bo sa khutleng; le go senola nako e e kgethegileng, go tswa mo tiragalong e e neng e ise e diragale, go fitlha mo go bonagaleng ga mmatota le go kgaolwa ga ga Mesia. Tlhaloso ya toro ya ga Nebukadenesere e ne ya senola gore mebuso e mene e e neng e tla busa lefatshe e ne e tla fokotsega ka maatla le bogolo go ya ka fa boleng jwa gauta, selefera, kgotlho le tshipi bo neng bo fokotsega ka teng; le gore kwa bofelong seemo se se thubegileng, se se sa kopanang sa mebuso se ne se tla tshwana le bokoa jwa tshipi e e tswakantsweng le seretse se se kitlaneng. Go ne go tla latela bogosi jwa legodimo jo bo neng bo tla latela go fokotsega ga mebuso eo e e neng e tla nna jaaka matlakala a lothobye lwa selemo, gore go se ka ga bonwa lefelo la yone, fa bogosi jwa Modimo bo tla tlatsa lefatshe lotlhe.

GSAM 54.2Go tswa foo, mo ponong ya kgaolo ya bosupa, ka fa tlase ga ditshwantshetso tsa diphologolo tse nne tse dikgolo, go boeletswa gape kgang e e tshwanang, mme go supiwa dintlha tse dingwe tsa bogosi jono. Mo kgaolong eno go latelwa tsela le tiro ya maatla a “lonaka lo lonnye” a a neng a tshwanetse go tlhaga, morago ga go kgaoganngwa ga bogosi jwa bone ka dikarolo di le lesome, a digela kgotsa a gapa di le tharo tsa tsone go itlhomamisa jaaka mookamedi wa semoya wa tsone tsotlhe. Maatla ano a bopapa a tla tswelela mo seemong se se kgaogantsweng le se se bokoa sa bogosi jwa bone, tota ka dingwaga di le 1260. Ka jalo go ne ga senolwa ditiragalo tse di fitlhang go fitlha ka nako e Keresete a amogelang bogosi go tswa go Rraagwe, mme a bo neela baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jo bo tla felelang bo busa lefatshe lotlhe, mme bo tla nna go ya go ile.

GSAM 55Malatsi a Dikete di le Pedi le Makgolo a Mararo

GSAM 55.1Mo kgaolong ya borobabobedi ya Daniele, ka fa tlase ga ponatshegelo ya nku ya tonanyana, pudi, le “lonaka lo lonnye lo lo neng lwa gola thata,” moporofiti o boela gape a isiwa kwa bokhutlong jwa dinako. Mo ditemaneng 13 le 14 tlhokomelo ya gagwe e gogediwa kwa nakong nngwe—malatsi a le 2300—e e fitlhang kwa katlholong. E ne e le lobaka lo loleele lwa nako, mme ka jalo moporofiti o ne a go tlhaloganya; gonne moengele o ne a mmolelela gore ponatshego e ne e santse e le ya malatsi a le mantsi. Go fitlha ka nako eo go ne go ise go nne le letlha le le filweng la tshimologo ya malatsi, mme ka jalo o konosetsa kgaolo ka go re, “Ke ne ka gakgamadiwa ke ponatshego; mme ga go ope yo o e tlhalogantseng.”

GSAM 55Dibeke di le Masome a Supa go ya go Mesia

GSAM 55.2Kgaolo ya borobongwe e bua ka ga moengele yo o tlang kwa go Daniele, a araba kopo ya gagwe, go mo naya botswerere le tlhaloganyo. O mo itsisitse ka ga nako ya dibeke di le masome a supa. Dibeke di le masome a marataro le borobabongwe tse tsa dingwaga [jaaka go bolelwa, ke bokao jwa lefoko shevooim, le le ranoleletsweng “dibeke”] di ne di tla fitlha kwa go Mesia. Ntlha e nako eno e neng e tshwanetse go simolola kwa go yone, “taelo ya go tsosolosa le go aga Jerusalema,” e ne e ise e fiwe. Go tsoga potso ya gore, Daniele o ne a ka itse jang gore dibeke di le masome a marataro le borobabongwe di tla fela kae? Mo kgaolong ya bo lesome le bobedi, potso ya nako e sekasekwa gape, mme mo potsolotsong ya gagwe ya gore, “Bokhutlo jwa dilo tse ke eng?” o bolelelwa gore a tsamaye, ka gonne mafoko a “tswetswe e bile a sireleditswe go fitlha ka nako ya bofelo,” fa “batlhale ba tla tlhaloganya.”

GSAM 55.3Kwantle ga pelaelo potso e ya nako ke nngwe ya dikai tse moaposetoloi Petere a di umakang fa a re, “Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng? Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.”64

GSAM 56Isagwe ya Baikepi

GSAM 56.1Malakia, wa bofelo wa baporofiti ba Tesetamente ya Kgale, o tlogela tlhaloso e e kgatlhang ya tshenyego ya bofelo ya baikepi: “Bonang, letsatsi le a tla, le le tla tukang jaaka onto; mme baikgogomosi botlhe, ee, le botlhe ba ba dirang bosula, ba tla nna jaaka matlhaka; mme letsatsi le le tlang le tla ba fisa, go bua Morena wa masomosomo, mo e leng gore ga le tlogele mo go bone modu le fa e le kalana. Mme lona ba le boifa leina la me, letsatsi la tshiamo le tla tlhaba, le na le phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tla tswela kwa ntle, lo gole jaaka dinamane tsa lesaka. Mme lo tla gataka baikepi; gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dikgato tsa dinao tsa lona mo letsatsing le ke tla dirang seno, go bua Morena wa masomosomo.”65

GSAM 56.2Ka dintlha tsotlhe tse di kwadilweng mo Tesetamenteng ya Kgale tse di neng di le mo diatleng tsa Baiseraele, di ba senolela dintlha di le dintsi tsa leano la poloko, kgatlhego ya baithuti ba ba tlhaga ba lefoko e tshwanetse ya bo e ne e le kgolo go le kae fa ba ne ba bona le go lemoga gore ba atamela nako e Peo e e solofeditsweng e neng e tla tla ka yone. Le fa boidiidi jwa batho, le gone le ba ba neng ba bala Dikwalo mo diphuthegong tsa Sejuta ka Sabatha nngwe le nngwe, ba paletswe ke go tlhaloganya lefoko (Ditiro 13:27), ba ba neng ba ikanyega, ba ba ratang go ithuta, ba ba neng ba batlisisa Dikwalo ka boikanyego ka fa tlase ga kaelo ya Mowa, kwantle ga pelaelo ba ne ba rapela ka tlhoafalo, fela jaaka moaposetoloi Johane a dirile mo motlheng ono, “Tla, Morena Jesu, tla ka bonako.”

Dintlha tsa kwa tlase ga tsebe

  1. Diane 13:12. ↩
  2. Hagai 2:6, 7. ↩
  3. Bahebera 12:26-28. ↩
  4. Isaia 28:13. ↩
  5. Diane 4:18. ↩
  6. Genesise 4:1. ↩
  7. Bahebera 11:4. ↩
  8. Genesise 4:25. ↩
  9. Genesise 5:29. ↩
  10. Genesise 9:1; 10:9, 10. ↩
  11. Genesise 13:15-17. ↩
  12. Bahebera 11:8. ↩
  13. Bahebera 11:10. ↩
  14. Genesise 15:13-15. ↩
  15. Bahebera 11:19. ↩
  16. Bagalatia 3:16. ↩
  17. Bagalatia 3:8. ↩
  18. Genesise 26:3-5. ↩
  19. Genesise 28:13. ↩
  20. Genesise 49:10. ↩
  21. Ekesodo 1:8; Ditiro 7:18. ↩
  22. Bahebera 11:23. ↩
  23. Bona Antiquities of the Jews ya ga Josephus, Buka 2, kgaolo 9, ser. 7; The Spirit of Prophecy, bolumo 1, ditsebe 165, 166. ↩
  24. Ditiro 7:25. ↩
  25. Dipalo 24:17. ↩
  26. Bahebera 11:12, 13. ↩
  27. Dipalo 14:21. ↩
  28. Habakuku 2:14. ↩
  29. Ekesodo 25:40; 26:30; 27:8; Ditiro 7:44. ↩
  30. Bahebera 8:3-5; 9:8-12. ↩
  31. Bahebera 10:1. ↩
  32. Ditiro 13:19, 20. ↩
  33. Duteronome 4:6, 7. ↩
  34. 1 Samuele 8:7. ↩
  35. 1 Samuele 8:5. ↩
  36. 1 Samuele 8:19, 20. ↩
  37. Hosea 13:9-11. ↩
  38. Esekiele 21:25-27. ↩
  39. Mika 4:8. ↩
  40. Pesalome 89:27-29, 36, 37. ↩
  41. Isaia 9:6, 7. ↩
  42. Genesise 5:24. ↩
  43. Bahebera 11:5. ↩
  44. 2 Dikgosi 2:11, 12. ↩
  45. Juda 14, 15. ↩
  46. Jobe 19:23-27. ↩
  47. 1 Ditiragalo 29:23. ↩
  48. Ditiro 2:30, 31. ↩
  49. Pesalome 2:2-7. ↩
  50. Pesalome 110:1. ↩
  51. Isaia 7:14. ↩
  52. Mathaio 22:42-45; Pesalome 110:1. ↩
  53. Bahebera 1:8, 9. ↩
  54. Mika 5:2. ↩
  55. 1 Dikgosi 8:10, 11. ↩
  56. 2 Ditiragalo 7:12. ↩
  57. Hagai 2:9. ↩
  58. Isaia 11:1-4. ↩
  59. Isaia 25:6-9. ↩
  60. Isaia 65:17-22. ↩
  61. Esekiele 37:12. ↩
  62. Isaia 53:1-5. ↩
  63. Isaia 33:17. ↩
  64. 1 Petere 1:10, 11. ↩
  65. Malakia 4:1-3. ↩

Ntlha ya kwa tlase ga tsebe

Boela kwa morago